Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 6 - Setswana 1970


Ka ga dikatso

1 “Itiseng gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho gore lo bonwe ke bone; go seng jalo ga lo na tuelo mo go Rraeno yo o kwa magodimong.

2 “Ka moo he, e re fa o dira tsa bopelotlhomogi, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo disenagogeng le mo mebileng gore ba tlotlwe ke batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.

3 Mme wena, e re fa ò ntsha dikatso, a letsogo la gago la molema le se ka la itse se se dirwang ke le le jang,

4 gore dikatso tsa gago di nne mo bosaitsiweng; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela.

5 “Gape fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne ba rata go rapela ba eme mo disenagogeng le fa makopanelong a mebila gore ba ipontshe batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.

6 Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago e e kwa teng; mme e re ò sena go tswala mojako, ò rapele Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela.

7 “Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela jaaka baheitane; gonne ba gopola gore ba tla utlwiwa ka ntlha ya bontsi jwa mafoko a bone.

8 Ka moo he, se tshwaneng le bone; gonne Rraalona o itse tse lo di tlhokang, lo ise lo di mo kope.

9 Mme lona lo rapele jaana lo re: “ ‘Rraetsho yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe;

10 puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.

11 Re fe gompieno sejo sa rona sa letsatsi.

12 O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona.

13 O se re gogele mo thaelong, mme ò re golole mo bosuleng. Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo! Amen.’

14 “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, le lona Rraeno wa legodimo o tla lo itshwarela.

15 Mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.


Go itima dijo

16 “Gape fa lo itima dijo, lo se ka lwa tlhonya jaaka baitimokanyi; gonne ba itshenya difatlhego gore ba ipontshe batho, fa ba itima dijo. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.

17 Mme wena, e re fa ò itima dijo, ò iphotle tlhogo, o tlhape sefatlhego

18 gore batho ba tle ba se ka ba bona gore ò itima dijo; mme ò bonwe fela ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela.


Lehumo la legodimo
( Luka 12:33 , 34 )

19 “Se iphutheleng mahumo mo lefatsheng, kwa go senyang motoutwana le marale teng, le kwa magodu a phunyang, a utswa teng.

20 Iphutheleng mahumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng, le fa e le marale, le kwa magodu a sa phunyeng go utswa teng.

21 Gonne kwa letlotlo la gago le leng teng, pelo ya gago le yona e tla nna teng.


Lesedi la mmele
( Luka 11:34-36 )

22 “Leitlho ke lobone lwa mmele; ka moo, fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe wa gago o tla sedifala.

23 Mme fa leitlho la gago le le bosula, mmele otlhe wa gago o tla fifala. Fa jaanong lesedi le le mo go wena e le lefifi, kana lefifi le tla bo le le legolo jang!


Modimo le khumo
( Luka 16:13 ; 12:22-31 )

24 “Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.

25 “Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo jwa lona gore lo tla ja eng, lo tla nwa eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng? Bophelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?

26 Lebang dinonyane tsa leapi; ga di jwale, e bile ga di robe, le fa e le go phuthela mo difaleng; mme Rraalona wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo di gaise segolo?

27 Ke ofe wa lona yo o ka ikoketsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhofaelela?

28 “Lo tlhofaelelelang diaparo? Elang dithunya tsa naga tlhoko ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe;

29 mme ke lo raya ke re: Le fa e le Salomo mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgaba jaaka sengwe sa tseo.

30 Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga, jo bo leng teng kajeno, mme ka moso bo latlhelwa mo leisong, a ga o kitla o lo apesa bogolo lona ba tumelo e potlana?

31 “Ka moo, se tshwenyegeng lwa re: ‘Re tla ja eng, gongwe, re tla nwa eng, gongwe, re tla apara eng?’

32 Gonne tsotlhe tseo di batlwa ke baheitane; kana Rraeno wa legodimo o itse gore tsotlhe tseo lo tshela ka tsona.

33 Jalo he, batlang pele puso ya Modimo le tshiamo ya ona, mme tsotlhe tseo lo tla di okelediwa.

34 Ka moo he, se tshwenyegeleng letsatsi la ka moso; gonne letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi. Letsatsi le lekanywe ke tshwenyego ya lone.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan