Mataio 19 - Setswana 1970Ka ga tlhalo ( Mar. 10:1-12 ) 1 E rile Jesu a sena go wetsa mafoko ao, a tloga kwa Galelea, a ya kwa nageng ya Jutea ka tsela e e kwa moseja ga Joretane. 2 Masomo a magolo a batho a mo sala morago, mme a ba fodisa teng. 3 Jaanong ga tla Bafarisai go ene, ba mo lalela ba re: “A go letleletswe motho go tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya sengwe le sengwe?” 4 A araba a re: “A ga lo a buisa gore Mmopi o ba dirile monna le mosadi mo tshimologong? 5 A ba a re: ‘Ke ka ntlha ya moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela?’ 6 Ka moo, ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe fela. Jaanong se Modimo o se kopantseng, a motho a se se kgaoganye.” 7 Ba mo raya ba re: “Mme ke go reng, fa Moše a laotse gore go ntshiwe lokwalo lwa tlhalo le go tlhala?” 8 A ba fetola a re: “Moše o lo leseleditse go tlhala basadi ba lona ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona; mme go tswa kwa tshimologong go ne go sa nna jalo. 9 Mme nna ke lo raya ke re: Motho yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, a ba a nyala o sele, o senya kgolagano ya nyalo; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o senya kgolagano ya nyalo.” 10 Barutwa ba mo raya ba re: “Fa go ntse jalo ka ga monna le mosadi, go tla bo go se molemo go nyala.” 11 A ba raya a re: “Ga se botlhe ba ba tlhaloganyang lefoko le, fa e se ba ba neilweng go le tlhaloganya. 12 Gonne go na le ba ba sa eletseng go nyala, ka ba tsetswe jalo; e bile go na le ba ba palelwang ke go nyala, ka ba dirilwe jalo ke batho; gape go na le ba ba ikiletsang nyalo ka ntlha ya puso ya magodimo. Yo o nonofileng go tlhaloganya a a tlhaloganye!” Jesu o tshegofatsa bana ( Mar. 10:13-16 ; Luka 18:15-17 ) 13 Jaanong ga tsisiwa bana go ene gore a ba bee diatla le go ba rapelela. Mme barutwa ba ba kgalemela. 14 Jesu a re: “Lesang bana, lo se ba iletse go tla go nna; gonne puso ya magodimo ke ya ba ba ntseng jalo.” 15 Jaanong ya re a sena go ba baya diatla, a tloga teng. Lekau le le humileng ( Mar. 10:17-31 ; Luka 18:18-30 ) 16 Jaanong mongwe a tla go ene a re: “Moruti, nka dirang se se molemo gore ke bone bophelo jo bo sa khutleng?” 17 A mo araba a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Yo o molemo ke a le mongwe fela; mme fa o rata go tsena mo bophelong, tshegetsa ditaolo.” 18 A mmotsa a re: “Ke dife?” Jesu a re: “Ke tse: O se ka wa bolaya; o se ka wa dira boaka; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; 19 tlotla rraago le mmaago; gape: Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.” 20 Lekau la mo raya la re: “Tsotlhe tse ke di tlhokometse; ke sa tlhoka eng?” 21 Jesu a mo araba a re: “Fa o rata go nna yo o tletseng, yaa o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong; o be o tle, o ntshale morago!” 22 Ya re lekau le utlwa lefoko le, la tsamaya le hutsafetse; gonne le ne le na le dithuo tse dintsi. 23 Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mohumi o tla tsena mo pusong ya magodimo ka bothata. 24 Gape, ke lo raya ke re: Go botlhofo go kammele go tsena ka letshoba la lomao bogolo go mohumi go tsena mo pusong ya Modimo.” 25 Ya re barutwa ba utlwa, ba rerega thata ba re: “Fa go ntse jalo, go ka pholosiwa mang?” 26 Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Seo mo bathong se padile; mme mo Modimong tsotlhe di ka dirafala.” 27 Jaanong Petoro a mo fetola a re: “Bona, rona re tlogetse tsotlhe, ra go sala morago; re tla boelwa ke eng?” 28 Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re mo bontšhwafatsong, fa Morwa-Motho a nna mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe, le lona ba lo ntatetseng lo nne mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo buse ditso di le 12 tsa Iseraele. 29 Le mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo gongwe bomorwa-rraagwe gongwe bokgaitsadie gongwe rraagwe gongwe mmaagwe gongwe bana gongwe masimo ka ntlha ya leina la me, o tla amogela bontsi jo bo fetang tseo, a ba a ja boswa jwa bophelo jo bo sa khutleng. 30 Mme ba bantsi ba pele e tla nna ba morago, le ba morago e nne ba pele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa