Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 23 - Setswana 1970


Jesu o omanya Baitsedikwalo le Bafarisai
( Mar. 12:38 , 39 ; Luka 11:43-46 ; 20:45 , 46 )

1 Ya baa gona Jesu o buang le bontsi jwa batho le barutwa ba gagwe a re:

2 “Baitsedikwalo le Bafarisai ba ntse mo sedulong sa ga Moše;

3 ka moo tsotlhe tse ba di lo rayang, lo di dire, lo di tlhokomele; fela lo se ka lwa dira ka fa ditirong tsa bone; gonne tse ba di buang ga ba di dire.

4 Ba bofaganya merwalo e e bokete, ba e bee mo magetleng a batho, mme bone ka bosi ga ba rate go e tshikinya, le fa e le ka monwana.

5 Mme ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba katolosa meitlamo ya bone ya thapelo; ba leelefatsa dikola tsa dikobo tsa bone.

6 Ba bile ba rata manno a a kwa pele mo meletlong le ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng,

7 le go dumedisiwa mo dipatlelong le go bidiwa ke batho ‘Moruti!’

8 “Mme lona lo se ka lwa bidiwa baruti; gonne moruti wa lona o mongwe fela, e bong Keresete, mme lona lotlhe lo bana ba ga Rraeno.

9 Le gona lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong.

10 Gape, lo se ka lwa bidiwa bagogi; gonne mogogi wa lona o mongwe fela, e bong Keresete.

11 Mme yo o leng mogolo mo go lona a a nne modiredi wa lona.

12 Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa; mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.


Jesu o nyatsa Bafarisai
( Mar. 12:40 ; Luka 11:9-42 , 44-52 ; 20:47 )

13 “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tswalela batho puso ya magodimo. Tota lona ga lo tsene, mme ba ba reng ba a tsena, ga lo ba letlelele go tsena.

14 Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ja matlo a batlholagadi, lo itimokanya ka dithapelo tse ditelele; ke ka ntlha ya moo lo tla bonang katlholo e e bokete.

15 “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo dikologa lewatle le lefatshe go itlhabololela motho a le mongwe fela; mme e re a sena go nna jalo, lo mo dire morwa molete wa molelo go lo feta gabedi.

16 “Ijoo lonaa, lona bagogi ba ba foufetseng, ba lo reng: ‘Fa motho a ikana ka Tempele, ga se sepe; mme fa a ikana ka gouta ya Tempele, o ipofile.’

17 Masilo le difofu ke lona! Se segolo ke eng, a ke gouta, gongwe a ke Tempele e e itshepisitseng gouta?

18 Gape lo a re: ‘Fa motho a ikana ka aletare, ga se sepe; mme fa a ikana ka tshupelo e e mo godimo ga yona, o ipofile.’

19 Masilo le difofu ke lona! Se segolo ke eng, a ke tshupelo, gongwe aletare e e itshepisang tshupelo?

20 Ka moo, yo o ikanang ka aletare o ikana ka yona le ka tsotlhe tse di mo godimo ga yona.

21 Le yo o ikanang ka Tempele o ikana ka yona le ka Ona o o nnang mo go yona.

22 Le yo o ikanang ka legodimo o ikana ka sedulo sa bogosi sa Modimo le ka Ona o o ntseng mo go sona.

23 “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo kgetha karolo ya bosome ya minte le anise le kumina , mme lo tlogetse tse di boima tsa molao, e bong tshiamo le kutlwelo-botlhoko le tumelo. Dilo tseo di tshwanetse go dirwa, le tsele di se ka tsa tlogelwa.

24 Bagogi ba ba foufetseng ke lona! Lo tlhotlha lo ntshe monang, mme kammele lo e metse.

25 “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tlhatswa senwelo le mogopo ka fa ntle, mme mo teng di tletse bogodu le bopelotshetlha.

26 Mofarisai wa sefofu ke wena! Tlhatswa senwelo ka fa teng pele gore se nne phepa le ka fa ntle.

27 “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tshwana le diphupu tse di takilweng, tse di bonalang di le dintle ka fa ntle, mme ka mo teng di tletse marapo a baswi le boitshekologo jotlhe.

28 Le lona lo ntse jalo; ka fa ntle lo bonala mo bathong jaaka basiami, mme ka mo teng lo tletse boitimokanyo le boikepo.


Katlholo ya Bafarisai
( Luka 11:47-51 )

29 “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo aga diphupu tsa baporofeti, lo kgabise matlapa a segopotso a basiami,

30 lo re: ‘Fa re ka bo re ne re le teng mo malatsing a borraetsho, re ka bo re se ka ra dumelana nabo go bolaya baporofeti.’

31 Lo itshupa ka moo gore lo bomorwaa-bone ba ba bolaileng baporofeti.

32 Le lona, tlatsang seelo sa borraeno!

33 Dinoga ke lona le lotsalo lwa mabolobolo! Lo tla falola jang mo katlholong ya molete wa molelo?

34 Ke ka ntlha ya moo ke romang baporofeti le batlhalefi le Baitsedikwalo go lona; bangwe ba bone lo tla ba bolaya, lo ba bapolela sefapaanong; ba bangwe ba bone lo tla ba seola mo disenagogeng tsa lona, lo ba bogisa go tswa motseng mongwe go ya go o mongwe,

35 gore madi otlhe a a siameng a a tsholotsweng mo lefatsheng a lo wele, go simolola ka madi a ga Abele, mosiami, go tla mading a ga Sagaria, morwa Baragia, yo lo mmolaetseng fa gare ga Tempele le aletare.

36 Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tseo, di tla wela batho bao ba ba ntseng jalo.


Jesu o rata ba Jerusalema
( Luka 13:34 , 35 )

37 “Jerusalema, Jerusalema, yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, fela jaaka kgogo e tle e phuthe dikgogwana tsa yona ka fa tlase ga diphuka; mme lo ganne!

38 Bonang, Tempele ya lona lo tla e tlogelelwa e le letlotla fela.

39 Gonne ke lo raya ke re: Go tloga jaanong ga lo kitla lo mpona, go tle go tsamae lo bue lo re: ‘A go bakwe yo o tlang ka leina la Morena!’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan