Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 9 - Setswana 1970


Phodiso ya yo o suleng mhama
( Mar. 2:1-12 ; Luka 5:17-26 )

1 Jaanong a palama mokoro a tshela letsha, a boela kwa motseng wa ga gabo.

2 Foo ba tsisa go ene mongwe yo o suleng mhama, a letse mo bolaong. Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Namatshega, ngwanaka; dibe tsa gago o di itshwaretswe.”

3 Ke fa bangwe ba Baitsedikwalo ba ithaya ba re: “Yo, o kgala Modimo.”

4 Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo gopolelang tse di bosula mo dipelong tsa lona?

5 Se se botlhofo ke sefe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe,’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’?

6 Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe!” Ke fa a raya yo o suleng mhama a re: “Tsoga o tsee bolao jwa gago, o be o ye kwa ntlong ya gago!”

7 Mme a tsoga, a ya kwa ntlong ya gagwe.

8 Ya re batho ba bona, ba boifa, ba be ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo.


Go bidiwa ga Matheo
( Mar. 2:13-17 ; Luka 5:27-32 )

9 E rile Jesu a tswa foo, mme a fetela pele, a bona motho yo o bidiwang Matheo, a dutse mo ntlong ya kgethelo; a mo raya a re: “Ntshala morago!” Yoo a nanoga, a mo sala morago.

10 Ya re Jesu a ntse fa dijong mo ntlong, bakgethisi le baleofi ba le bantsi ba tla, ba nna nae fa dijong le barutwa ba gagwe.

11 Ya re Bafarisai ba bona, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Moruti wa lona o jelang le bakgethisi le baleofi?”

12 Ya re a utlwa jalo, a ba raya a re: “Ngaka ga e batlwe ke ba ba itekanetseng, e batlwa ke ba ba lwalang.

13 Jaanong tsamayang, lo ithute gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo;’ gonne ke tsile go biletsa baleofi tlhabologong, e seng basiami.”


Ka ga go itima dijo
( Mar. 2:18-22 ; Luka 5:33-39 )

14 Ya baa gona barutwa ba ga Johane ba tlang go ene ba re: “Ke go reng, fa rona le Bafarisai re itima dijo gantsi, mme barutwa ba gago ba sa di itime?”

15 Jesu a ba araba a re: “A baetsana ba ka lela, monyadi a sa ntse a na nabo? Mme malatsi a tla tla, a monyadi a tla tlosiwang mo go bone ka ona; ke gona ba tla itimang dijo.

16 “Ga go ope yo o ka bitiang seaparo se se onetseng ka sebata se sešwa; gonne sebata sa sona se tla gagola seaparo, mme legago le oketsege.

17 E bile ga go ke go tshelwa weine e ntšhwa mo makukeng a a onetseng. Fa go ka dirwa jalo, makuka a ka phanyega, weine ya tshologa, le makuka a senyega. Mme go a tle go tshelwe weine e ntšhwa mo makukeng a mašwa, mme di bolokege mmogo.”


Phodiso ya mosadi wa tshologo ya madi. Tsoso ya ngwana wa ga Jairo
( Mar. 5:21-43 ; Luka 8:40-56 )

18 Ya re a sa ntse a bua tseo nabo, mookamedi mongwe wa senagoge a tla, a mo obamela a re: “Morwadiake ke gona o swang; mme a o ko o tle, o mmee letsogo, mme o tla rula.”

19 Jesu a nanoga, a mo sala morago le barutwa ba gagwe.

20 Jaanong mosadi yo o sa leng a nna le tshologo ya madi dinyaga di le 12, a tla fa morago ga gagwe, a ama kola ya kobo ya gagwe;

21 gonne o ne a dumela go re: “Fa nka ama kobo ya gagwe fela, ke tla fola.”

22 Jesu a retologa, a mmona, a mo raya a re: “Namatshega, morwadiaka; tumelo ya gago e go thusitse.” Mme mosadi a fola e sa le ka nako eo.

23 Ya re Jesu a tsena mo ntlong ya mookamedi, mme a bona baletsi ba ditlhaka, le bontsi bo tsositse modumo,

24 a ba raya a re: “Thibogang! Gonne morweetsana ga a swa, o thulametse.” Mme ba mo tshega.

25 Ya re batho ba sena go ntshiwa, a tsena, a mo tshwara letsogo, mme morweetsana a tsoga.

26 Tumo ya moo ya utlwala mo lefatsheng leo lotlhe.


Phodiso ya difofu

27 E rile Jesu a tloga foo, difofu tse pedi tsa mo sala morago, tsa goa tsa re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafita!”

28 Ya re a sena go tsena mo ntlong, difofu tsa tla fa go ene. Jesu a ba raya a re: “A lo dumela gore ke nonofile go dira jalo?” Tsa mo raya tsa re: “Ee, Morena.”

29 Ke fa a ama matlho a bone a re: “A go lo dirafalele ka fa tumelong ya lona!”

30 Foo matlho a bone a foufologa. Mme Jesu a ba laela thata a re: “Lo itise gore lo se itsise ope.”

31 Mme ba tswa, ba mo tumisa mo lefatsheng leo lotlhe.

32 Ya re ba tswa, ga tsisiwa go ene semumu se se tsenyweng ke modemone.

33 Ya re modemone o sena go kgaramelediwa ntle, semumu sa bua; mme batho ba gakgamala ba re: “Ga go ise go ke go bonwe se se ntseng jalo mo Iseraele.”

34 Mme Bafarisai ba re: “O kgarameletsa medemone ntle ka molaodi wa medemone.”


Ka ga thobo e kgolo le barobi

35 Jaanong Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone, a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe.

36 Ya re a bona bontsi jwa batho, a ba tlhomogela pelo; gonne ba ne ba bogisegile, ba lapile jaaka dinku tse di se nang modisa.

37 Ke fa a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba a tlhaela.

38 Ka moo he, rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan