Mataio 5 - Setswana 1970Kgaolo 5 – 7: Thero ya kwa thabeng ( ) Thuto ya go tshegofala 1 E rile a bona bontsintsi, a tlhatlogela kwa thabeng; ya re a sena go nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba tla go ene. 2 A tumolola molomo, a ba ruta a re: 3 “Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne puso ya magodimo ke ya bone. 4 Go sego ba ba hutsafetseng; gonne ba tla gomodiwa. 5 Go sego ba ba pelonolo; gonne ba tla rua boswa jwa lefatshe. 6 Go sego ba ba nang le tlala ya tshiamo, ba e nyorelwa; gonne ba tla kgorisiwa. 7 Go sego ba ba kutlwelo-botlhoko; gonne ba tla utlwelwa botlhoko. 8 Go sego ba ba pelo di itshekileng; gonne ba tla bona Modimo. 9 Go sego badira-kagiso; gonne ba tla bidiwa bana ba Modimo. 10 Go sego ba ba bogisediwang tshiamo; gonne puso ya magodimo ke ya bone. 11 “Lo sego, fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba bua bosula jotlhe ka ga lona ka maaka, ka ntlha ya me. 12 Itumeleng lo ipele; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa magodimong. Gonne ba bogisitse baporofeti jalo, ba ba neng ba le teng pele ga lona. Letswai la lefatshe le lesedi la lefatshe ( Mar. 9:50 ; Luka 14:34 , 35 ) 13 “Lona lo letswai la lefatshe. Fa letswai le tswapogile, le tla lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le tiro epe, fa e se go latlhelwa kwa ntle le go gatakwa ke batho. 14 “Lona lo lesedi la lefatshe. Motse o o mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega. 15 Le gona ga go ke go tshujwa lobone, lwa bewa ka fa tlase ga kgamelo. Lo bewa mo setlhomong; foo lo tla bonegela botlhe ba ba mo ntlong. 16 A lesedi la lona le bonegele batho jalo gore ba bone ditiro tsa lona tse di siameng, ba tle ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong. Ka ga tirafatso ya molao le baporofeti 17 “Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go dirolola molao gongwe baporofeti; ga ke a tla go dirolola, ke tsile go dirafatsa. 18 Gonne, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa tsotlhe di ise di dirafale pele, ga go ka ke ga feta tlhakanyana epe, le fa e le letshwaonyana lepe la molao, go tsamaya go fete legodimo le lefatshe. 19 Ka moo, le fa e le mang yo o tla dirololang nngwe ya ditaolo tse dipotlana tse le go ruta batho jalo, o tla bidiwa yo mmotlana mo pusong ya magodimo. Mme yo o tla di dirisang le go di ruta, ene o tla bidiwa yo mogolo mo pusong ya magodimo. 20 Gonne ke lo raya ke re: Fa tshiamo ya lona e sa gaise ya Baitsedikwalo le ya Bafarisai, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope. Ka ga kgalefo 21 “Lo utlwile gore go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla atlholelwa petso.’ 22 Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o galefelang mokaulengwe wa gagwe fela, o tla atlholelwa petso; yo o rayang mokaulengwe wa gagwe a re: ‘Selo ke wena!’ o tla tshwanelwa ke katlholo ya lekgotla le legolo; yo o reng: ‘Lesilo ke wena!’ o tla tshwanelwa ke go latlhelwa kwa moleteng wa molelo. 23 Fa jaanong ò isa neo ya gago fa aletareng, mme ò gakologelwa teng gore mokaulengwe wa gago o ngongorega ka wena, 24 foo tlogela neo ya gago teng fa pele ga aletare, ò ye o agisanye le mokaulengwe wa gago pele, e be gona ò ka tlang wa isa neo ya gago. 25 “Akofa ò utlwane le moganetsi wa gago, o sa ntse o na nae mo tseleng, e se re gongwe moganetsi a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela motlhanka, mme wa latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo. 26 Ammaaruri ke go raya ke re: Ga o ka ke wa tswa teng ka gope, o ise o lefe sente ya bofelo. Ka ga boaka 27 “Lo utlwile gore go tilwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ 28 Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong ya gagwe. 29 Fa leitlho la gago le le jang le go kgopisa, ò le gonye, ò le latlhe; gonne go molemo mo go wena, fa nngwe ya ditokololo tsa gago e ka senyega, gore go se latlhelwe mmele otlhe wa gago mo moleteng wa molelo. 30 Fa letsogo la gago le le jang le go kgopisa, ò le kgaole, ò le latlhe; gonne go molemo mo go wena, fa nngwe ya ditokololo tsa gago e ka senyega, gore go se latlhelwe mmele otlhe wa gago mo moleteng wa molelo. Ka ga tlhalo ( Math. 19:9 ; Mar. 10:11 , 12 ; Luka 16:18 ) 31 “Gape go tilwe: ‘Yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a a mo nee lokwalo lwa tlhalo.’ 32 Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme yo o nyalang yo o tlhadilweng, o dira boaka. Ka ga maikano 33 “Gape, lo utlwile gore go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa ikana ka maaka, mme o tshegeletse Morena maikano a gago.’ 34 Mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le sedulo sa Modimo sa bogosi, 35 le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa ona sa dinao, le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa kgosi e kgolo. 36 Le gona, ò se ka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka ò sa ka ke wa dira thiri epe tshweu gongwe ntsho. 37 Mme a lefoko la lona la ‘Ee’ e nne ‘Ee’, la ‘Nnyaa’ e nne ‘Nnyaa’; mme se se fetang tseo se tswa mo go yo-o-bosula. Se busolosetse bobe 38 “Lo utlwile gore go tilwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho le leino ke leino.’ 39 Mme nna ke lo raya ke re: Se ganetsanyeng le yo o lo direlang bosula; mme fa mongwe a go faphola lesameng le le jang, mo neele le la molema. 40 Yo o ratang go seka le wena go tsaya kojwana ya gago, mo leseletse go go tseela le kobo. 41 Gape, fa motho a go pateletsa go tsamaya le ene mmaele e le nngwe, yaa nae tse pedi. 42 Naya yo o go kopang; le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo hularela. Ratang baba ba lona ( Luka 6:27 , 28 , 32-36 ) 43 “Lo utlwile gore go tilwe: ‘Rata mongwe-ka-wena, mme o tlhoe mmaba wa gago.’ 44 Mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo tshegofatseng ba ba lo hutsang; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo, lo rapelele ba ba lo kgobotlang, ba lo bogisa, 45 gore lo nne bana ba ga Rraeno yo o kwa magodimong; gonne o tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe, o nesetsa basiami le basiamolodi pula. 46 Gonne fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo? 47 Fa lo dumedisa bakaulengwe ba lona fela, lo gaisa ba bangwe ka eng? Baheitane a ga ba dire jalo le bone? 48 Ka moo he, siamang ka botlalo jaaka Rraeno wa legodimo a siame ka botlalo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa