Mike 2 - Setswana 1970Go latlhega basiamolodi ba ba itumelelang maaka 1 A tatlhego ya bone wee, ba ba akanyang tsa bokgopo, ba ba logang maano a a bosula mo malaong a bone; e re bosigo bo sa, ba bo dire ka thata e le mo diatleng tsa bone. 2 Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe. 3 Ke ka moo Morena a buang jaana a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo tatlhego e lo sa ka keng lwa somola melala ya lone mo go yona. Ga lo ka ke lwa tlhola lo tsamaya lo inamologile, ka e tla bo e le sebaka se se bosula. 4 Ka letsatsi leo ba tla tlhaba sefela sa tshotlo ka ga lona, ba opela sefela sa khutsafalo ba re: “ ‘Go dirafetse, re gateletswe ruri. Kabelo ya morafe wa me Modimo o dira ba bangwe beng ba yona. O e tlosa jang mo go nna! O abela baikepi masimo a rona.’ ” 5 Ka moo ò tla bo o se na ope mo phuthegong ya Morena yo o go lekanyetsang boswa ka mogala. 6 Ba rera ba re: “Lo se ka lwa rera! Mafoko a, ga a tshwanela go rerwa; kgobo ga e na go re wela. 7 Ba ntlo ya Jakobe, a go ka bodiwa ga twe: ‘A Morena o fedile pelo? Gongwe a ke tsona ditiro tsa gagwe!’ ” – “A ga ke re, mafoko a gagwe a bopelonomi mo go yo o tsamayang ka tshiamo? 8 “Mme morafe wa me o tsogile jaaka mmaba e sa le maabane; gonne ba ba iphetelang ba iketlile, ba se na sepe le ntwa, lo ba rutlile kobo mo diaparong. 9 Basadi ba morafe wa me lo ba lelekile mo malapeng a ba a ratang; mokgabo o ke o fileng bana ba bone lo o ba amogile ka bosakhutleng. 10 Lo re: ‘Tlogang lo tsamae, gonne fano ga go na boikhutso!’ Ka ntlha ya boitshekologo lo tla nyelediwa ka nyelelo e e sa foleng. 11 Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o. 12 “Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.” 13 Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa