Nahume 1 - Setswana 19701 Polelelopele ya petso ka ga Ninife. Lokwalo lwa pono ya ga Nahume wa kwa Elekoše. Morena o betsa baba, o thusa ba ba mo ikanyang 2 Morena ke Modimo o o lefufa o o busolosang; Morena o a busolosa, ke ene Rrabogale-jo-bo-tukang. Morena o ipusolosetsa mo baganetsing ba gagwe; o bolokela baba ba gagwe bogale. 3 Morena o pelotelele, mme o na le thata e kgolo; ruri, ga a leseletsa moleofi ope, a sa mmetse. Ke Morena yo tsela ya gagwe e leng mo phefong le mo ledimong, yo maru e leng dithole tsa dinao tsa gagwe. 4 O kgalemela lewatle, a le tšhese, dinoka tsotlhe a di kgadise; Basane le Karemele di swabe, le sethunya sa Lebanone se swabe. 5 Dithaba di roroma fa pele ga gagwe, dithabana di a gakologa; lefatshe le tshikinyega fa pele ga sefatlhego sa gagwe, ee, lefatshe le botlhe ba ba agileng mo go lone. 6 Ke mang yo o ka emang fa pele ga kgakalo ya gagwe? Ke mang yo o ka phelang mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang? Kgalefo ya gagwe e tsholelwa jaaka molelo; mafika a phatloga fa pele ga gagwe. 7 Morena ke yo o molemo, ke botshabelo mo letsatsing la tlalelo; o itse ba ba mo ikanyang. 8 O tla nyeletsa felo ga teng ka morwalela wa metsi o o penologang, a ba a latelela baba ba gagwe kwa lefifing. 9 Lo logile maano afe a go lwa le Morena? Ene o tla nyeletsa. Tlalelo ga e kitla e tla lwa bobedi. 10 Le fa ba tshwana le mitlwa e e raraanyeng, le fa ba le metsi jaaka seno sa bona: Ba tla šwa gotlhe jaaka dirite tse di omeletseng. 11 Mongwe o dule mo go wena Ninife, yo o neng a akantse bosula ka ga Morena, a loga maano a a senyang. 12 Morena o bua jaana a re: “Le fa ba itekanetse, le fa e le ba bantsi jang, ba tla remiwa, ba nyelela fela jalo! Le fa ke ne ka go kokobetsa, ga nkitla ke tlhola ke go kokobetsa gape. 13 Mme jaanong ke tla roba joko ya gagwe, ke e tlosa mo go wena; ke kgaola dikgole tse ò golegilweng ka tsona.” 14 Mme Morena o tla laola ka ga gago gore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.” 15 Bonang maoto a yo o bolelang tse di molemo mo dithabeng, yo o utlwatsang kagiso! Dira meletlo ya gago, Juta, dirafatsa maikano a gago; gonne mosenyi ga a kitla a tlhola a ralala naga ya gago gape; o nyeleditswe gotlhegotlhe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa