Mataio 3 - Setswana 1970Tsa ga Johane Mokolobetsi ( Mar. 1:1-8 ; Luka 3:1-18 ; Joh. 1:19-28 ) 1 Mo malatsing ao ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo sekakeng sa Jutea a re: 2 “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!” 3 Yoo ke ene yo moporofeti Jesaya o buileng ka ga gagwe a re: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe!’ ” 4 Johane yoo, seaparo sa gagwe e ne e le sa boboa jwa kammele, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga. 5 Ke fa go tswela go ene batho ba Jerusalema le ba Jutea yotlhe le ba naga yotlhe e e fa Joretane, 6 mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joretane, ba ntse ba ipobola dibe tsa bone. 7 Ya re a bona bontsi jwa Bafarisai le Basadukai ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo kaetswe ke mang gore lo falole bogaleng jo bo tlang? 8 Ungwang he maungo a a tshwanetseng tlhabologo. 9 Lo se ka lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aborahame, ke ene rraetsho.’ Gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go ka tsosetsa Aborahame bana ka majwe a. 10 Selepe se setse se beilwe fa meding ya ditlhare; mme setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le siameng, se tla rengwa, se be se latlhelwa mo molelong. 11 Nna ke lo kolobeletsa tlhabologo ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go mo tsholela ditlhako; ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo; 12 o tshwere seoloso ka letsogo, mme o tla feela seboana sa gagwe gotlhe; o tla phuthela mabele a gagwe mo sefaleng, mme moko a o tshuba ka molelo o o sa kakeng wa tingwa.” Johane o kolobetsa Jesu ( Mar. 1:9-11 ; Luka 3:21 , 22 ) 13 Jaanong Jesu a tswa kwa Galelea, a ya kwa go Johane kwa Joretane gore a kolobediwe ke ene. 14 Mme Johane a re o a gana, a mo raya a re: “Ke nna ke tshwanetseng go kolobediwa ke wena, mme a o tla go nna?” 15 Jesu a mo araba a re: “Letlelela go nne jalo; gonne go re tshwanetse jalo gore re dirafatse tshiamo yotlhe.” Ke fa a dumela. 16 Ya re Jesu a sena go kolobediwa, a tswa mo metsing ka bonako. Foo magodimo a mmulegela, a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o tla mo go ene. 17 Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa