Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 15 - Setswana 1970


Ka ga boitsheko le boitshekologo
( Mar. 7:1-13 )

1 Jaanong ga tla go Jesu Bafarisai le Baitsedikwalo, ba tswa kwa Jerusalema ba re:

2 “Ke go reng, fa barutwa ba gago ba tlhokomologa ngwao ya bagolo? Ka gonne ga ba tlhape diatla, fa ba ja.”

3 Ene a ba araba a re: “Ke go reng, fa le lona lo tlola taolo ya Modimo ka ntlha ya ngwao ya lona?

4 Gonne Modimo o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago.’ Gape wa re: ‘Yo o hutsang rraagwe gongwe mmaagwe, o na le go swa.’

5 Mme lona lo a re: ‘Fa motho a raya rraagwe gongwe mmaagwe a re: Se nka bong ke go thusa ka sona, se abetswe Modimo,’

6 ga go batlege gore a tlotle rraagwe gongwe mmaagwe ka gope. Lo dirolotse Lefoko la Modimo ka ntlha ya ngwao ya lona.

7 Baikaketsi ke lona! Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona a re:

8 “ ‘Batho ba, ba ntlotla ka melomo, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna.

9 Mme ba nkobamelela lefela, ka ba ruta dithuto tse e leng ditaelo tsa batho.’ ”


Se se itshekololang motho
( Mar. 7:14-23 )

10 Jaanong a ipiletsa batho, a ba raya a re: “Utlwang lo tlhaloganye:

11 Se se tsenang ka legano ga se sona se se itshekololang motho; mme se se tswang ka molomo ke sona se se itshekololang motho.”

12 Ke fa barutwa ba tla go ene, ba mo raya ba re: “A o itse gore e rile Bafarisai ba utlwa lefoko leo, ba kgopega?”

13 A araba a re: “Setlhatshana sengwe le sengwe se Rre wa legodimo o sa se tlhomang, se tla kumolwa ka medi.

14 Ba leseng; ke difofu tse di gogang difofu. Mme fa sefofu se goga sefofu, di tla wela mmogo mo kgatamping.”

15 Petoro a mo fetola a re: “Re ranolele setshwantsho se.”

16 Ene a re: “A le lona lo sa ntse lo tlhoka tlhaloganyo?

17 A ga lo lemoge gore tsotlhe tse di tsenang ka legano di fetela mo mpeng, di be di ye go latlhelwa kwa ntle?

18 Mme tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; ke tsona tse di itshekololang motho;

19 gonne mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dipolao le tsa boikanyologo jwa banyalani le tsa boaka le tsa bogodu le ditshupo tsa maaka le dikgalo.

20 Ke tsona tse di itshekololang motho. Mme go ja ka diatla tse di sa tlhapiwang ga go itshekolole motho.”


Mosadi wa Mokanana
( Mar. 7:24-30 )

21 Foo Jesu a tloga teng, a ya ntlheng ya Tiro le Sitone.

22 Mme teng ga tla mosadi wa Mokanana wa naga eo, a goa a re: “Nkutlwela botlhoko, Morena, Morwa Dafita! Morwadiake o tshwenngwa thata ke modemone.”

23 Mme a se ka a mo araba ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla go ene, ba mo rapela ba re: “Dira gore a tsamae; gonne o re goeletsa morago.”

24 A fetola a re: “Ga ke a rongwa gope, fa e se kwa dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.”

25 Ke fa mosadi a tla, a mo obamela a re: “Morena, nthusa!”

26 Jesu a araba a re: “Ga go a tshwanela go tsaya senkgwe sa bana go se latlhela dintšwanyana.”

27 Ene a fetola a re: “Ee, Morena, gonne le tsona dintšwanyana di a tle di je matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsona.”

28 Foo Jesu a mo araba a re: “Mosadi, tumelo ya gago e kgolo! A go go dirafalele ka fa o eletsang ka teng.” Mme morwadie a fola e sa le ka nako eo.


Ntsifatso ya bobedi ya dinkgwe
( Mar. 8:1-10 )

29 Jesu a tloga teng, a ya fa letsheng la Galelea, a ba a tlhatlogela mo thabeng, a nna teng.

30 Foo ga tla go ene masomo a magolo a batho, ba na le batlhotsi le digole le difofu le dimumu le balwetse ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa,

31 mo batho ba bileng ba gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, le digole di fodile, le batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona, ba be ba galaletsa Modimo wa Iseraele.

32 Foo Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba pelo, ka gonne ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, ba se na se ba ka se jang. Mme ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba felelwa ke thata mo tseleng.”

33 Barutwa ba mo raya ba re: “Re ka bona kae dinkgwe mono sekakeng, tse di ka lekanang go kgorisa bontsi jo bo kanakana?”

34 Jesu a ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di a supa, le ditlhatswana di se kae.”

35 Ya re a sena go laela batho gore ba nne fa fatshe,

36 a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a leboga, a di nathoganya, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho.

37 Ba be ba ja botlhe, ba a kgora; ba sela masadisa, a tlala diroto tse di supang.

38 Ba ba jeleng e ne e le banna ba ba dikete tse nne, go sa balwe basadi le bana.

39 Ya re a sena go naya batho tsela, a palama mokoro, a ya kwa nageng ya Magatala.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan