Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 26 - Setswana 1970


Maano a go tshwara Jesu
( Mar. 14:1 , 2 ; Luka 22:1 , 2 ; Joh. 11:45-53 )

1 E rile Jesu a sena go wetsa mafoko otlhe ao, a raya barutwa ba gagwe a re:

2 “Lo itse gore e tla re malatsi a mabedi a sena go feta, go nne moletlo wa Tlolaganyo, mme Morwa-Motho o tla neelwa go bapolelwa sefapaanong.”

3 Jaanong baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba phuthegela kwa lapeng la moperesiti yo mogolo yo o bidiwang Kaifase,

4 ba be ba gakololana gore ba tshware Jesu ka maano le go mmolaya.

5 Mme ba re: “Fela e seng mo moletlong, gore go se tsoge pheretlhego mo bathong!”


Jesu o tlodiwa kwa Bethania
( Mar. 14:3-9 ; Joh. 12:1-8 )

6 E rile Jesu a le kwa Bethania mo ntlong ya ga Simone wa molepero,

7 ga tla mosadi go ene, a tshotse lebotlolonyana la alabasetere, le na le setlolo sa tlhwatlhwa e kgolo, a se mo tshela mo tlhogong a ntse fa dijong.

8 Ya re barutwa ba bona, ba gakala ba re: “Tshenyo e ke ya go reng?

9 Gonne setlolo se, se ka bo se rekisitswe ka tlhwatlhwa e kgolo, ya newa bahumanegi.”

10 Mme ya re Jesu a lemoga, a ba raya a re: “Lo tshwenyetsang mosadi yo? Kana o ntiretse tiro e e molemo:

11 gonne bahumanegi lo na nabo ka gale; mme nna ga lo na le nna ka gale.

12 Gonne ya re a gorometsa setlolo se mo mmeleng wa me, a bo a dira jalo go mpaakanyetsa phitlho.

13 Ammaaruri ke lo raya ke re: Gongwe le gongwe kwa Efangele e, e tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, le sona se yoo o se dirileng se tla bolelwa teng gore a gopolwe ka sona.”


Tuelo ya ga Jutase Isekariote ya go tshwarisa Jesu
( Mar. 14:10 , 11 ; Luka 22:3-6 )

14 Ke fa mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Jutase Isekariote, a ya kwa baperesiting ba bagolo

15 a re: “Lo tla mpha eng, fa nka mo lo tshwarisa?” Ba mo lekanyetsa diselefera di le 30.

16 Go tloga foo a senka nako e e lebanyeng ya go mo ba neela.


Tlolaganyo ya bofelo
( Mar. 14:12-21 ; Luka 22:7-14 ; Joh. 13:21-23 )

17 E rile ka letsatsi la ntlha la Dinkgwe tse di sa bedisiwang, barutwa ba tla go Jesu ba re: “O rata ra go baakanyetsa kae, go jela Tlolaganyo teng?”

18 Ene a re: “Yaang kwa motseng kwa go mokete, lo mo ree lo re: ‘Moruti a re: Nako ya me e gaufi, ke tla jela Tlolaganyo mo ga gago le barutwa ba me.’ ”

19 Barutwa ba dira ka fa Jesu a ba laetseng ka teng, ba baakanyetsa Tlolaganyo.

20 Ya re maitsiboa a nna fa dijong le barutwa ba ba 12.

21 Ya re ba ja, a bua a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntshwarisa.”

22 Ba hutsafala thata, ba simolola go mmotsa, mongwe le mongwe a re: “Morena, a ke nna?”

23 A araba a re: “Yo o tsentseng letsogo le nna mo mogopong, ke ene yo o tla ntshwarisang.

24 Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme a tatlhego wee ya motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”

25 Jutase yo o mo tshwarisang a mmotsa a re: “Moruti, a ke nna?” Ene a araba a re: “O boletse jalo.”


Selalelo se se boitshepo
( Mar. 14:22-26 ; Luka 22:14-20 ; 1 Bakor. 11:23-25 )

26 Ya re ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se naya barutwa a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me.”

27 A ba a tsaya senwelo, a leboga, a se ba neela a re: “Nwaang lotlhe ka sona!

28 Gonne ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi gore ba itshwarelwe dibe.

29 Mme ke lo raya ke re: Ga nkitla ke tlhola ke nwa ga leungo le la moweine go tloga jaanong go ya go fitlha mo letsatsing leo, mogang ke tla le nwang le lona le le lešwa mo pusong ya ga Rre.”

30 Ya re ba sena go opela difela tsa Tlolaganyo, ba tswela kwa Thabeng ya Diolefa.


Petoro o a kaelwa ka ga itatola
( Mar. 14:27-31 ; Luka 22:31-34 ; Joh. 13:36-38 )

31 Jaanong Jesu a ba raya a re: “Lona lotlhe lo tla kgopisega ka ga me mo bosigong jono; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku tsa letsomane di tla faladiwa.’

32 Mme e tla re ke sena go tsosiwa, ke lo etelele pele go ya kwa Galelea.”

33 Petoro a mo fetola a re: “Le fa botlhe ba ka kgopisega ka ga gago, nna ga nkitla ke kgopiwa ka gope.”

34 Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: O tla intatola gararo mo bosigong jono, mokoko o ise o lele.”

35 Petoro a mo raya a re: “Le fa ke na le go swa le wena, ga nkitla ke go itatola ka gope.” Le barutwa botlhe ba bua jalo.


Jesu mo Getsemane
( Mar. 14:32-42 ; Luka 22:39-46 )

36 Ke fa Jesu a fitlha nabo kwa felong fa go bidiwang Getsemane. Foo a raya barutwa a re: “Nnang fa, ke sa ya fale go rapela.”

37 A tsaya Petoro le bomorwa Sebeteo ba babedi, a ya nabo, a ba a simolola go hutsafala le go tlalelwa.

38 A ba a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata go ya losong; nnang fa, lo dise le nna.”

39 Jaanong a ya kwa pelenyana, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a rapela a re: “Rra, fa go ka kgonega, a senwelo se, se mphete; fela e se nne ka fa nna ke ratang ka teng, mme go dirafale ka fa wena o ratang ka teng!”

40 Foo a tla fa barutweng, a fitlhela ba robetse, a ba a raya Petoro a re: “Ao! A lo paletswe ke go disa le nna nako e le nngwe fela?

41 Disang lo rapele gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.”

42 A ya gape lwa bobedi, a rapela a re: “Rra, fa senwelo se, se sa ka ke sa mpheta ke sa se nwe, a thato ya gago e dirafale!”

43 A tla a fitlhela gape ba robetse; gonne matlho a bone a ne a bokaletse.

44 A ba tlogela, a ya gape, a rapela lwa boraro, a fela a ntse a bua mafoko ao.

45 Jaanong a boela kwa barutweng, a ba raya a re: “A lo sa ntse lo robetse le go ikhutsa? Bonang, nako e atametse, mme Morwa-Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi.

46 Tsogang re tsamaeng! Bonang, yo o ntshwarisang o atametse.”


Jesu o a tshwarwa
( Mar. 14:43-50 ; Luka 22:47-53 ; Joh. 18:3-12 )

47 Ya re a sa ntse a bua, Jutase, mongwe wa ba ba 12 a tla, a na le batho ba bantsi, ba tshotse ditšhaka le melamu, ba romilwe ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe.

48 Mme yo o tsileng go mo tshwarisa o ne a ba neile sesupo a re: “Yo ke tla mo atlang, ke ene, lo mo tshware.”

49 Mme a akofa a tla go Jesu a re: “Dumela, Rabbi! ” a ba a mo atla.

50 Jesu a mo raya a re: “Tsala, ò tletseng fano?” Ke fa ba tla, ba tsenya Jesu diatla, ba mo tshwara.

51 Jaanong mongwe wa ba ba nang le Jesu a ntsha letsogo, a somola tšhaka ya gagwe, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.

52 Mme Jesu a mo raya a re: “Somela tšhaka ya gago mo kgatleng ya yona; gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.

53 Kampo a o itlhoma ke sa ka ke ka rapela Rre gore e re fela jaanong a nthomele bogolo go mephato e le 12 ya baengele?

54 Kana Dikwalo di ne di ka dirafala jang tse di reng, go tshwanetse ga nna jalo?”

55 Ka nako eo Jesu a raya lesomo leo a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu go ntshwara, jaaka e kete ke senokwane? Ke ne ke nna ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara.

56 Mme tsotlhe tse, di dirafetse gore Dikwalo tsa baporofeti di dirafale.” Ke fa barutwa botlhe ba mo tlogela, ba tshaba.


Jesu o fa pele ga lekgotla la Bajuta
( Mar. 14:53-65 ; Luka 22:54 , 55 , 63-71 ; Joh. 18:13 , 14 , 19-24 )

57 Ba ba tshwereng Jesu ba mo gogela kwa go Kaifase, moperesiti yo mogolo, kwa Baitsedikwalo le bagolo ba morafe ba phuthegetseng teng.

58 Petoro a mo latela a le kgakala, go ya go fitlha kwa lapeng la moperesiti yo mogolo, a tsena mo go lone, a nna le batlhanka gore a bone bokhutlo jwa tsheko.

59 Jaanong baperesiti ba bagolo le lekgotla le legolo lotlhe ba batla tshupo ya kako ka ga Jesu gore ba tle ba mmolae.

60 Mme ba se ka ba e bona, le fa go ne go tsile basupi ba maaka ba le bantsi. La bofelo ga tla ba le babedi ba re:

61 “Yo, o kile a re: ‘Nka senya Tempele ya Modimo, ka ba ka e tsosa ka malatsi a le mararo.’ ”

62 Moperesiti yo mogolo a ema, a mmotsa a re: “A ga ò arabe sepe? Ke eng se bao ba se supang ka ga gago?”

63 Mme Jesu a didimala. Moperesiti yo mogolo a mo raya a re: “Ke go ikanisa ka Modimo o o tshelang, re bolelele, fa ò le Keresete, Morwa Modimo.”

64 Jesu a mo raya a re: “O boletse jalo. Fela ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la Nonofo, a bile a tla ka maru a legodimo.”

65 Ke fa moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “O kgadile Modimo; re sa batlelang basupi? Kana lo utlwile kgalo ya gagwe jaanong; lo gopola eng?”

66 Ba araba ba re: “O tshwanetswe ke loso!”

67 Ke fa ba mo kgwela mathe mo sefatlhegong, ba mo kata ka matswele; ba bangwe ba mmetsa ka dithupa, ba re:

68 “Keresete, re bolelele gore ke mang yo o go iteileng?”


Petoro o itatola Morena
( Mar. 14:66-72 ; Luka 22:56-62 ; Joh. 18:15-18 , 25-27 )

69 Petoro o ne a dutse ka fa ntle mo lelapeng. Foo lelata lengwe la tla go ene la re: “Le wena ò ne o na le Jesu wa Galelea.”

70 Mme a latola fa pele ga botlhe a re: “Ga ke itse se ò se buang.”

71 Ya re a tswela kwa kgorong, lelata le lengwe la mmona, la raya ba ba teng la re: “Yo le ene o ne a na le Jesu wa Nasaretha.”

72 Mme a latola gape ka ikano a re: “Ga ke itse motho yoo.”

73 Ya re kgantele ba ba emeng teng ba tla, ba raya Petoro ba re: “Ammaaruri, le wena ò mongwe wa bone; gonne le yona puo ya gago e a go supa.”

74 Ke fa a simolola go rogaka le go ikana a re: “Ga ke itse motho yoo.” Mme mokoko wa akofa wa lela.

75 Jaanong Petoro a gakologelwa lefoko le Jesu a le buileng a re: “E tla re mokoko o ise o lele, o be o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan