Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 10 - Setswana 1970

1 Dintsi tse di suleng di nkgisa ditlhare tsa ngaka, di di bedisa; bosilo jo bobotlana bo senya botlhale le tlotlego jalo.

2 Pelo ya motlhalefi e lebile tse di siameng, pelo ya seeleele e lebile tse di sokameng.

3 Le mo tseleng, fa lesilo le eta, ga le na tlhaloganyo, le ipolelela botlhe le re, ke lesilo.

4 Fa bogale jwa mmusi bo go tsogela, se tlogele boemo jwa gago; gonne boikokobetso bo thibela dibe tse dikgolo.

5 Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi bo tshwana le phoso e e dirwang ke molaodi:

6 Lesilo le bewa mo mannong a tlotlo, mme bahumi ba nna kwa tlase.

7 Ke bonye balala ba palame dipitse, mme dikgosana di tsamaya ka dinao jaaka balala.

8 Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o phomang lobota noga e tla mo loma.

9 Yo o epololang mafika o tla ikhutla ka ona; yo o fatsang dikgong o tla ipolaya ka tsona.

10 Fa selepe se le boi, mme motho a sa se lootse, o tla rema makete; yo o botlhale o ithusa ka go se lootsa.

11 Fa noga e loma, go ise go upiwe, ga go thuse moupi sepe.

12 Mafoko a molomo wa motlhalefi a a kgatlhisa; mme molomo wa lesilo o senya mong wa ona.

13 Tshimologo ya mafoko a molomo wa lone ke boeleele; bokhutlo jwa puo ya lone ke botsenwa jo bo bosula.

14 Seeleele se buabua thata, mme motho ga a itse tse di tla dirafalang. Yo o ka mo itsiseng tse di tla dirafalang sehularong sa gagwe ke mang?

15 Matsapa a lesilo a a le lapisa, lone le le sa itseng go ya kwa motseng.

16 A tatlhego ya gago wee, wena lefatshe, fa kgosi ya gago e le mosimanyana; fa dikgosana tsa gago di tlhapelwa e sa le mosong!

17 O wa letlhogonolo, wena lefatshe, fa kgosi ya gago e le morwa batlotlegi; fa dikgosana tsa gago di ja ka nako e e tshwanetseng jaaka banna, e seng jaaka matagwa.

18 Ditlhomeso di bobela ka botlapa jwa mefutafuta; fa diatla di repile, dithulelo di a na.

19 Ba dira meletlo ya botlhapelwa; weine e thabisa ba ba phelang; go rekwa tsotlhe ka selefera.

20 Se roge kgosi le e seng ka pelo ya gago! Le mohumi o se mo roge o le mo ntlwaneng ya gago ya borobalo! Gonne dinonyane tsa legodimo di ka bolela mafoko a gago; tse di diphuka di ka utlwatsa dipolelo tsa gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan