Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 28 - Setswana 1970


Tsogo ya ga Jesu
( Mar. 16:1-10 ; Luka 24:1-12 ; Joh. 20:1-10 )

1 E rile Sabata a sena go feta, fa bosigo jwa letsatsi la ntlha la beke boo sa, Maria Magtalena le Maria yo mongwe ba ya go bona phupu.

2 Ka tshoganyetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena o ne a fologa kwa legodimong, a pitikolola lentswe, a nna mo go lone.

3 Ponalo ya gagwe e ne e tshwana le logadima, seaparo sa gagwe se le sesweu jaaka semathana.

4 Badisa ba roromisiwa ke go mmoifa, ba be ba nna jaaka baswi.

5 Moengele a raya basadi a re: “Lona se boifeng! Kana ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe.

6 Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a buile. Tlaang lo bone felo fa o ne a letse teng.

7 Mme jaanong itlhaganeleng, lo bolelele barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing, o bile o lo etelela pele go ya kwa Galelea. Lo tla mmona teng.’ Ke foo, ke lo boleletse.”

8 Ba akofa ba tloga fa phupung ka poifo le boitumelo jo bogolo, ba siana go itsise barutwa ba gagwe.

9 Ka tshoganyetso Jesu a kgatlhana nabo a re: “Dumelang!” Ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela.

10 Jesu a ba raya a re: “Se boifeng! Yaang lo bolelele bana ba ga Rre lo re, ba ye kwa Galelea, ba tla mpona teng.”


Polelo ya Bajuta ka ga tsogo

11 Ya re ba tsamaya, bangwe ba lekoko la badisa ba tsena mo motseng, ba bolelela baperesiti ba bagolo tsotlhe tse di dirafetseng.

12 Jaanong bone ya re ba sena go phuthega le bagolo ba morafe, le go utlwana, ba naya batlhabani madi a mantsi

13 ba re: “Buang lo re: ‘Barutwa ba gagwe ba tsile bosigo, ba mo utswa re robetse.’

14 Mme fa molaodi a ka utlwa, rona re tla mo kgona, re lo ntshe tshwenyegong.”

15 Ba tsaya madi, ba bolela ka fa ba rutilweng ka teng. Mme polelo eo e tumile mo Bajuteng go fitlha letsatsing la kajeno.


Ponalo ya ga Jesu kwa Galelea
( Mar. 16:14-18 ; Luka 24:36-49 ; Joh. 20:19-23 ; Dit. 1:6-8 )

16 Barutwa ba ba 11 ba ya kwa Galelea kwa thabeng e Jesu o e ba kaetseng.

17 Ya re ba mmona, ba mo obamela; mme ba bangwe ba belaela.

18 Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.

19 Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo,

20 lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan