Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 21 - Setswana 1970


Jesu o tsena kwa Jerusalema
( Mar. 11:1-11 ; Luka 19:28-40 ; Joh. 12:12-19 )

1 E rile ba atamela Jerusalema, ba fitlha kwa Bethefage fa Thabeng ya Diolefa, foo Jesu a roma barutwa ba le babedi,

2 a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; lo tla akofa lo fitlhela esele e golegilwe, e na le eselana; di gololeng, lo di tsise kwano go nna.

3 Mme fa mongwe a bua sengwe le lona, lo re: ‘Morena o a di batla;’ mme o tla akofa a di romela.”

4 Mme tsotlhe tse, di ne di dirafala gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re:

5 “Bolelelang Morwadia Sione lo re: ‘Bona, Kgosi ya gago e tla go wena, e le bonolo, e palame esele, e bong eselana, ngwana wa esele.’ ”

6 Barutwa ba ya, ba dira fela ka fa Jesu a ba laetseng ka teng.

7 Ba tsisa esele le eselana, ba baya dikobo tsa bone mo go tsona, mme Jesu a e palama.

8 Foo bontsi jwa batho jwa ala dikobo tsa bone mo tseleng; mme ba bangwe ba kgaola dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng.

9 Mme batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba mo setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana go Morwa Dafita! Go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo magodimodimong!”

10 E rile a tsena mo Jerusalema, motse otlhe wa huduega wa re: “Yo ke mang?”

11 Mme bontsi jwa batho jwa araba jwa re: “Ke ene moporofeti Jesu yo o tswang kwa Nasaretha wa Galelea.”


Jesu o leleka ba ba itshepololang Tempele
( Mar. 11:15-19 ; Luka 19:45-48 ; Joh. 2:13-22 )

12 Jaanong Jesu a tsena mo Tempeleng, a feta a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi,

13 a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo;’ mme lona lo e dirile mongobo wa dinokwane.”

14 Foo difofu le batlhotsi ba tla go ene mo Tempeleng, mme a ba fodisa.

15 Ya re baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba bona dikgakgamatso tse o di dirang, le bana ba ba opang mokgosi mo Tempeleng ba re: “Hosana go Morwa Dafita!” ba gakala,

16 ba mo raya ba re: “A o utlwa se bao ba se buang?” Jesu a ba fetola a re: “Ee; a ga lo ise lo ke lo buise se se reng: ‘O ipaakanyeditse pako ka melomo ya masea le ya ba ba anyang’?”

17 Mme a ba tlogela, a tswa mo motseng, a ya kwa Bethania, a lala teng.


Komelelo ya mofeie
( Mar. 11:12-14 , 20-24 )

18 Ya re ka moso phakela, fa a boela kwa motseng, a tshwarwa ke tlala.

19 Ya re a bona mofeie fa tseleng, a ya kwa go ona; mme a se ka a fitlhela sepe mo go ona, fa e se matlhare fela. Foo a o raya a re: “A go se tlhole go ungwa leungo lepe mo go wena go ya bosakhutleng!” Mme mofeie wa akofa wa omelela.

20 Ya re barutwa ba bona, ba gakgamala ba re: “Kana mofeie o omeletse ka bonako jang?”

21 Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo ka dira, e seng fela se se diretsweng mofeie; mme fa lo ka raya thaba e lo a re: ‘Itsholetse o itigele mo lewatleng,’ go ka dirafala.

22 Le tsotlhe tse lo ka di kopang mo thapelong ka go dumela, lo tla di amogela.”


Potso ka ga thata ya ga Jesu
( Mar. 11:27-33 ; Luka 20:1-8 )

23 E rile a sena go tsena mo Tempeleng, mme a ruta, baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tla go ene ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Ke mang yo o go neileng thata e?”

24 Mme Jesu a ba fetola a re: “Le nna ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; fa lo ka le mpolelela, le nna ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona:

25 Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kae, a ke kwa legodimong, gongwe mo bathong?” Foo ba akanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re raya a re: ‘Mme ke eng, fa lo ne lo sa mo dumele?’

26 Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ re boifa batho; gonne botlhe ba kaile Johane moporofeti.”

27 Jaanong ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Le ene a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele thata e ke dirang dilo tse ka yona.


Setshwantsho sa bomorwa ba babedi

28 “Lo gopolang? Motho mongwe o ne a na le bomorwa ba le babedi; mme a ya kwa go wa ntlha a re: ‘Ngwanaka, ya o dire mo tshimong ya moweine kajeno.’

29 A araba a re: ‘Ee, morena.’ Mme a se ka a ya.

30 Foo a ya kwa go wa bobedi, a bua fela jalo. Ene a araba a re: ‘Ke a gana.’ Mme morago a ikwatlhaya, a ya.

31 Jaanong he, ke ofe wa ba babedi ba, yo o dirileng thato ya ga rraagwe?” Ba re: “Wa bofelo.” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Bakgethisi le diaka ba lo raka go tsena mo pusong ya Modimo.

32 Gonne Johane o tsile go lona ka thuto e e siameng, mme ga lo a ka lwa mo dumela; bakgethisi le diaka bone ba mo dumela. Mme lona, le fa lo bonye, ga lo a ka lwa ikwatlhaya morago gore lo mo dumele.


Setshwantsho sa balemi
( Mar. 12:1-12 ; Luka 20:9-19 )

33 “Utlwang setshwantsho se sengwe: Go ne go le motho yo e leng mong wa ntlo, a lemile tshimo ya moweine, a e agelela ka logora, a epa setlhotlhelo sa weine mo go yona, a aga sefata; mme tshimo a e neela balemi, a ba a eta.

34 Ya re sebaka sa maungo se atamela, a roma batlhanka ba gagwe kwa baleming gore ba ye go amogela maungo a gagwe.

35 Balemi ba tshwara batlhanka ba gagwe, mongwe ba mmetsa, yo mongwe ba mmolaya, yo mongwe ba mo kgobotletsa ka majwe.

36 Gape a roma batlhanka ba bangwe ba bantsi go feta ba pele; mme ba ba dira fela jalo.

37 La bofelo a roma morwawe kwa go bone, a gopola gore: ‘Ba tla tlotla morwaake.’

38 Mme ya re balemi ba bona morwawe, ba raana ba re: ‘Wa boswa ke yo; tlaang re mmolaeng, re tle re je boswa jwa gagwe!’

39 Ba mo tshwara, ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya.

40 “Jaanong, e tla re morena wa tshimo ya moweine a tla, a direng ka balemi bao?”

41 Ba mo araba ba re: “Ba ba bosula bao o tla ba bolaya setlhogo, mme tshimo ya moweine o tla e neela balemi ba sele, ba ba tla neng ba mo neela maungo ka dinako tsa ona.”

42 Jesu a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo buise mo Dikwalong fa go tweng: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo. Seo se dirilwe ke Morena, se bile se gakgamatsa mo matlhong a rona.’

43 “Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Puso ya Modimo e tla tlosiwa mo go lona, e newa setšhaba se se tla ntshang maungo a yona.

44 Yo o welang mo lentsweng leo o tla thubagana; mme yo lone le mo welang le tla mo papetla.”

45 Ya re baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba utlwa ditshwantsho tsa gagwe, ba lemoga gore o bua ka ga bone,

46 ba be ba batla go mo tshwara, mme ba boifa masomo a batho, ka ba mo kaya moporofeti.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan