Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 8 - Setswana 1970

1 Ke mang yo o tshwanang le motlhalefi? Ke mang yo o itseng tlhaloso ya dilo? Botlhale jwa motho bo sedimosa sefatlhego sa gagwe gore matepe a sefatlhego sa gagwe a fetoge.


Utlwang kgosi

2 Utlwa lefoko la kgosi; fa o na le go ikana ka Modimo,

3 se itlhaganele; tloga fa pele ga yona; se tsene mo kgannye e e bosula; gonne kgosi e dira tsotlhe tse e di ratang.

4 Ka gonne lefoko la kgosi le na le thata. Ke mang yo o ka e rayang a re: “O dirang?”

5 Yo o tshegetsang taolo ga a nke a dirafalelwa ke se se bosula, mme pelo ya motlhalefi e tla bona sebaka sa tshekiso.

6 Gonne selo sengwe le sengwe se na le sebaka sa sona le molao wa sona; gonne bosula jwa motho bo mo imela thata.

7 Gonne motho ga a itse se se tla dirafalang. Mme ke mang yo o ka mo itsiseng gore se tla nna jang?

8 Ga go na motho yo o nang le thata mo phefong go ka e thibela; ga go na yo o laolang letsatsi la loso; ga go na go ya gae mo nakong ya ntwa. Boikepo ga bo ka ke jwa pholosa mong wa jona.


Ka ga moikepi le mosiami

9 Tsotlhe tseo ke di bonye, ka lebisa pelo ya me mo ditirong tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi, mo metlheng e motho o busang motho yo mongwe ka yona go mo direla bosula.

10 Le gona ka bona baikepi ba fitlhwa ka tlotlo, ba tsena boikhutsong, mme ba ba dirileng ka tshiamo ba na le go tlogela felo ga boitshepo le go lebalwa mo motseng. Le tseo di a mpalela.

11 E a re ka kotlo e e atlholetsweng tiro e e bosula e sa dirafale ka pele, ka moo dipelo tsa batho di tlale maikaelelo a go dira bosula.

12 Motho o a tle a leofe, a dire bosula ga lekgolo, a ba a phele sebaka se seleele – fela nna ke itse gore ba ba boifang Modimo, ba ba tshabang sefatlhego sa ona ke bone ba ba tla phelang sentle.

13 Moikepi ga a nke a dirafalelwa ke tse di molemo le e seng go leelefatsa malatsi a gagwe jaaka moriti, gonne ga a boife Modimo.

14 Go na le boithamako jo bongwe jo bo dirafalang mo lefatsheng: Kana go na le basiami ba ba dirafalelwang ke tse di tshwanetseng ditiro tsa baikepi; le gona go na le baikepi ba ba dirafalelwang ke tse di tshwanetseng ditiro tsa basiami. Ka re, le tseo di a mpalela.

15 Ka ba ka boka boitumelo. Gonne motho ga a na tse di molemo dipe fa tlase ga letsatsi fa e se go ja le go nwa le go itumela. Tsona tseo a di mo lapolose mo tapisegong ya gagwe ka malatsi a bophelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng fa tlase ga letsatsi.

16 E rile ke batla ka pelo gore ke tle ke itse botlhale, ke tlhokomele dilo tse di dirafalang mo lefatsheng – matlho a motho ga a bone boroko bosigo le motshegare –

17 ka leba ditiro tsotlhe tsa Modimo, ka bona fa motho a sa kgone go di tlhotlhomisa, e leng ditiro tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi. Gonne le fa motho a itapisa go batla, ga a di lemoge. Le fa motlhalefi a re, ke a itse, ga a kgone go di tlhotlhomisa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan