Mataio 22 - Setswana 1970Papiso ya lenyalo la morwa kgosi ( Luka 14:16-24 ) 1 Jaanong Jesu a tswa molomo, a bua gape nabo ka ditshwantsho a re: 2 “Puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng kgosi e e kileng ya direla morwaa-yona moletlo wa lenyalo. 3 Ya roma batlhanka ba yona go bitsa ba ba laleleditsweng moletlo wa lenyalo; mme ba gana go tla. 4 Ya ba ya roma batlhanka ba bangwe ya re: ‘Rayang ba ba laleditsweng lo re: Itseng, ke baakantse dijo tsa me; dipholo tsa me le tse di nontshitsweng di tlhabilwe, tsotlhe di baakantswe; tlaang lenyalong!’ 5 Mme ba tlhokomologa, ba itsamaela, mongwe a ya kwa tshimong ya gagwe, yo mongwe kwa papading ya gagwe. 6 Ba ba setseng ba tshwara batlhanka ba yona, ba ba diraka mo go maswe, ba ba bolaya. 7 Foo kgosi ya galefa, ya bolotsa mephato ya yona, ya bolaya babolai bao, ya tshuba motse wa bone. 8 Jaanong ya raya batlhanka ba yona ya re: ‘Lenyalo lone le baakantswe, mme ba ba laleditsweng ba ne ba sa tshwanela. 9 Ka moo, yaang kwa makgabaganong a ditsela, mme botlhe ba lo tla ba fitlhelang, lo ba laleletse lenyalo.’ 10 Batlhanka bao ba tswela kwa ditseleng, ba phutha botlhe ba ba ba fitlhelang, ba ba bosula le ba ba molemo, ntlo ya lenyalo ya tlala ba ba ntseng fa dijong. 11 “Ya re kgosi e tsena go sekaseka ba ba ntseng fa dijong, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa lenyalo. 12 Ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano, o sa apara seaparo sa lenyalo?’ Ene a tlhoka puo. 13 Ke fa kgosi e raya badiredi e re: ‘Mmofeng maoto le mabogo, lo mo latlheleng kwa ntle kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng.’ 14 “Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba tlhaotsweng ga ba banene.” Ka ga lekgetho la Kaisara ( Mar. 12:13-17 ; Luka 20:20-26 ) 15 Jaanong Bafarisai ba ya go gakololana ka fa ba ka mo raraanyang mo lefokong lengwe ka teng. 16 Ba roma barutwa ba bone kwa go ene, ba na le ba ga Herote, ba re: “Moruti, re itse gore o boammaaruri, o bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o gobelelele motho. 17 Jaanong he, re bolelele gore o gopolang? A go letleletswe go kgethela Kaisara, gongwe nnyaa?” 18 Ya re ka Jesu a lemoga bolotsana jwa bone, a araba a re: “Lo nthaelelang, baitimokanyi ke lona? 19 Ntshupetseng ledi la lekgetho!” Ba tsisa ledi la selefera kwa go ene. 20 A ba botsa a re: “Setshwantsho se le sekwalo se ke tsa ga mang?” 21 Ba mo araba ba re: “Ke tsa Kaisara.” Jaanong a ba raya a re: “Ka moo he, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara le Modimo tse e leng tsa Modimo.” 22 Ya re ba utlwa, ba gakgamala; ba mo tlogela, ba tsamaya. Potso ya Basadukai ka ga tsogo ya baswi ( Mar. 12:18-27 ; Luka 20:27-40 ) 23 Ka letsatsi leo Basadukai ba ba reng, ga go na tsogo ya baswi, ba tla go ene, ba mmotsa ba re: 24 “Moruti, Moše o rile, fa mongwe a swa, a se na bana, a morwa-rraagwe a nyale mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa-rraagwe losika. 25 Jaanong go kile ga bo go le bomorwa-monna ba ba supang mo go rona. Wa ntlha, ya re a sena go nyala, a swa; mme ka a se na bana, a tlogelela morwa-rraagwe mosadi wa gagwe. 26 Ga nna fela jalo le wa bobedi le wa boraro go ya go wa bosupa. 27 Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa. 28 Jaanong mo tsogong e tla nna mosadi wa ga mang mo go bone ba ba supang? Gonne ba ne ba mo tsere botlhe.” 29 Jesu a ba araba a re: “Lo a timela, ka lo sa itse Dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo; 30 gonne mo tsogong ya baswi ga ba nyale, le fa e le go nyalwa; mme ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. 31 Ka ga tsogo ya baswi, a ga lo ise lo ke lo bale se Modimo o se buileng le lona wa re: 32 ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe’? Modimo ga se wa baswi, ke wa baphedi.” 33 Ya re batho ba utlwa, ba gakgamalela thuto ya gagwe. Taolo e kgolo ( Mar. 12:28-34 ; Luka 10:25-28 ) 34 E rile Bafarisai ba utlwa gore o tlhokisitse Basadukai puo, ba phuthega. 35 Mongwe wa bone, e le moitse-molao, a mmotsa ka go mo leka a re: 36 “Moruti, taolo e kgolo mo molaong ke efe?” 37 A mo araba a re: “ ‘Rata Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ 38 E ke yona taolo e kgolo le ya ntlha. 39 Mme ya bobedi e tshwana nayo, e a re: ‘Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.’ 40 Mo ditaolong tsoo pedi tse go akareditswe molao otlhe le baporofeti.” Potso ka ga tlhago ya ga Keresete ( Mar. 12:35-37 ; Luka 20:41-44 ) 41 E rile Bafarisai ba phuthegile, Jesu a ba botsa a re: 42 “Lo gopolang ka ga Keresete? Ke morwa mang?” Ba mo raya ba re: “Ke wa ga Dafita.” 43 A ba raya a re: “Fa go le jalo, Dafita o mmitsa jang ‘Morena’ ka Mowa, fa a re: 44 “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang, go tle go tsamae ke bee baba ba gago fa tlase ga dinao tsa gago’? 45 “Jaanong fa Dafita a mmitsa ‘Morena’, o ntse morwawe jang?” 46 Mme ga bo go se ope yo o nonofileng go mo araba ka lefoko lepe; le gona fa e sa le ka letsatsi leo ga bo go se ope yo o sa ntseng a ka beta pelo go mmotsa sepe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa