Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 3 - Setswana 1970


Go kgalemelwa ditlhogo tsa morafe le baporofeti ba tsietso

1 Ke ne ka re: “A ko lo utlweng, lona ditlhogo tsa Jakobe le lona dikgosana tsa Baiseraele! A ga lo a tshwanela go itse tshiamo?

2 Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong;

3 lona ba lo jeleng nama ya morafe wa me, lo ba apotse letlalo; lo ba robile marapo, lo a kgabetletse jaaka e kete a lokelwa mo pitseng, le jaaka nama fa e lokelwa mo pitseng.”

4 Ka sebaka se sengwe ba tla goela kwa Moreneng, mme ga a nke a ba utlwa; o tla ba subela sefatlhego ka sebaka seo, gonne ba dirile ditiro tse di bosula.

5 “Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re:

6 “Ka moo bosigo bo tla lo wela jo bo se nang pono le lefifi le le se nang boitseanape. Letsatsi le tla phirimela baporofeti, motshegare o tla nna montsho fela mo go bone.”

7 Baboni ba tla tlhajwa ke ditlhong, baitseanape ba tlhabiwa ke kgala. Ba tla itshwara ditedu botlhe, gonne ga go na karabo epe ya Modimo.

8 Mme nna ke tletse thata le Mowa wa Morena; ke tletse tshiamo le bopelokgale gore ke bolelele Jakobe tlolo ya gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe.

9 A ko lo utlwe fa, lona ditlhogo tsa ntlo ya Jakobe, le lona dikgosana tsa Baiseraele, ba lo tenwang ke tshiamo, ba lo sokamisang tsotlhe tse di siameng!

10 Ke lona ba lo agang Sione ka go tsholola madi le Jerusalema ka tshiamololo.

11 Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”

12 Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan