Mataio 10 - Setswana 1970Baapostolo ba Jesu ( Mar. 3:13-19 ; 6:7-13 ; Luka 6:13-16 ) 1 Jaanong a ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng go e kgarameletsa ntle, le go fodisa malwetse le makoa otlhe. 2 Maina a baapostolo ba ba 12 ke a: Wa ntlha ke Simone yo o bidiwang Petoro, le Andrea morwa-rraagwe; le Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe; 3 le Filipo le Baretolomeo; le Thomase le Matheo, mokgethisi; le Jakobo wa ga Alefeo le Lebeo yo o bidiwang Thateo; 4 le Simone wa Kana le Jutase Isekariote, yo e leng ene o mo tshwarisitseng. Thomo ya baapostolo ( Mar. 6:7-13 ; Luka 9:1-6 ) 5 Bone ba ba 12 ba, Jesu o ne a ba roma, a ba laela a re: “Lo se ka lwa tsaya ditsela tse di yang baheitaneng, le e seng go tsena mo motseng ope wa Basamaria; 6 mme bogolo lo ye kwa dinkung tse di timetseng tse e leng Baiseraele. 7 Lo tsamae lo ntse lo rera lo re: ‘Puso ya Modimo e atametse.’ 8 Fodisang balwetse, tsosang baswi, phepafatsang balepero, kgarameletsang medemone ntle. Lo amogetse fela, nayang fela! 9 Se tseeng gouta, le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo meitlamong ya lona, 10 le fa e le kgwatlha ya leeto, le fa e le dikobo tse pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetse go newa dijo. 11 “Fa lo tsena mo motseng gongwe motsaneng, le fa e ka nna ofe, lo tlhotlhomise gore yo o tshwanetseng mo go ona ke mang. Lo nne teng go tsamae lo be lo tswe teng. 12 E re lo tsena mo ntlong, lo dumedise! 13 Fa e le ntlo e e tshwanetseng, a kagiso ya lona e tle mo go yona; mme fa e le e e sa tshwanelang, a kagiso ya lona e boele mo go lona. 14 Le fa e le mang yo o sa lo tsholeng, le e seng go reetsa mafoko a lona, tswaang mo ntlong eo gongwe mo motseng oo, lo be lo itlhotlhore lorole mo dinaong. 15 Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re ka letsatsi la katlholo petso ya motse oo e nne bogale go feta ya lefatshe la Sotoma le Gomora. Dipogiso ( Mar. 13:9-13 ; Luka 21:12-17 ) 16 “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ka moo he, nnang botlhale jaaka dinoga, lo be lo nne ba nnete jaaka maeba. 17 Itiseng mo bathong! Gonne ba tla lo neela mo makgotleng a magolo, ba lo seola mo disenagogeng tsa bone. 18 Lo tla isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone le mo baheitaneng. 19 E re fa ba lo isa mo tshekong, lo se ka lwa tshwenyega lwa re: ‘Re tla bua jang’ gongwe ‘re tla bua eng’; gonne ka nako eo lo tla newa se lo tla se buang; 20 gonne ga e ne e nna lona ba lo buang, ke Mowa wa ga Rraeno o o buang ka lona. 21 “Motho o tla neela morwa-rraagwe mo losong, le rra-motho ngwana wa gagwe; le bana ba tla tsogela batsadi ba bone, ba ba bolaisa batho. 22 Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tla pholosiwa. 23 Mme a e re fa ba lo bogisa mo motseng ono, lo tshabele kwa go o mongwe; gonne ammaaruri ke lo raya ke re: Morwa-Motho o tla tla, lo ise lo fetse metse ya Iseraele. 24 “Morutwa ga a fete moruti wa gagwe, le motlhanka ga a fete morena wa gagwe. 25 Go lekanye gore morutwa a nne jaaka moruti wa gagwe, le gore motlhanka a nne jaaka morena wa gagwe. Fa mong wa ntlo a biditswe Beelsebule, kana ba ntlo ya gagwe ba tla bidiwa jalo bogolo jang ne! Se boife batho ( Luka 12:2-7 ) 26 “Ka moo he, se ba boifeng; gonne ga go sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe. 27 Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bue mo leseding; le se lo se sebelwang, lo se utlwatse lo le mo godimo ga matlo. 28 Le gona, lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; mme bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng wa molelo. 29 A dirobele tse pedi ga di rekisiwe ka halfsent? Mme ga go sepe sa tsona se se welang fa fatshe kwa ntle ga go rata ga Rraeno. 30 Mme le dithiri tsa ditlhogo tsa lona di badilwe tsotlhe. 31 Ka moo, se boifeng; gonne lo gaisa dirobele di le dintsi. Go latola Jesu ( Luka 12:8-9 ) 32 “Jaanong mongwe le mongwe yo o tla impolelang fa pele ga batho, le nna ke tla mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa magodimong. 33 Mme yo o tla intatolang fa pele ga batho, le nna ke tla mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa magodimong. E seng kagiso, fa e se tšhaka ( Luka 12:51-53 ; 14:26 , 27 ) 34 “Lo se gopole gore ke tsisitse kagiso mo lefatsheng; ga ke a tsisa kagiso, fa e se tšhaka. 35 Gonne ke tsile go lotlhanya motho le rraagwe, morwadi le mmaagwe, ngwetsi le matsalaagwe. 36 Mme ba ntlo ya motho e tla nna baba ba gagwe. 37 “Yo o ratang rraagwe gongwe mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe gongwe morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. 38 Le yo o se tseyeng sefapaano sa gagwe, a ntshala morago, ga a ntshwanela. 39 Yo o bolokang bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tla bo bona. Tuelo ( Mar. 9:41 ) 40 “Yo o lo tsholang, o a ntshola; mme yo o ntsholang, o tshola yo o nthomileng. 41 Yo o tsholang moporofeti, ka e le moporofeti, o tla bona tuelo ya moporofeti; le yo o tsholang mosiami, ka e le mosiami, o tla bona tuelo ya mosiami. 42 Le yo o nosang mongwe wa ba babotlana ba metsi a a tsididi ka sego fela, ka e le ene morutwa, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa