Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 8 - Setswana 1970


Molepero o a fodisiwa
( Mar. 1:40-45 ; Luka 5:12-16 )

1 E rile a fologa mo thabeng, masomo a magolo a mo sala morago.

2 Jaanong molepero a tla go ene, a mo obamela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphepafatsa.”

3 Jesu a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata, phepafala!” Mme a akofa a fola lepero la gagwe.

4 Jesu a ba a mo raya a re: “O itise gore o se ka wa bolelela ope; mme yaa o ipontshe moperesiti, o be o ise neo e Moše o e laetseng, go nna tshupo mo go bone.”


Molaodi-wa-lekgolo wa Kaperenaume
( Luka 7:1-10 )

5 E rile a tsena mo Kaperenaume, ga tla molaodi-wa-lekgolo go ene, a mo rapela a re:

6 “Morena, motlhanka wa me o letse fa fatshe mo ntlong, o sule mhama, o bile o tlhabegile mo go botlhoko.”

7 Jesu a mo raya a re: “Ke tla tla, ke mo fodisa.”

8 Molaodi a araba a re: “Morena, ga go a ntshwanela gore o tsene fa tlase ga ditlhomeso tsa me; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola;

9 gonne le nna ke motho yo o mo taolong, mme ke na le batlhabani fa tlase ga me; e a re fa ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe ke re: ‘Tlaa!’ a tle; le motlhanka wa me ke re: ‘Dira se!’ a se dire.”

10 Ya re Jesu a utlwa, a gakgamala, a raya ba ba mo setseng morago a re. “Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke ise nke ke bone tumelo e e kana le fa e le mo Iseraele.

11 Ke bile ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, ba nna fa tafoleng le Aborahame le Isaka le Jakobe mo pusong ya magodimo;

12 mme bana ba puso ba tla kgaramelediwa kwa lefifing le le kwa ntle; teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno.”

13 Jesu a ba a raya molaodi a re: “Tsamaya; a go go dirafalele ka fa o dumetseng ka teng.” Mme motlhanka wa gagwe a fola ka yona nako eo.


Mogwagwadia Petoro o a fodisiwa
( Mar. 1:29-34 ; Luka 4:38-41 )

14 E rile Jesu a tsena mo ntlong ya ga Petoro, a bona mogwagwadie a letse fa fatshe, a tuka bolelo;

15 ke fa a tshwara seatla sa gagwe; mme mogote wa mo tlogela, a ba a tsoga, a mo direla.

16 Ya re go le maitsiboa, ba tsisa go ene ba le bantsi ba ba tsenyweng ke medemone; a kgarameletsa mewa kwa ntle ka lefoko, a fodisa botlhe ba ba lwalang,

17 gore go dirafale se se builweng ke Jesaya moporofeti a re: “Ene o ithwesitse makoa a rona, a rwala malwetse a rona.”


Ka ga go sala Jesu morago
( Luka 9:57-62 )

18 E rile Jesu a bona lesomo la batho le mo dikanyeditse, a laola gore go tshelelwe kwa moseja.

19 Foo ga tla moitsedikwalo, a mo raya a re: “Moruti, ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o ka yang teng.”

20 Jesu a mo fetola a re: “Diphokojwe di na le mesima le dinonyane tsa leapi di na le dintlhaga, mme Morwa-Motho ene ga a na fa a ka latsang tlhogo teng.”

21 Yo mongwe wa barutwa a mo raya a re: “Morena, ntetlelele, ke ye go fitlha rre pele.”

22 Jesu a mo fetola a re: “Ntshale morago; a baswi ba fitlhe baswi ba bone!”


Jesu o didimatsa ledimo
( Mar. 4:35-41 ; Luka 8:22-25 )

23 E rile a palama mokoro, barutwa ba gagwe ba mo sala morago.

24 Jaanong ga tsoga ledimo le legolo mo letsheng, mo mokoro o bileng wa khurumediwa ke makhubu, mme ene a bo a robetse.

25 Ba ya go ene, ba mo tsosa ba re: “Morena, re pholose, re a nwela!”

26 A ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelonyana ke lona?” Ke fa a tsoga, a kgalemela diphefo le letsha, ga ba ga nna tidimalo e kgolo.

27 Foo batho ba gakgamala ba re: “Yo ke yo o ntseng jang, ka le tsona diphefo le letsha di mo utlwa?”


Phodiso ya ditsenwa tsa Gatara
( Mar. 5:1-20 ; Luka 8:26-39 )

28 E rile a fitlha kwa moseja mo lefatsheng la Bagatara, batho ba le babedi ba kgatlhana nae, ba ba tsenyweng ke mewa e e bosula, ba tswa kwa diphupung, ba le bogale thata, mo go neng go se ope yo o ka fetang ka tsela eo.

29 Ba goa ba re: “Re na le kopano efe le wena, Morwa Modimo? A o tsile kwano go re tlhokofatsa e ise e nne nako?”

30 Jaanong ga bo go fula motlhape o mogolo wa dikolobe kgakalanyana le bone.

31 Mewa e e bosula ya mo rapela ya re: “Fa o re kgarameletsa ntle, re romele kwa motlhapeng wa dikolobe.”

32 A e raya a re: “Yaang teng!” Foo ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; motlhape otlhe wa ba wa itigela ka maokoriba mo letsheng, wa swela mo metsing.

33 Jaanong badisa ba tshaba, ba ya kwa motseng, ba bolela tsotlhe, le tsona tsa ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e bosula.

34 Foo batho botlhe ba motse ba tswa ba ya go kopana le Jesu. Ya re ba mmona, ba mo rapela gore a tloge mo nageng ya bone.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan