Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 6 - Setswana 1970


Modimo o seka le Baiseraele ka ntlha ya go sa lebogeng le ka ntlha ya bosula jwa bone

1 A ko lo utlwe se Morena a se buang: Nanoga ò seke fa pele ga dithaba; a dithabana di reetse kodu ya gago!

2 Lona dithaba, utlwang kgang ya Morena, le lona metheo ya lefatshe e e sa fetogeng; gonne Morena o na le tsheko le morafe wa gagwe; o tla sekisanya le Iseraele.

3 “Wena morafe wa me, ke go dirile eng? Ke go lapisitse ka eng? Supa ka ga me!

4 Kana ke go ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka go rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše le Arone le Miriame gore ba go etelele pele!

5 Morafe wa me, a ko ò gakologelwe se Balake, kgosi ya Moabe, o neng a se ikaeletse le se Bileame, morwa Beore, o se mo arabileng le se se dirafetseng go tswa kwa Sitime go fitlha kwa Gilegala gore lo tle lo itse ditiro tse di siameng tsa Morena.”


Se Morena o se batlang

6 Ke tla kgatlhantsha Morena ka eng? Ke tla ikoba jang fa pele ga Modimo wa bogodimo? A nka mo kgatlhantsha ka ditlhabelo tsa phiso, ka dinamane tsa ngwaga?

7 A Morena o tla kgatlhwa ke diphelehu di le dikete gongwe dinoka tsa lookwane di le dikete tse? A nka ntsha morwaake yo mogolo ka ntlha ya tlolo ya me? Gongwe leungo la mmele wa me ka ntlha ya boleo jwa mowa wa me?

8 Wena motho, Morena o go itsisitse tse di leng molemo le tse a di batlang mo go wena: O batla gore ò dire tse di siameng, ò rate bopelotlhomogi, o tsamaya le Modimo wa gago ka boikokobetso!

9 Utlwang! Morena o tlhabela motse mokgosi! – Ke botlhale go boifa leina la gago. – Utlwang, lotso le phuthego ya motse.

10 “A nka lebala ntlo ya moikepi e e kgobokanyang mahumo a tshiamololo le selekanyo sa tsietso se se hutsitsweng?

11 Yo o nang le sekale se se tsietsang le ditshipi tse di lekanyang tse e seng tsona mo kgetsaneng, a nka mo kaya yo o phepa?

12 E re ka bahumi ba motse ba tletse kgatelelo, baagi ba ona ba bua maaka, ba na le diteme tsa bolotsana mo maganong a bona,

13 le nna ke tla go itaya botlhoko, ke go fetola sekaka ka ntlha ya maleo a gago.

14 Wena ò tla ja, mme ò sa kgore; tlala ya gago e ntse e le mo teng ga gago. O tla ipeela, mme ò sa boloke sepe, mme tse ò di bolokang ke tla di neela tšhaka.

15 Wena ò tla jwala, mme ò sa robe; ò gata maungo a olefa segatelong, mme ò sa tlole lookwane; ò tlhotlha maungo a moweine, mme ò sa nwe weine.

16 Gonne melao ya ga Omeri e a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo sepela ka fa dikgakololong tsa bone gore ke tle ke go dire sekaka se se tshosang, le baagi ba sona ke ba dire tshotlego; lo tla rwala kgobo ya morafe wa me.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan