Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 17 - Setswana 1970


Morena o galalediwa kwa thabeng
( Mar. 9:2-13 ; Luka 9:28-36 )

1 Morago ga malatsi a marataro Jesu a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, morwa-rraagwe, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e kwa godimo ba le bosi.

2 Foo a fetoga setshwano fa pele ga bone; sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.

3 Ke fa Moše le Elia ba bonala fa go bone, ba bua nae.

4 Mme Petoro a simolola go bua, a raya Jesu a re: “Morena, go monate mo go rona go nna fano; fa ò rata, ke tla dira metlaagana e meraro fano, o mongwe e nne wa gago, o mongwe wa ga Moše, o mongwe wa ga Elia.”

5 Ya re a sa ntse a bua, leru le le lesedi la ba ritifalela ka tshoganyetso, le lentswe la tswa mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang; mo utlweng!”

6 Ya re barutwa ba le utlwa, ba wela fa fatshe ka difatlhego, ba boifa segolo.

7 Foo Jesu a tla, a ba ama a re: “Tsogang, se boifeng!”

8 Ya re ba tsholetsa matlho, ba se ka ba bona ope, fa e se Jesu a le esi.

9 Ya re ba fologa mo thabeng, Jesu a ba laela a re: “Lo se ka lwa bolelela ope pono e, go tsamaya Morwa-Motho a tsosiwe mo baswing.”

10 Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa Baitsedikwalo ba re, Elia o tshwanetse go tla pele?”

11 Mme a araba a re: “Ka nnete Elia o e tla, o tla tsosolosa tsotlhe.

12 Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tsile, mme ga ba a ka ba mo itse, ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng. Morwa-Motho le ene ba tla mmogisa jalo.”

13 Ke fa barutwa ba gagwe ba tlhaloganya gore o bua nabo ka ga Johane Mokolobetsi.


Phodiso ya molwetse wa seebana
( Mar. 9:14-29 ; Luka 9:37-43 a)

14 E rile ba sena go fitlha kwa bathong, ga tla motho mongwe kwa go ene, a mo khubamela a re:

15 “Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o a karalala, o bogisega thata; ke gantsi a wela mo molelong le gantsi mo metsing.

16 Ke ne ke mo tlisitse kwa barutweng ba gago, mme ba paletswe ke go mo fodisa.”

17 Jesu a fetola a re: “A batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo! Kana ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela goleele go le kae? Mo tsiseng kwano go nna!”

18 Foo Jesu a kgalemela modemone, wa tswa mo go ene, mme mosimane a fola e sa le ka nako eo.

19 Jaanong barutwa ba tla kwa go Jesu kwa thoko ba re: “Ke go reng, fa rona re reteletswe ke go o kgarameletsa ntle?”

20 A ba raya a re: “Ke ka gore lo tlhoka tumelo; gonne ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, le fa e le e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete fela, lo ka raya thaba e lo a re: ‘Tloga fa, o ye fale!’ mme e tla ya, go se na sepe se se ka lo palelang.

21 Mme mofuta o ga o tswe, fa e se ka thapelo le ka go itima dijo.”


Polelelopele ya bobedi ya dipogo
( Mar. 9:30-32 ; Luka 9:43b-45 )

22 Ya re ba ntse ba kopana mo Galelea, Jesu a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.

23 Ba tla mmolaya; mme o tla tsosiwa ka letsatsi la boraro.” Foo ba hutsafala thata.


Jesu o duela lekgetho la Tempele

24 E rile ba sena go fitlha kwa Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la Tempele ba tla kwa go Petoro ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la Tempele?”

25 Ene a re: “Nnyaya, o a le ntsha.” Ya re a tsena mo ntlong, Jesu a mo raka ka puo a re: “O gopolang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela makgetho a kgwebo gongwe a tlhogo ya motho mo go bomang? A ke mo go bomorwaa-tsona gongwe mo bathong ba bangwe?”

26 Mme ya re a re: “Mo bathong ba bangwe,” Jesu a mo raya a re: “Fa go le jalo, bomorwa ba gololesegile.

27 Le gale a re se ba kgopise; yaa kwa letsheng, ò latlhele kobe mo teng, mme tlhapi e ò e tshwarang pele, o e tsee, ò e atlhamolose; ò tla fitlhela ledi la selefera; le tsee, ò le ba neele, e nne lekgetho la me le la gago.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan