Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 3 - Setswana 1970


Sengwe le sengwe se na le sebaka sa sona se se beilweng ke Modimo

1 Sengwe le sengwe se na le nako ya sona. Maikaelelo mangwe le mangwe a na le sebaka sa ona fa tlase ga legodimo.

2 Go na le sebaka sa go tsalwa le sebaka sa go swa; sebaka sa go tlhoma le sebaka sa go kumola tse di tlhomilweng;

3 sebaka sa go bolaya le sebaka sa go alafa; sebaka sa go rutla le sebaka sa go aga;

4 sebaka sa go lela le sebaka sa go tshega; sebaka sa go hutsafala le sebaka sa go bina;

5 sebaka sa go latlha matlapa le sebaka sa go phutha matlapa; sebaka sa go tlamparela le sebaka sa go katogana le go tlamparela;

6 sebaka sa go batla le sebaka sa go latlhegelwa; sebaka sa go boloka le sebaka sa go latlha;

7 sebaka sa go gagola le sebaka sa go roka; sebaka sa go didimala le sebaka sa go bua;

8 sebaka sa go rata le sebaka sa go tlhoa; sebaka sa ntwa le sebaka sa kagiso.

9 Tse modiri o itapisang ka tsona di mo thusa eng?

10 Ke bonye tshwenyego e Modimo o e neetseng bomorwa-batho gore ba itapise ka yona.

11 O dirile sengwe le sengwe sentle ka nako ya sona. Le gona o tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa bone. Fela batho ga ba kgone go lemoga tiro e Modimo o e dirang go tswa tshimologong go ya bokhutlong.

12 Ke a itse gore ga go na tse di ba siametseng sentle, fa e se go itumela le go dira tse di molemo mo maphelong a bone.

13 Le gona motho mongwe le mongwe, fa a ja, a nwa, a ja monate mo tapisegong yotlhe ya gagwe, ke neo ya Modimo.

14 Ke a itse gore tsotlhe tse Modimo o di dirang di tla nna ka bosakhutleng. Ga di ka ke tsa okediwa le e seng go fokodiwa. Mme Modimo o dirile jalo gore batho ba tle ba o boife.

15 Tse di leng teng ga di bolo go nna teng; tse di tla nnang teng di tla bo di kile tsa nna teng. Modimo o tla tsosa tse di fetileng.


Mo lefatsheng go na le tshiamololo

16 Le gona fa tlase ga legodimo ke bonye boikepo bo le mo felong ga tshiamo le tshiamololo e le mo felong ga molao.

17 Ka ba ka gopola mo pelong ka re: “Modimo o tla atlhola mosiami le moikepi; gonne maikaelelo mangwe le mangwe le tiro nngwe le nngwe di na le sebaka sa tsona.”

18 Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Ke ka ntlha ya bomorwa-batho gore Modimo o tle o ba leke, mme bone ba ipone, fa bone e le diphologolo ka fa ba ntseng ka teng.”

19 Gonne tse di dirafalelang bana ba batho di dirafalela le diphologolo. Tatlhego ya bone e tshwana fela le ya tsone: Ba swa jaaka di swa. Mowa wa bophelo o le mongwe o mo go bone le mo go tsone. Ga go na sepe se motho o gaisang diphologolo ka sona. Gonne tsotlhe ke boithamako fela.

20 Dilo tsotlhe di ya mo felong go le gongwe; tsotlhe di tswa mo leroleng, tsotlhe di boela mo leroleng.

21 Ke mang yo o itseng gore mewa ya bana ba batho e tlhatlogela kwa godimo le gore mewa ya diphologolo e fologela kwa tlase mo lefatsheng?

22 Ke lemogile gore ga go na lesego lepe le le phalang la motho yo o itumelelang ditiro tsa gagwe; gonne ke yona kabelo ya gagwe. Gonne ke mang yo o ka mo isang kwa o tla itumelelang teng tse di tla dirafalang morago ga gagwe?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan