Moreri 12 - Setswana 19701 Gopola Mmopi wa gago o sa le mošwa go ise go tle malatsi a a bosula; go ise go atamele dinyaga tse o tla reng ka tsona: “Ga di nkgatlhe,” 2 go ise go fifale letsatsi le lesedi le ngwedi le dinaledi, le maru a ise a boe pula e sena go na; 3 go ise go tle letsatsi fa badisa ba ntlo ba tetesela; fa banna ba ba thata ba ikoba; fa basidi ba ikhutsa, ka ba le bannye fela; fa ba ba okomelang ka difenstere ba fifala, 4 fa go tswalwa mejako e e lebileng kwa mmileng; fa loratla lwa tshilo lo ditibala; fa molodi wa nonyane o didimala, fa dikopelo tsotlhe di sa tlhole di utlwala; 5 fa motsofe a tshaba mapalamo le ditherego tse di mo tseleng, fa mokgofa o thunya; fa tsie e totoba ; fa keletso ya go ja e tlhokafala. – Gonne motho o tla ya kwa ntlong ya gagwe e e sa khutleng; ba ba mo lelelang ba tla kgarakgatshega mo mmileng. – 6 Go ise go kgaolwe mogala wa selefera, le sejana sa gouta se ise se senyege le nkgwana e ise e thubege kwa motsweding le segelelo se ise se robegele mo sedibeng. 7 Lerole le tla boela mo lefatsheng jaaka le ne le ntse. Mme mowa o tla boela kwa Modimong, kwa o ne o tswa teng. 8 Moreri a re: “A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe di a fela!” Mafoko a kakaretso 9 Moreri yoo o ne a se botlhale fela; le gona o ne a ruta batho kitso, a akanya, a tlhotlhomisa, a tlhaba diane tse dintsi. 10 Moreri o ne a batla gore a bone mafoko a a natefang le go kwala mafoko a boammaaruri sentle. 11 Mafoko a batlhalefi a tshwana le mašwane. Diane tse di phuthilweng di tshwana le dimapo tse di kokotetsweng. Di tswa mo modiseng a le mongwe. 12 Le gona ngwanaka, nte ke go tlhagise! Go kwala dikwalo tse dintsi ga go khutle, mme go ithuta thata go lapisa mmele. 13 A re utlweng kakaretso ya mafoko otlhe! Ke e: Boifa Modimo, o tshegetse ditaolo tsa ona! Gonne seo se laetswe batho botlhe. 14 Gonne Modimo o tla isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe bosula. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa