Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 6 - Setswana 1970

1 Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi jo bo imelang batho thata:

2 Ke fa Modimo o naya motho khumo le dithuo le tlotlo mo a sa tlhokeng sepe sa tsotlhe tse a di eletsang, mme Modimo o sa mo dumelele go ka di ja; mme motho yo mongwe a di ja. Selo seo ke boithamako le botlhoko jo bo galakang.

3 Fa monna a ka tsala bana ba le lekgolo, a phela dinyaga tse dintsi, malatsi a dinyaga tsa gagwe a ba a nna mantsi, mme ene a se ka a kgona go kgorisa pelo ya gagwe ka tse di molemo, le gona a se ka a bona phitlho ya tlotlo – nna nka re: Phetelo e tlhogonolo bogolo go ene;

4 gonne yona e tla e se ya sepe e be e tloge mo lefifing; mme leina la yona le khurumediwe ke lefifi.

5 Le gona ga e a ka ya bona letsatsi le e seng go le itse; mme e na le boikhutso bogolo go yole.

6 Le fa a ka phela dinyaga di le dikete tse pedi, fa a sa phela monate – ke boithamako fela. A ga ke re, dilo tsotlhe di tla ya kwa felong go le gongwe?

7 Motho o itapisetsa molomo wa gagwe ka matsapa otlhe; le fa go ntse jalo, keletso ga e fele.

8 Kana motlhalefi o na le eng se a phalang lesilo ka sona? Mohumi o na le eng se a gaisang mohumanegi ka sona, ka le ene a itse go phela sentle mo gare ga baphedi?

9 Go itumelela se o se bonyeng go gaisa go kgarakgatshega ka keletso. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.

10 Tse di leng teng ga di bolo go bidiwa ka maina a tsona; go itsilwe gore motho o tla nna jang; ga a na go ganela le ona o o thata bogolo go ene.

11 Go na le mafoko a mantsi a a atisang boithamako. A thusa motho eng?

12 Gonne ke mang yo o itseng tse di molemo mo mothong ka malatsi a a badilweng a bophelo jwa boithamako jwa gagwe, jo a bo fetisang jaaka moriti; gape ke mang yo o ka itsiseng motho se se tla dirafalang sehularong sa gagwe fa tlase ga letsatsi?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan