Mataio 24 - Setswana 1970Tempele e tla digwa ( Mar. 13:1 , 2 ; Luka 21:5 , 6 ) 1 Foo Jesu a tswa Tempeleng, a tsamaya. Jaanong barutwa ba gagwe ba mo atamela go mo supetsa dikago tsa Tempele. 2 Mme a ba fetola a re: “A ga lo bone tsotlhe tse? Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go kitla go lesiwa lentswe lepe fa le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le thujwa.” Ditlalelo tsa metlha ya bofelo ( Mar. 13:3-13 ; Luka 21:7-19 ) 3 E rile a ntse mo Thabeng ya Diolefa, barutwa ba gagwe ba tla go ene kwa thoko ba re: “Re bolelele gore tseo di tla nna leng, le sesupo sa go tla ga gago le sa bokhutlo jwa metlha eno ya lefatshe se tla nna jang?” 4 Jesu a ba araba a re: “Itiseng gore go se nne ope yo o lo timetsang! 5 Gonne ba bantsi ba tla tla ka leina la me, mongwe le mongwe a ipitsa a re: ‘Ke nna Keresete.’ Mme ba tla timetsa ba le bantsi. 6 Lo tla utlwela dintwa le medumo ya dintwa. Itiseng, mme lo se ka lwa tshoga; gonne go tshwanetse go dirafala; mme e tla bo e ise e nne bokhutlo. 7 Gonne setšhaba se tla tsogela setšhaba, le puso e tsogela puso; go bile go tla nna leuba le dithoromo tsa lefatshe kwa le kwa. 8 Mme tsotlhe tse ke tshimologo ya maralalo. 9 “Metlheng eo ba tla lo tsenya mo pitlaganong, ba lo bolaya; mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me. 10 Metlheng eo ba bantsi ba tla kgotšwa, ba tshwarisanya, ba tlhoana. 11 Baporofeti ba bantsi ba kako ba tla tsoga, ba timetsa ba bantsi. 12 Mme lorato lwa ba bantsi lo tla tsidifala ka ntlha ya go ntsifala ga tshiamololo. 13 Mme yo o itshokelang go ya bokhutlong ke ene yo o tla pholosiwang. 14 Mme Efangele e ya puso e tla rerwa mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo mo merafeng yotlhe; ke gona bokhutlo bo tla tlang. Pitlagano e kgolo. Baporofeti ba kako ( Mar. 13:14-23 ; Luka 21:20-24 ) 15 “E re fa lo bona makgapha a tshenyego a eme mo felong ga boitshepo, a a boletsweng ke moporofeti Daniele” – a yo o buisang a tlhaloganye! – 16 “foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng. 17 Yo o mo godimo ga ntlo a a se fologele go tsaya tse di mo ntlong ya gagwe; 18 le yo o kwa masimo a a se boele kwa morago go tsaya kobo ya gagwe. 19 A tatlhego wee ya ba baimana le ba ba amusang mo malatsing ao! 20 Mme lo rapele gore tshabo ya lona e se nne mariga, le fa e le ka Sabata; 21 gonne ka sebaka seo go tla nna pitlagano e kgolo, e e iseng e ke e nne go tswa mo tshimologong ya lefatshe go tla nakong eno; le gona ga go kitla go tlhola go nna jalo le ka motlha ope. 22 Mme fa malatsi ao a ka bo a sa khutshwafadiwa, go ka bo go sa pholosiwe motho ope; mme malatsi ao a tla khutshwafadiwa ka ntlha ya batlhaolwi. 23 “Metlheng eo fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo,’ gongwe, ‘Ke yole,’ lo se ka lwa dumela; 24 gonne go tla tsoga bokeresete ba kako le baporofeti ba kako; ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse le batlhaolwi. 25 Tlhokomelang, ke lo boleletse go sa le kwa pele. 26 “Fa jaanong ba lo raya ba re: ‘Bonang, o kwa sekakeng!’ lo se ka lwa tswa; ‘Bonang, o mo matlwaneng!’ lo se ka lwa dumela; 27 gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka logadima lo lo tleng lo tswe kwa botlhabatsatsi, lo bonalele le kwa bophirimatsatsi. 28 “Kwa setoto se leng teng, manong a tla phuthegela teng. Go tla ga Morwa-Motho ( Mar. 13:24-37 ; Luka 21:25-38 ) 29 “Ka bonako morago ga pitlagano ya malatsi ao, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga o kitla o ntsha lesedi la ona, le dinaledi di tla wa mo legodimong, le dithata tsa magodimo di tla reketlisiwa. 30 Ke gona go tla bonalang sesupo sa Morwa-Motho kwa legodimong. Foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla bokolela, mme di tla bona Morwa-Motho a tla ka maru a legodimo ka thata le ka kgalalelo e kgolo. 31 O tla roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya diphala, ba tla phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sengwe sa magodimo go ya kwa go se sengwe. Thuto ka ga mofeie ( Mar. 13:28-31 ; Luka 21:29-33 ) 32 “Lo ithute sekao ka mofeie: E a re fa dikala tsa ona di setse di le dinana, di tlhoga matlhare, lo itse gore selemo se gaufi. 33 Le lona jalo, e re lo bona dilo tsotlhe tse, itseng gore o gaufi, o fa mojako fela. 34 Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo kitla lo fela ka gope, tsotlhe tse di ise di dirafale pele. 35 Legodimo le lefatshe di tla fela, mme mafoko a me ga a kitla a fela ka gope. Nako ga e itsiwe ( Mar. 13:32-37 ; Luka 17:26-30 , 34-36 ) 36 “Ka ga letsatsi leo le nako eo ga go itse ope, le fa e le baengele ba magodimo le e seng Morwa, fa e se Rara a le esi. 37 Gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka go ne go le ka malatsi a ga Noa. 38 Go tla nna jaaka go ne go ntse mo malatsing ao a pele ga morwalela: Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa a tsenyeng mo mokorong o mogolo ka lone, 39 mme ba sa lemoge, ga tsamaya morwalela wa tla, wa ba tsaya botlhe. Go tla ga Morwa-Motho le gona go tla nna jalo. 40 Foo banna ba babedi ba tla bo ba le mo masimo; mongwe o tla tsholwa, yo mongwe a tlogelwe. 41 Basadi ba babedi ba tla bo ba sila mo lelwaleng; mongwe o tla tsholwa, yo mongwe a tlogelwe. 42 “Ka moo, phaphamang! Gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tla tlang ka lone. 43 Kana lo a itse gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako ya bosigo e legodu le tla tlang ka yona, o ka bo a disitse, a sa leseletsa ntlo ya gagwe go phunngwa. 44 Ka moo, le lona, nnang lo iketleeditse; gonne Morwa-Motho o tla tla ka nako e lo sa e gopoleng. Setshwantsho sa batlhanka ba babedi ( Luka 12:41-48 ) 45 “Jaanong he, motlhanka yo o ikanyegang yo o botlhale ke ofe, yo morena wa gagwe o mo laodisitseng ba ntlo ya gagwe go ba abela dijo ka nako ya tsona? 46 Go sego motlhanka yo, yo e tla reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a dira jalo. 47 Ammaaruri ke lo raya ke re: O tla mo laodisa tsotlhe tse o nang natso. 48 Mme fa motlhanka yo o bosula a ka ithaya a re: ‘Morena wa me o diegile,’ 49 mme a simolola go betsa batlhanka-ka-ene, a ja, a nwa le matagwa, 50 morena wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa mo lebelelang ka lone le ka nako e a sa e itseng; 51 o tla mo fatola, a mo neela kabelo ya gagwe le baitimokanyi. Go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa