Mike 4 - Setswana 1970Ka ga puso ya ga Keresete 1 E tla re mo malatsing a bofelo, thaba ya Ntlo ya Morena e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; mme merafe e tla phuthegela kwa go yona. 2 Ditšhaba tse dintsi di tla tloga di re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa ga Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa mo Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.” 3 Mme o tla atlhola mo gare ga merafe e mentsi, a siamisetsa ditšhaba tse di thata go ya go fitlha kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, ba fetola marumo a bone disekele. Setšhaba ga se nke se somola tšhaka go tlhabana le setšhaba se sengwe; ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tsa tlhabano. 4 Mongwe le mongwe o tla nna fa tlase ga setlhare sa moweine sa gagwe le fa tlase ga setlhare sa feie sa gagwe, go se yo o tshosang; gonne molomo wa Morena wa masomosomo o buile jalo. 5 Gonne morafe mongwe le mongwe o sepela mo leineng la modimo wa ona, mme rona re tla sepela mo leineng la Morena, Modimo wa rona, ka gale le ka bosakhutleng. Baiseraele ba tla boa mo botshwarong 6 Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla phutha ba ba tlhotsang, ke kgobokanya ba ba lelekilweng le ba ke ba diretseng kotlo. 7 Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. Mme Morena e tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.” 8 Mme wena sefata sa letsomane, wena thabana ya morwadia Sione, puso ele ya pele e tla fitlha mo go wena, e boela mo go wena, e leng bogosi jwa morwadia Jerusalema. 9 Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang? 10 Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago. 11 Morago ga moo ditšhaba tse dintsi di tla phuthega, di go tsogela di re: “A Sione a itshepololwe gore matlho a rona a mo lebe ka kgatlhego.” 12 Mme bone ga ba itse megopolo ya Morena, ga ba lemoge maikaelelo a gagwe a gore o ba kgobokanya jaaka dingata tsa mabele mo seboaneng. 13 “Tsoga o phothe, morwadia Sione! Gonne ke tla go direla dinaka tsa tshipi le ditlhako tsa kgotlho, mme o tla pšhwetlakanya merafe e mentsi, o fisetsa Morena papadi ya bone ya tshiamololo, Morena wa lefatshe lotlhe o mo fisetsa khumo ya bone.” 14 Mme jaanong o tla pitlagana, morwadia makoko a ntwa. Mmaba o re dikanyeditse ka go kgobela mmu. Ba tla itaya moatlhodi wa Iseraele ka thupa mo lesameng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa