Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 9 - Setswana 1970

1 Gonne tsotlhe tseo ke di etse tlhoko gore ke lemoge tsotlhe, ka bona fa basiami le batlhalefi ba le mo seatleng sa Modimo mmogo le ditiro tsa bone. Le fa e le lorato gongwe letlhoo, motho ga a itse dilo dipe tse di kwa pele ga gagwe.

2 Dilo tsotlhe di tshwana mo go botlhe. Tlalelo ya loso e wela mosiami le moikepi, yo o molemo le yo o bosula, yo o itshekileng le yo o itshekologileng, yo o dirang setlhabelo le yo o sa direng setlhabelo; e wela yo o dirang molemo jaaka yo o leofang, yo o ikanang jaaka yo o tshabang go ikana.

3 Seo ke se se botlhoko thata mo go tsotlhe tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi, fa tatlhego e wela botlhe ka go tshwana. Le gona pelo tsa batho di tletse bosula; bosilo bo mo dipelong tsa bone ka malatsi aotlhe a maphelo a bone, mme morago ga moo go iwa kwa baswing.

4 Gonne fa motho a sa ntse a na le botlhe ba ba phelang, o na le tsholofelo. Kana ntšwa e e phelang e phala tau e e suleng.

5 Gonne ba ba phelang ba itse gore ba tla swa. Mme ba ba suleng ga ba itse sepe; ga ba tlhole ba na le tuelo, gonne go ba gopola go lebetswe.

6 Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone ga di bolo go nyelela. Ga ba tlhole ba na le kabelo mo go tsotlhe tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi ka bosakhutleng.

7 Yaa o je dijo tsa gago ka boitumelo, o nwe weine ya gago ka pelo e e thabileng; gonne Modimo ga o bolo go kgatlhwa ke ditiro tsa gago.

8 Diaparo tsa gago a e nne tse ditshweu ka metlha yotlhe; a tlhogo ya gago e se ka ya tlhoka setlolo.

9 Phela ka boitumelo le mosadi yo o mo ratang ka malatsi otlhe a bophelonyana jwa gago, jo Modimo o bo go neileng fa tlase ga letsatsi ka malatsi otlhe a makhutshwane a gago. Gonne ke yona kabelo ya gago mo bophelong le mo matsapeng a gago a o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi.

10 Tsotlhe tse seatla sa gago se di fitlhelang go ka di dira di dire ka thata ya gago. Gonne tiro le kakanyo le kitso le botlhale ga di yo kwa felong ga baswi kwa o yang teng.

11 Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore yo o siang ga se yo o lobelo; phenyo ga se ya mogale; le gona dijo ga se tsa batlhalefi; e bile khumo ga se ya ba ba nang le tlhaloganyo; le gona ga go ratwe ba ba nang le kitso. Gonne sebaka le tse di ba tlelang di ba dirafalela botlhe.

12 Gonne motho le ene ga a itse sebaka sa gagwe, jaaka ditlhapi fa di tshwarwa ka letloa le le bosula le jaaka dinonyane fa di thaisiwa ka serai. – Batho ba golegwa jaaka tsona ka nako ya tatlhego, fa e ba wela ka tshoganyetso.


Dikakanyo ka ga botlhale le bosilo

13 Le gona ke bonye sekao sa botlhale fa tlase ga letsatsi, ka fitlhela e le se segolo:

14 Go ne go le motsana le banna ba se kae fela mo go ona. Ga tla kgosi e kgolo, ya o tlhasela, ya o dikanyetsa ka ntwa, ya o agela dikago tse dikgolo tsa tlhaselo.

15 Ga bonwa monna wa mohumanegi yo o botlhale mo go ona, ene a pholosa motse ka botlhale jwa gagwe. Mme go ne go se na motho ope yo o gopolang monna yoo wa mohumanegi.

16 Ka ba ka re: “Botlhale bo gaisa boganka.” Mme botlhale jwa mohumanegi bo a nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a tsewe tsia.

17 Mafoko a batlhalefi a a utlwiwang ka iketlo a phala mokgosi wa yo o busang masilo.

18 Botlhale bo gaisa dibolai tsa ntwa, mme moleofi a le mongwe fela o senya tse di molemo tse dintsi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan