Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 5 - Setswana 1970


Motse wa botsalo jwa Mesia (Keresete) le puso ya gagwe ya kagiso

1 “Wena Betleheme-Eferatha, o mmotlana mo metseng ya Juta, mme yo o tla nnang mmusi mo Iseraeleng o tla ntswela mo go wena; mme matso a gagwe a tswa mo metlheng ya bogologolo le mo malatsing a a se nang tshimologo.”

2 Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.

3 Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe.

4 Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.


Pholoso le petso

5 Bone ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka le lefatshe la ga Nimerote mo dikgorong tsa lone. O tla re golola mo go Baasiria, fa ba tla mo lefatsheng la rona; fa ba tsena mo teng ga molelwane wa rona.

6 Mme masalela a Jakobe a tla nna mo merafeng e megolo jaaka monyo o o tswang mo Moreneng le jaaka mookodi wa pula mo dijwalong o o sa leteng ope, o o sa lebeleleng batho.

7 Le gona masalela a Jakobe a a mo ditšhabeng a tla nna mo merafeng e megolo jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa le jaaka tawana mo matsomaneng a dinku; e e a reng e ralala, e gatake, e garole, go se yo o pholosang.

8 Letsogo la gago le tla fenya baganetsi ba gago; baba botlhe ba gago ba tla nyelediwa.

9 Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa dipitse tsa gago mo go wena; ke fedisa dikoloi tsa gago tsa ntwa.

10 Le gona ke tla nyeletsa metse e e femetsweng ya lefatshe la gago; ke rutla dikago tsotlhe tsa gago tsa phemelo.

11 Ke tla nyeletsa mereo ya boloi gore e tloge mo seatleng sa gago; ga o kitla o nna le baroka.

12 Ke tla nyeletsa medimo ya diseto ya gago le majwe a a motloutlo a kobamelo a gago gore di tlosiwe mo gare ga lona, mme ga o ka ke wa tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago.

13 Ke tla kumola medimako ya gago ya Ašera gore e tlosiwe mo gare ga gago; ke tla senya metse ya gago e e femetsweng.

14 Ke tla ipusolosetsa ka bogale le ka kgalefo mo ditšhabeng tse di ganang go utlwa.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan