Mataio 2 - Setswana 1970Batlhalefi ba botlhabatsatsi 1 E rile Jesu a sena go tsalelwa kwa Betleheme wa Jutea mo malatsing a kgosi Herote, batlhalefi bangwe ba tswa kwa botlhabatsatsi, ba fitlha mo Jerusalema ba re: 2 “Kgosi ya Bajuta e e tsetsweng e fa kae? Gonne re bonye naledi ya yona, re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.” 3 Ya re kgosi Herote a utlwa, a tshoga le botlhe ba Jerusalema nae. 4 A ba a phutha baperesiti ba bagolo botlhe le Baitsedikwalo ba morafe, a tlhotlhomisa mo go bone gore Keresete o tla tsalelwa kae. 5 Ba mo araba ba re: “Kwa Betleheme wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moporofeti ga twe: 6 “ ‘Wena Betleheme wa lefatshe la Juta; ga o mmotlana ka gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tla tswa molaodi yo o tla disang morafe wa me wa Iseraele.’ ” 7 Ke fa Herote a biletsa batlhalefi fa thoko, a ba botsa thata ka ga sebaka se naledi e bonetseng ka sona, 8 a ba a ba romela kwa Betleheme a re: “Yaang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwana; mme e re lo sena go mmona, lo tle go mpolelela, gore le nna ke ye go mo obamela.” 9 Ya re ba sena go utlwa kgosi, ba tsamaya; ba akofa ba bona naledi e ba e bonyeng kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya ba ya fitlha ya ema e okame felo fa ngwana a leng teng. 10 Ya re ba bona naledi, ba itumela thata ka boitumelo jo bogolo. 11 Ba feta ba tsena mo ntlong, ba bona ngwana, a na le Maria, mmaagwe. Jaanong ba wela fa fatshe, ba mo obamela, ba be ba phutholola matlotlo a bone, ba mo ntshetsa dineo, e bong gouta le maswalo le mera. 12 Mme ya re ka ba laetswe ke Modimo ka toro gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba boela kwa lefatsheng la ga bone ka tsela e sele. Josefa o tshabela kwa Egepeto 13 E rile ba sena go tloga, moengele wa Morena a bonala fa go Josefa ka toro, a mo raya a re: “Nanoga o tsee ngwana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o be o nne teng go tsamaya ke go itsise; gonne Herote o ikemiseditse go batla ngwana gore a mmolae.” 14 Ke fa a tsoga, a tsaya ngwana le mmaagwe bosigo, a tloga a ya kwa Egepeto; 15 a nna teng ga tsamaya Herote a swa, gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re: “Ke biditse morwaake kwa Egepeto.” Herote o bolaya bana 16 E rile jaanong Herote a lemoga gore batlhalefi ba mo forile, a gakala thata, a ba a romela batlhanka go bolaya basimanyana botlhe kwa Betleheme le mo tikologong yotlhe ya teng, go simolola ka ba dinyaga tse pedi le bomonnaa-bone, ka fa sebakeng se o se tlhotlhomisitseng mo batlhalefing. 17 Ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke moporofeti Jeremia a re: 18 “Lentswe le ne la utlwala kwa Rama, selelo le khutsafalo e kgolo; Ragele a lelela bana ba gagwe, mme a gana go gomodiwa, gonne ga ba tlhole ba le teng.” Josefa o boela gae 19 Jaanong ya re Herote a sena go swa, moengele wa Morena a bonala fa go Josefa kwa Egepeto ka toro a re: 20 “Tsoga o tsee ngwana le mmaagwe, o boele kwa lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba neng ba batla go bolaya ngwana ba sule.” 21 A tsoga, a tsaya ngwana le mmaagwe, a boela kwa lefatsheng la Iseraele. 22 Ya re a utlwa gore Aregelao o busa kwa Jutea mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re a sena go laelwa ke Modimo ka toro, a fetela kwa lefatsheng la Galelea, 23 a ba a fitlha a aga mo motseng o o bidiwang Nasaretha; ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke baporofeti ba re: “O tla bidiwa Monasaretha.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa