Mataio 7 - Setswana 1970Go atlhola ( Luka 6:37-42 ) 1 “Lo se ka lwa atlhola gore lo se atlholwe; 2 gonne katlholo e lo ka atlholang ka yona, lo tla atlholwa ka yona, le selekanyo se lo ka lekanyang ka sona, lo tla lekanyediwa ka sona. 3 O lebelang phatsana e e mo leitlhong la morwa-rraago, mme o sa lemoge kota e e mo leitlhong la gago? 4 Gape o ka raya morwa-rraago jang wa re: ‘Nte ke ntshe phatsana mo leitlhong la gago,’ etswe ò sa bone kota e e mo leitlhong la gago? 5 Moitimokanyi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele; ke gona ò tla bonang sentle go ntsha phatsana mo leitlhong la morwa-rraago. 6 “Lo se ka lwa naya dintšwa se se itshepileng; le gona lo se ka lwa latlhela ditalama tsa lona fa pele ga dikolobe, e se re gongwe tsa di gataka ka ditlhako tsa tsona, tsa ba tsa retologa, tsa lo gagoganya. Kopang, batlang, konyakonyang ( Luka 11:9-13 ) 7 “Kopang, mme lo tla newa; batlang, mme lo tla bona; konyakonyang, mme lo tla bulelwa. 8 Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela; le yo o batlang, o a bona; le yo o konyakonyang, o tla bulelwa. 9 A kampo go na le motho mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo kopa senkgwe, a mo naya lentswe? 10 Gongwe fa a kopa tlhapi, a a ka mo naya noga? 11 Jaanong, fa lona, ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraalona yo o kwa magodimong o tla naya ba ba mo kopang tse di siameng! 12 “Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, lo ba direle tsona; gonne molao o a re jalo le baporofeti. Kgoro e e pitlaganyeng ( Luka 13:24 ) 13 “Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, le tsela e kgolo e e yang kwa tatlhegong, mme ba ba tsenang ka yona ba bantsi. 14 Mme kgoro e pitlaganye, le tsela e tshesane e e yang botshelong, mme ba ba e bonang ga ba bantsi. Ditlhare le maungo ( Luka 6:43 , 44 ) 15 “Itiseng mo baporofeting ba e seng bone, ba ba tlang go lona ba apere diaparo tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolang. 16 Lo tla ba itse ka maungo a bone. A go a tle go fulwe leungo la moweine mo mitlweng, gongwe difeie mo mesitlwaneng? 17 Ka moo, setlhare sengwe le sengwe se se siameng se ungwa maungo a a monate; mme setlhare se se sa siamang se ungwa maungo a a botlhoko. 18 Setlhare se se siameng ga se ka ke sa ungwa maungo a a botlhoko, le setlhare se se sa siamang ga se ka ke sa ungwa maungo a a monate. 19 Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le monate se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. 20 Ka moo he, lo tla ba itse ka maungo a bone. Ga ke lo itse ( Luka 13:25-27 ) 21 “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena!’ yo o tla tsenang mo pusong ya magodimo; go tla tsena fela yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong. 22 Ba bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera Lefoko la Modimo ka leina la gago, ra ba ra leleka medemone ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro tse dikgolo ka leina la gago?’ 23 Foo ke tla ba raya ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse; tlogang fa go nna, lona badiratshiamololo!’ Baagi ba babedi ( Luka 6:47-49 ) 24 “Jaanong mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ao a me, a ba a a dirisa, o tla tshwana le monna yo o tlhoko, yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefikeng; 25 mme pula ya fologa, le merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaya ntlo eo; mme ya se ka ya wa; gonne e ne e theilwe mo lefikeng. 26 “Mme mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ao a me, mme a sa a dirise, o tla tshwana le monna yo o lesilo, yo o agileng ntlo ya gagwe mo mošaweng; 27 mme pula ya fologa, le merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaya ntlo eo, ya ba ya wa; mme go wa ga yona ga nna gogolo.” Thata ya ga Jesu 28 Jaanong ya re Jesu a sena go fetsa mafoko ao, batho ba welwa ke letshogo le legolo ka ntlha ya thuto ya gagwe; 29 gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo ba bone. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa