Mataio 12 - Setswana 1970Jesu ke Morena wa Sabata ( Mar. 2:23-28 ; Luka 6:1-5 ) 1 E rile ka nako eo Jesu a ralala masimo e le ka Sabata; barutwa ba gagwe ba bo ba tshwerwe ke tlala, ba simolola go kgetla diako le go ja. 2 Ya re Bafarisai ba bona, ba mo raya ba re: “Bona, barutwa ba gago ba dira se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata.” 3 A ba fetola a re: “A ga lo a buisa se Dafita o kileng a se dira, jale fa a tshwerwe ke tlala, ene le ba ba nang nae, 4 ka fa o neng a tsena mo ntlong ya Modimo ka teng, a ja dinkgwe tsa tshupo tse a sa letlelelwang go di ja, le fa e le ba ba neng ba na nae, fa e se baperesiti fela? 5 Kampo a ga lo ise lo buise mo molaong gore baperesiti ba tle ba itshepolole Sabata mo Tempeleng ka Sabata, mme ba se ke ba nne molato? 6 Mme ke lo raya ke re: Yo o leng mogolo go feta Tempele o fano. 7 Fa lo ka bo lo tlhalogantse gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo,’ lo ka bo lo sa sekise ba ba se nang molato. 8 Gonne le Sabata Morwa-Motho ke Morena wa yona.” Phodiso ya monna yo o omeletseng seatla ( Mar. 3:1-6 ; Luka 6:6-11 ) 9 Ya re a sena go tloga teng, a tsena mo senagogeng sa bone. 10 Ga bo go le motho teng yo o nang le seatla se se omeletseng. Ba mmotsa ba re: “A go letleletswe go fodisa ka Sabata?” Ba re jalo gore ba tle ba mmee molato. 11 A ba fetola a re: “Motho e ka nna mang mo go lona yo o nang le nku e le nngwe fela yo e ka reng e wetse mo mokoleng ka Sabata, a se ka a e tshwara, a e ntsha? 12 Mme kana motho o gaisa nku thata jang ne! Ke ka moo go letleletsweng go dira se se molemo ka Sabata.” 13 Ya baa gona o rayang motho yoo a re: “Otlolola seatla!” A se otlolola; sa boa sa fola sentle, sa nna jaaka se sengwe. 14 Ke fa Bafarisai ba tswa, ba gakololana ka ga gagwe ka fa ba ka mmolayang ka teng. Motlhanka yo o tlhaotsweng 15 Ya re Jesu a lemoga, a tloga teng; mme ba bantsi ba mo sala morago, a ba fodisa botlhe. 16 Mme a ba laela thata gore ba se ka ba mo tumisa, 17 e le gore go tle go dirafale se se builweng ke Jesaya moporofeti, a re: 18 “Bonang Motlhanka wa me yo ke mo itlhaoletseng; moratwi wa me, yo pelo ya me e natefelwang ke ene. Ke tla baya Mowa wa me mo go ene, mme o tla bolelela merafe tshiamo. 19 Ga a kitla a omana, le fa e le go goa; ga go ope yo o tla utlwang lentswe la gagwe mo mebileng. 20 Lotlhaka lo lo phitsegileng ga a kitla a lo roba, le mogala wa lobone o o takatakang ga a kitla a o tima, go ya a be a neele tshiamo phenyo. 21 Mme merafe e tla solofela mo leineng la gagwe.” Go kgala ga Bafarisai ( Mar. 3:22-30 ; Luka 11:14-23 ) 22 Jaanong ga tlisiwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke modemone, e le sefofu le semumu; mme a mo fodisa, mo semumu se bileng sa bua, sa ba sa bona. 23 Ke fa batho botlhe ba gakgamala ba re: “A jaana yo ga se Morwa Dafita?” 24 E rile Bafarisai ba utlwa, ba re: “Yo ga a lelekele medemone ntle ka sepe fa e se ka Beelsebule, molaodi wa medemone.” 25 Jaanong ya re ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a senyega, le motse mongwe le mongwe, gongwe ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema. 26 Fa Satane a kgarameletsa Satane kwa ntle, o tla bo a ikgaogantse; jaanong bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? 27 Jaanong fa ke kgarameletsa medemone kwa ntle ka Beelsebule, bomorwaa-lona bone ba e kgarameletsa ntle ka mang? Ke ka ntlha ya moo ba tla nnang baatlhodi ba lona. 28 Mme fa ke kgarameletsa medemone kwa ntle ka Mowa wa Modimo, foo puso ya Modimo e tla bo e tlile go lona. 29 “Motho o ka tsena jang mo ntlong ya monna wa senatla, a thopa dithoto tsa gagwe, fa a sa golega senatla pele? Mme fa a sena go mo golega, ke gona o ka thopang tsa ntlo ya gagwe. 30 “Yo o sa gogeng le nna o lwa le nna, le yo o sa phutheng le nna o a phatlalatsa. 31 Ke ka moo ke lo rayang ke re: Sebe sengwe le sengwe le kgalo, batho ba ka di itshwarelwa; mme kgalo e e kgalang Mowa, yona ga e kitla e itshwarelwa. 32 Le fa e le mang yo o tla buang lefoko le le nyefolang Morwa-Motho, o ka itshwarelwa; mme yo o tla buang le le nyefolang Mowa o o Boitshepo, ga a kitla a itshwarelwa mo metlheng eno le e seng mo go e e tlang. Ditlhare le maungo ( Luka 6:43-45 ) 33 “Dirang gore setlhare se siame, foo le leungo la sona le tla siama; gongwe dirang gore setlhare e nne se se sa siamang, foo le leungo la sona e tla nna le le sa siamang; gonne setlhare se itsiwe ka leungo. 34 Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo ka bua jang tse di molemo lo le bosula? Gonne molomo o bua tse di tletseng mo pelong. 35 Motho yo o molemo o ntsha tse di molemo mo lohumong lo lo molemo; mme motho yo o bosula o ntsha tse di bosula mo lohumong lo lo bosula. 36 “Ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tla le buang, ba tla ikarabela ka ga lone mo letsatsing la katlholo. 37 Gonne o tla kaiwa mosiami ka mafoko a gago, gongwe o tla bonwa molato ka mafoko a gago.” Sesupo sa ga Jona ( Mar. 8:11 , 12 ; Luka 11:29-32 ) 38 Ke fa bangwe ba Baitsedikwalo le Bafarisai ba mo raya ba re: “Moruti, re rata go bona sesupo mo go wena.” 39 A ba fetola a re: “Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona moporofeti; 40 gonne Morwa-Motho o tla nna mo teng ga lefatshe malatsi a mararo le masigo a mararo jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua malatsi a mararo le masigo a mararo. 41 Banna ba Ninife ba tla ema ka letsatsi la katlholo, ba na le batho ba kajeno, ba ba bona molato; gonne bone ba ne ba ikwatlhaya ka ntlha ya thero ya ga Jona; mme itseng gore yo o fetang Jona o fano. 42 Kgosi ya sesadi ya kwa borwa e tla nanoga ka letsatsi la katlholo, e na le batho ba kajeno, e ba bona molato; gonne yona e ne ya tswa kwa bokhutlong jwa lefatshe, ya tla go utlwa botlhale jwa ga Salomo; mme itseng gore yo o fetang Salomo o fano. Mowa o o itshekologileng ( Luka 11:24-26 ) 43 “Mowa o o itshekologileng, e a re fa o dule mo mothong, o ralale mafelo a a se nang metsi, o batle tapologo, mme o se ke o e bone. 44 Jaanong o re: ‘Ke tla boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yona.’ E re o tla, o fitlhele e se na ope, e feetswe, e kgabisitswe. 45 Foo o ye, o itseele mewa e sele e e supang, e e bosula go o feta, e be e tsene, e age teng; mme morago motho yoo a nne bosula go feta pele. Le batho ba ba bosula ba, ba tla dirafalelwa ke tse di ntseng jalo.” Ba ntlo ya ga gabo Jesu ( Mar. 3:31-35 ; Luka 8:19-21 ) 46 Ya re a sa ntse a bua le batho, mmaagwe le bomonnawe ba bo ba eme kwa ntle, ba batla go bua nae. 47 Mongwe a mo raya a re: “Bona, mmaago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba batla go bua nao.” 48 A fetola yo o mmoleletseng a re: “Mmê ke mang, le bonnake ke bomang?” 49 A ba a ntsha letsogo, a supa barutwa ba gagwe a re: “Bonang, mmê le bonnake ke ba. 50 Gonne mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa magodimong, ke ene nnake le kgaitsadiake le mmê.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa