Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 4 - Setswana 1970

1 Ka boa ka bona dikgatelelo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka bona dikeledi tsa ba ba gateletsweng, mme ba se na mogomotsi. Bagateledi ba bone ba ne ba le thata, mme bone ba se na yo o ka ba gomotsang.

2 Ka ba ka re: “Baswi ba ba sa bolong go swa ba tlhogonolo bogolo go baphedi ba ba sa ntseng ba phela.

3 Mme yo o tlhogonolo go ba phala ka bobedi jwa bona ke yo o iseng a nne teng; yo o iseng a bone ditiro tse di bosula tse di dirwang fa tlase ga letsatsi.”

4 Ka ba ka lemoga gore matsapa otlhe le botswerere jotlhe mo tirong di tswa mo lefufeng la motho yo o fufegelang mongwe-ka-ene. Ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro.”

5 Lesilo le ikgonara mabogo, le ije nama.

6 Seatla se se tletseng boikhutso se gaisa diatla tse pedi tse di tletseng tapisego le go tshwara lephoro.

7 Ka ba ka bona boithamako gape fa tlase ga letsatsi;

8 Go na le mongwe a le esi a se na yo mongwe; le gona ga a na morwawe le fa e le morwa-rraagwe. Mme matsapa otlhe a gagwe ga a fele; matlho a gagwe ga a kgore khumo. Ga a akanye gore, ke itapisetsa mang, fa ke itima tse di monate? Le selo se ke boithamako fela le tshwenyego e e botlhoko.

9 Ba le babedi ba phala a le mongwe, gonne ba bona tuelo e e molemo ka matsapa a bone;

10 gonne fa ba wa, mongwe o tla tsosa molekane wa gagwe. Mme a tatlhego ya gagwe wee yo o wang, a se na yo mongwe yo o ka mo tsosang!

11 Le gona fa ba le babedi ba robala mmogo ba a thuthafala. Mme a le mongwe a ka thuthafala jang?

12 Le fa a le mongwe a ka fenngwa, ba le babedi ba tla thusanya. Lodi lwa ditlhale tse tharo ga lo kgaoge ka pele.

13 Lekau le le humanegileng, fa le le botlhale, le phala kgosi e e tsofetseng e e bosilo e e sa tlholeng e dumela go gakololwa.

14 Ee, le tla tswa mo ntlong ya kgolegelo go nna kgosi, le fa le tsetswe e le mohumanegi mo pusong ya kgosi ele.

15 Ka bona baphedi botlhe ba ba sepelang fa tlase ga letsatsi ba na le lekau lele le le tla emang mo boemong jwa kgosi ele;

16 go le bontsi jo bo sa balweng jwa morafe otlhe, jwa botlhe ba le ba eteletseng pele. Fela ba metlha e e tlang ga ba ka ke ba le itumelela. Kana le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan