Moreri 1 - Setswana 1970Lefelafela la dilo tsotlhe tsa lefatshe 1 Mafoko a Moreri morwa Dafita, kgosi ya kwa Jerusalema. 2 A boithamako jwa maithamako! Go bua Moreri. A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe ke tsa boithamako. 3 Matsapa otlhe a motho o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi a mo thusa eng? 4 Losika longwe lo a tloga, lo longwe lo a goroga; ke lefatshe fela le le tlhomameng ka bosakhutleng. 5 Letsatsi le a tlhaba, letsatsi le a phirima, le itlhaganelela kwa felong ga lone kwa le tla tlhabang teng gape. 6 Phefo e ya kwa borwa e be e retologela kwa bokone; e foka e ntse e dikologa-dikologa; phefo e be e boele gape kwa e neng e tswa teng. 7 Dinoka tsotlhe di elelela kwa lewatleng, mme lewatle ga le tlale; e bile dinoka di boela gape kwa di neng di tswa teng. 8 Dilo tsotlhe di na le matsapa a tsona; motho ga a kgone go tlhalosa. Leitlho ga le kgore go bona, le tsebe ga e tladiwe ke go utlwa. 9 Tse di kileng tsa nna teng di tla be di nne teng gape; tse di kileng tsa dirafala ke tsona tse di tla dirafalang gape. Ga go na sepe se sešwa fa tlase ga letsatsi. 10 A go na le sengwe se go ka tweng: “Bonang, se sešwa ke se”? Nnyaya! Kana se kile sa nna teng mo metlheng e e fetileng, rona re ise re nne teng. 11 Ba bogologolo ga ba tlhole ba gopolwa; mme ba metlha e e tlang le bone ba tla lebalwa ke ba ba tla ba latelang. Boitemogo jwa Moreri 12 Nna Moreri ke ne ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema. 13 Ke ne ke ikaeletse go lotolotsa le go tlhotlhomisa ka botlhale dilo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga legodimo. Ke tiro e e makete e Modimo o e neetseng batho gore ba itapise ka yona. 14 Ka bona ditiro tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako le go tshwara lephoro fela. 15 Tse di kgopameng ga di ka ke tsa tlhamaladiwa; tse di tlhokafalang ga di kgone go balwa. 16 Ke ne ka ithaya ka re: “Ruri, ke bonye botlhale jo bogolo, ka ba ka nna ka bo oketsa bogolo go botlhe ba ba neng ba busa mo Jerusalema pele ga me. Ee, pelo ya me ya bona botlhale jo bontsi le kitso e kgolo.” 17 Jaanong ya re ke ineela ka pelo go itse botlhale le go itse botsenwa le bosilo, ka lemoga gore le gona ke go tshwara lephoro fela. 18 Gonne botlhale jo bogolo bo na le tshwenyego e kgolo; gape yo o oketsang kitso o oketsa botlhoko. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa