Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 16 - Setswana 1970


Batho ba kopa motlholo
( Mar. 8:11-13 ; Luka 12:54-56 )

1 Jaanong Bafarisai le Basadukai ba tla go ene, ba mo raela, ba mo kopa gore a ba supetse sesupo se se tswang legodimong.

2 Mme a ba fetola a re: “E a re fa go le maitsiboa, lo re: ‘Go tla tsoga go anogile; gonne legodimo le lehibidu.’

3 E re mo mosong lo re: ‘Go tla tlhola go le letlololo; gonne legodimo le lehibidu le bontsho.’ Fa e le ponalo ya legodimo, lo itse go e farologanya; mme ditshupo tsa dipaka tsona, a di a lo palela?

4 Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; mme ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” Mme a ba tlogela foo, a tsamaya.


Matlhabego a Bafarisai
( Mar. 8:14-21 )

5 E rile barutwa ba fitlha kwa moseja, ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe.

6 Jesu a ba raya a re: “Tlhokomelang, lo bo lo itise mo matlhabegong a Bafarisai le a Basadukai!”

7 Jaanong ba gopotsanya ba re: “O raya ka gore ga re a tsaya dinkgwe.”

8 Mme Jesu a itse, a ba raya a re: “Lona ba tumelo e potlana, ke eng fa lo gopotsanya gore ke ka gonne lo se na dinkgwe?

9 A ga lo ise lo lemoge sepe, le fa e le go gakologelwa dinkgwe tse tlhano tsa ba ba dikete tse tlhano le ditlatla di le kae tse lo di bonyeng?

10 Le fa e le dinkgwe tse di supang tsa ba ba dikete tse nne le diroto di le kae tse lo di bonyeng?

11 Ke ka ntlhang fa lo sa lemoge gore ke ne ke sa bue le lona ka ga dinkgwe? Mme ka re: Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai le a Basadukai!”

12 Ke fa ba tlhaloganya gore o ne a sa ree go itisa mo matlhabegong a senkgwe, mme a raya thuto ya Bafarisai le ya Basadukai.


Boipolelo jwa ga Petoro
( Mar. 8:27-30 ; Luka 9:18-21 )

13 E rile Jesu a fitlha mo ntlheng ya Kaisarea-Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re, Morwa-Motho ke mang?”

14 Ba re: “Bangwe ba re, ke Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, ke Elia; ba bangwe gape ba re, ke Jeremia gongwe yo mongwe wa baporofeti.”

15 A ba a ba botsa a re: “Mme lona lo a re, nna ke mang?”

16 Simone Petoro a araba a re: “O Keresete Morwa Modimo o o phelang.”

17 Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong.

18 E bile ke go raya ke re: O Petoro , mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dikgoro tsa felo ga baswi ga di kitla di e fenya.

19 Ke tla be ke go neele dilotlele tsa puso ya magodimo; sengwe le sengwe se o tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa magodimong; mme se o tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa magodimong.”

20 Jaanong a laya barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bolela ope, fa ene e le Keresete.


Polelelopele ya ntlha ya dipogo
(Mar. 8:31 – 9:1; Luka 9:22-27 )

21 Go tloga foo Jesu Keresete a simolola go sedimosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa ka tse dintsi ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.

22 Petoro a mo tseela kwa thoko, a simolola go mo kgalemela a re: “Morena, a Modimo o thibele moo! Go se ka ga go dirafalela jalo!”

23 Mme Jesu a retologa, a raya Petoro a re: “Ntlogele ò mpote morago, Satane! O sekgopi mo go nna; gonne ga ò gopole tsa Modimo, ò gopola tsa batho.”


Go sikara sefapaano

24 Ke fa Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago;

25 gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tla bo bona.

26 Gonne motho go ka mo thusang, le fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete? Gongwe motho o ka ntsha eng go nna segololo sa bophelo jwa gagwe?

27 Kana Morwa-Motho o tla tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; mme foo o tla busetsa mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.

28 Ammaaruri ke lo raya ke re: Go na le bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope ba ise ba bone Morwa-Motho a tla ka puso ya gagwe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan