Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 7 - Setswana 1970


Dikakanyo ka ga botshelo

1 Leina le lentle le phala lookwane lo lo molemo; letsatsi la go swa le gaisa la go tsalwa.

2 Go ya kwa lapeng la moletlo go phalwa ke go ya kwa lapeng la khutsafalo; ka gonne sona seo ke bokhutlo jwa batho botlhe, mme yo o phelang a a se tshole ka pelo!

3 Tshwenyego e gaisa setshego; gonne fa sefatlhego se lela, pelo e rutega sentle.

4 Dipelo tsa batlhalefi di mo ntlong ya khutsafalo, mme dipelo tsa masilo di mo ntlong ya boitumelo.

5 Go utlwa kgalemelo ya motlhalefi go gaisa go utlwa sefela sa dieleele.

6 Gonne setshego sa lesilo se tshwana le go thanthanyega ga mitlwa ka fa tlase ga pitsa. Le seo ke boithamako fela.

7 Go huma ka go patika go silofatsa motlhalefi, thelesetso ya phaposo le yona e senya pelo.

8 Bokhutlo jwa selo bo gaisa tshimologo ya sona; yo o pelotelele o phala yo o ikgodisang.

9 Se potlake mo moweng wa gago go ngala; gonne ngalo e nna mo pelong tsa masilo.

10 Se re: “Ke eng, fa malatsi a gompieno a phalwa ke a bogologolo?” Gonne potso eo ga se ya botlhale.

11 Botlhale bo molemo fela jaaka boswa; bo thusa ba ba bonang letsatsi.

12 Gonne botlhale bo a femela le selefera e a femela, mme thuso ya kitso ke ya go re: Botlhale bo phedisa mong wa jona.

13 Leba tiro ya Modimo! Gonne ke mang yo o ka tlhamalatsang se Modimo o se sokamisitseng?

14 Itumele ka letsatsi la letlhogonolo, mme ka letsatsi la botlhoko o akanye gore le lone Modimo o le dirile fela jaaka lele; ke ka moo motho a sa itseng sepe se se tla tlang sehularong sa gagwe.

15 Ke bonye tsotlhe mo malatsing a me a boithamako ke tse: Go na le mosiami yo o latlhegang, le fa a ntse a siame; gape go na le moikepi yo o phelang malatsi a mantsi, le fa a ntse a le bosula.

16 O se ka wa siama thata thata! O se ka wa itshupa o le botlhale go feta botlhe! O tla bo o itshenyetsang?

17 O se ka wa ikepa thata thata! O se ka wa nna seeleele! O tla bo o swelang ka nako e e seng ya gago!

18 Go molemo, fa o tshwara se, mme le sele o se ka wa tlosa seatla mo go sona. Gonne yo o boifang Modimo o falola mo go tsotlhe tseo.

19 Botlhale bo tiisa motlhalefi bogolo go balaodi ba le some ba ba mo motseng.

20 Gonne ga go na motho ope mo lefatsheng yo o siameng, yo o dirang molemo, a sa leofe.

21 Le gona o se ka wa tlhokomela mafoko otlhe a a buiwang, e se re gongwe wa utlwa motlhanka wa gago a go rogaka.

22 Gonne le pelo ya gago e a itse gore le wena o rogakile ba bangwe gantsi.

23 Tsotlhe tseo ke di lekile ka botlhale ka re, ke rata go tlhalefa. Mme go ne ga nna kgakala le nna.

24 Tse di leng teng di kgakala, di botengteng. Ke mang yo o ka di tlhotlhomisang?

25 Jaanong ka retolola pelo ya me go batla kitso le go fukutsa le go batla botlhale le temogo gore ke tle ke itse boikepo, fa e le bosilo, le bosilo, fa e le botsenwa.

26 Ka bona se se galakang bogolo go loso, e bong mosadi yo e leng letloa, yo pelo ya gagwe e leng thaelo, yo mabogo a gagwe e leng dikgole. Yo o molemo fa pele ga Modimo o tla falola mo go ene, mme moleofi o tla tshwarwa ke ene.

27 Moreri a re: “Bonang, ke se ke se bonyeng ka go bapisa sengwe le se sengwe gore ke tle ke lemoge ka fa dilo tsotlhe di ntseng ka teng.”

28 Se ke sa ntseng ke se batla, se ke iseng ke se bone, ke se: Mo bathong ba le sekete ke bonye monna wa nnete a le mongwe, mme mosadi wa nnete ga ke a mmona mo go botlhe bao.

29 Fela bonang, se ke se lemogileng ke go re: Modimo o dirile batho e le ba nnete, mme bone ba logile maano a mantsi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan