Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 27 - Setswana 1970


Jesu o isiwa kwa go Pilato
( Mar. 15:1 ; Luka 23:1 , 2 ; Joh. 18:28-32 )

1 E rile boo sa, baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo ba morafe ba utlwana ka ga Jesu gore ba mmolae.

2 Ya re ba sena go mo golega, ba eta ba mo goga, ba mo neela Pontio Pilato, molaodi.


Jutase o a ipolaya
( Dit. 1:18 , 19 )

3 Jaanong Jutase yo o mo tshwarisitseng, ya re a bona gore Jesu o atlhotswe, a ikwatlhaya, a busetsa diselefera tse di 30 kwa baperesiting ba bagolo le bagolong ba morafe

4 a re: “Ke leofile, ka ke tshwarisitse motho yo o se nang molato.” Bona ba re: “Ga re na sepe le tseo. A go bone wena!”

5 Ke fa a latlhela diselefera mo Tempeleng, a tsamaya a ya a ipeta.

6 Baperesiti ba bagolo ba tsaya diselefera tseo ba re: “Ga go a letlelelwa go di tsenya mo letloleng la dikabelo, ka e le tuelo ya madi.”

7 Ya re ba sena go utlwana, ba reka naga ya mmopi wa dipitsa ka tsona go fitlha baeng mo go yona.

8 Ke ka moo naga eo e bidiwang “Naga ya Madi,” go fitlhelela kajeno.

9 Ya baa gona go dirafalang se se builweng ke moporofeti Jeremia, a re: “Ka tsaya diselefera tse di 30 mo Baiseraeleng, e le tlhwatlhwa ya yo o kailweng, yo batho ba neng ba mo kaya jalo.

10 Ba di ntshetsa naga ya mmopi wa dipitsa, jaaka Morena a ntaetse.”


Jesu fa pele ga Pilato
( Mar. 15:2-5 ; Luka 23:3-5 ; Joh. 18:33-38 )

11 Jaanong Jesu a emisiwa fa pele ga molaodi. Molaodi a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” Jesu a re: “O bolela jalo.”

12 Mme ya re a bewa molato ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe, a se ka a fetola sepe.

13 Ke fa Pilato a mo raya a re: “A ga o utlwe tse dintsi tse ba di supang ka ga gago?”

14 Mme a se ka a araba lefoko lepe la gagwe, mo molaodi o bileng a gakgamala thata.


Jesu o a atlholwa go bolawa
( Mar. 15:6-15 ; Luka 23:13-25 ; Joh. 18:39 – 19:16)

15 Molaodi o ne a tlwaetse gore ka moletlo a gololele batho mogolegwi yo ba mmatlang.

16 Ya re ka sebaka seo ba bo ba na le mogolegwi mongwe yo o tumileng ka bosula, yo o bidiwang Barabase.

17 Jaanong ya re ba phuthegile, Pilato a ba raya a re: “Lo rata ka lo gololela mang, a Barabase gongwe Jesu yo o bidiwang Keresete?”

18 A re jalo, gonne o ne a itse gore ba mo neetse tshekong ka lefufa.

19 Ya re a ntse mo sedulong sa katlholo, mosadi wa gagwe a roma go ene a re: “O se ka wa nna le sepe le mosiami yoo; gonne ke bogile tse dintsi bosigong jono mo torong ka ntlha ya gagwe.”

20 Mme baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tlhotlheletsa batho gore ba kope Barabase, mme ba bolae Jesu.

21 Molaodi a ba botsa a re: “Lo rata ka lo gololela ofe mo go ba babedi ba?” Ba re: “Barabase!”

22 Pilato a ba a ba botsa a re: “Mme jaanong ke tla dirang ka Jesu yo o bidiwang Keresete?” Botlhe ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!”

23 Ene a re: “Kana o dirile bosula bofe?” Mme ba goa thata thata ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!”

24 Ya re Pilato a bona gore o a palelwa, mme bogolo go bile go tsoga pheretlhego, a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho a re: “Ga ke na molato mo mading a mosiami yo; a go bone lona.”

25 Morafe otlhe wa araba wa re: “Madi a gagwe a a wele rona le bana ba rona!”

26 Ke fa a ba gololela Barabase. Ya re a sena go seola Jesu, a mo ba neela gore a bapolwe.


Jesu o sotlwa ke batlhabani
( Mar. 15:16-20 ; Joh. 19:2 , 3 )

27 Jaanong batlhabani ba molaodi ba tsenya Jesu mo kagong ya molaodi, ba phuthela mophato otlhe kwa go ene,

28 ba mo apola diaparo, ba mo apesa kobo e khibidu;

29 ba loga kgare ya mitlwa, ba e mo rwesa mo tlhogong, ba mo tshwarisa lotlhaka ka letsogo le le jang, ba khubamela fa pele ga gagwe, ba mo sotla ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!”

30 Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo rutha mo tlhogong.

31 Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba tsamaya ba mo goga gore ba mmapolele sefapaanong.


Jesu o a bapolwa
( Mar. 15:21-32 ; Luka 23:26-43 ; Joh. 19:17-27 )

32 Ya re ba tswela kwa ntle, ba bona motho mongwe wa Kirene yo leina la gagwe e leng Simone; ba mo pateletsa gore a mo sikarele sefapaano.

33 Ya re ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Golegotha, ke go re, “Felo ga logata,”

34 ba mo naya weine e tlhakantswe le santlhokwe, gore a nwe; mme ya re a sena go e leka, a gana go e nwa.

35 Ya re ba sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di tlhamela tengwa, e le gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re: “Ba kgaoganye diaparo tsa me; mme kobo ya me ba e tlhamela tengwa.”

36 Jaanong ba nna fatshe foo, ba mo lebelela.

37 Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega sekwalo sa molato wa gagwe se re: “YO KE JESU KGOSI YA BAJUTA.”

38 Ga bapolwa nae dinokwane tse pedi, sengwe ka fa letsogong le le jang, se sengwe ka fa go la molema.

39 Jaanong ba ba fetang ba mo kgala, ba thukhutha ditlhogo

40 ba re: “Wena yo o rileng o ka senya Tempele, wa ba wa e tsosa ka malatsi a le mararo, ipholose! Fa o le Morwa Modimo, fologa mo sefapaanong!”

41 Baperesiti ba bagolo le bone, mmogo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe, ba mo sotla fela jalo ba re:

42 “O ne a thusa ba bangwe, mme ene o palelwa ke go ithusa. Fa e le ene Kgosi ya Iseraele, a a fologe jaanong mo sefapaanong, re tle re dumele mo go ene.

43 O ikantse Modimo; a o mo golole jaanong, fa o mo rata; gonne o rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ”

44 Dinokwane tse di bapotsweng nae le tsone tsa mo kgoba fela jalo.

45 Go tloga ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro ya thapama.

46 Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro thapama, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabagathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?”

47 Bangwe ba bone ba ba emeng teng, ya re ba utlwa, ba re: “O bitsa Elia.”

48 Mongwe wa bone a akofa, a siana, a tsaya ngami, a e ina mo motatseng, a e tlhomela mo lotlhakeng, a mo nosa.

49 Ba bangwe ba re: “Lesa, re boneng gore a Elia o tla tla, a mo golola.”

50 Mme Jesu a goa gape ka lentswe le legolo, a ba a ntsha mowa.

51 Foo lesire la Tempele la gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; lefatshe la roroma, mafika a fatoga;

52 diphupu tsa bulega, mebele e mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa,

53 ba tswa diphupung morago ga tsogo ya gagwe, ba tsena mo motseng o o boitshepo, ba bonwa ke ba le bantsi.

54 Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”

55 Basadi ba bantsi ba bo ba le teng foo, ba lebile ba le kwa kgakala, e le ba ba setseng Jesu morago go tswa Galelea go mo direla.

56 Mo go bone ga bo go le Maria Magtalena, le Maria, mma Jakobo le Jose, le mma bomorwa Sebeteo.


Phitlho ya ga Jesu
( Mar. 15:42-47 ; Luka 23:50-56 ; Joh. 19:38-42 )

57 E rile go le maitsiboa, ga tla motho mongwe wa mohumi wa Arimathea, yo leina la gagwe e leng Josefa, yo le ene e neng e le morutwa wa ga Jesu.

58 Yo a ya kwa go Pilato, a kopa serepa sa ga Jesu. Pilato a rebola gore a se neelwe.

59 Josefa a tsaya serepa, a se phuthela ka lesela le lentle le lesweu,

60 a se baya mo lebitleng le lešwa la gagwe, le o neng a le gabile mo lefikeng. Ya re a sena go pitikela lentswe le legolo mo mojakong wa phupu, a tloga.

61 Maria Magtalena a bo a le teng, le Maria yo mongwe, ba ntse ba lebaganye le phupu.


Ba ba disitseng phupu ya ga Jesu

62 Ya re kamoso, e le letsatsi le le latelang la iketleetso, baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba phuthegela kwa go Pilato

63 ba re: “Morena, re gakologelwa gore e rile motsietsi yoo a sa ntse a phela, a re: ‘Morago ga malatsi a le mararo ke tla tsoga.’

64 Jaanong he, laola gore phupu e disiwe go ya letsatsing la boraro, e se re gongwe barutwa ba gagwe ba tla, ba mo utswa, ba raya batho ba re: ‘O tsogile mo baswing,’ mme tsietso ya morago ya tla ya sulafala bogolo go ya ntlha.”

65 Pilato a ba raya a re: “Lekoko la badisa ke leo; tsamayang lo e dise ka fa lo kgonang ka teng.”

66 Foo ba tsamaya. Ya re ba sena go kana lentswe, ba disa phupu ka lekoko la badisa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan