Mataio 4 - Setswana 1970Jesu o a raelwa ( Mar. 1:12 , 13 ; Luka 4:1-13 ) 1 Ya baa gona Jesu a gogelwang ke Mowa kwa sekakeng gore a raelwe ke Diabolo. 2 E rile a sena go itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, a tshwarwa ke tlala. 3 Jaanong moraedi a tla, a mo raya a re: “Fa o le Morwa Modimo, bua gore majwe a, a fetoge dinkgwe.” 4 Ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela; o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ” 5 Jaanong Diabolo a mo isa kwa motseng o o boitshepo, a mmaya mo setlhoeng sa Tempele, 6 a mo raya a re: “Fa ò le Morwa Modimo, itatlhele kwa tlase; gonne go kwadilwe ga twe: “ ‘O tla laela baengele ba gagwe ka ga gago; ba tla go kuka ka diatla, e se re gongwe dinao tsa gago tsa kgopiwa ke lentswe.’ ” 7 Jesu a mo fetola a re: “E bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago!’ ” 8 Gape, Diabolo a mo isa kwa thabeng e e goletseng kwa godimo thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le bontle jwa ona, 9 a mo raya a re: “Tsotlhe tse ke tla di go naya, fa o ka wela fa fatshe, wa nkobamela.” 10 Jesu a mo fetola a re: “Ntlogela, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwanetse go obamela Morena, Modimo wa gago le go direla ene a le esi fela.’ ” 11 Ke fa Diabolo a mo tlogela; mme baengele ba tla, ba mo direla. Jesu o simolola tiro ( Mar. 1:14 , 15 ; Luka 4:14 , 15 ) 12 E rile a utlwa gore Johane o golegilwe, a ngwegela kwa Galelea. 13 A huduga kwa Nasaretha, a ya go nna kwa Kaperenaume yo o fa letsheng mo nageng ya Sebulone le Nafetale, 14 gore go dirafale se se builweng ke moporofeti Jesaya a re: 15 “Lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale, ntlheng ya letsha, moseja wa Joretane, Galelea wa Baditšhaba, 16 morafe o o ntseng mo lefifing o bonye lesedi le legolo; ba ba dutseng mo lefatsheng la loso le mo moriting wa loso, lesedi le ba tlhabetse.” 17 Go tloga foo Jesu a simolola go rera a re: “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!” Barutwa ba ntlha ( Mar. 1:16-20 ; Luka 5:1-11 ) 18 Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona bana ba motho ba le babedi, e bong Simone yo o bidiwang Petoro le Andrea morwa-rraagwe, ba digela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi. 19 A ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” 20 Jaanong ba akofa ba tlogela matloa, ba mo sala morago. 21 Ya re a fetela pele go tswa foo, a bona bana ba motho ba bangwe ba le babedi, e bong Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane monnawe, ba na le Sebeteo rraabo mo mokorong, ba baakanya matloa a bone; a ba bitsa. 22 Ba akofa ba tlogela mokoro le rraabo, ba mo sala morago. 23 Jaanong Jesu a tsamaya le Galelea yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe mo bathong. 24 Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa. 25 Bontsintsi jwa mo latela, bo tswa kwa Galelea le Dekapoli le Jerusalema le Jutea le kwa moseja ga Joretane. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa