Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 9 - Setswana 1970

1 A boa a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Go na le bangwe mo go ba ba emeng fano, ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope, go tsamaya ba bone puso ya Modimo e tsile ka thata.”


Go galalela ga Jesu mo thabeng
( Math. 17:1-13 ; Luka 9:28-36 )

2 Morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e kwa godimo kwa thoko ba le bosi. Jaanong a fetoga setshwano fa pele ga bone.

3 Diaparo tsa gagwe tsa phatsima, tsa nna ditshweu thata jaaka semathana, mo go se nang mosweufatsi ope mo lefatsheng yo o ka sweufatsang jalo.

4 Ga ba ga bonala fa go bone Elia a na le Moše, ba bua le Jesu.

5 Petoro a simolola go bua, a raya Jesu a re: “Moruti, go monate mo go rona go nna fano; nte re dire metlaagana e le meraro, mongwe e nne wa gago, o mongwe wa ga Moše, o mongwe wa ga Elia.”

6 Mme o ne a sa itse se a se buang, ka ba ne ba boifa thata.

7 Foo ga tla leru, la ba ritifalela; ga ba ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang; mo utlweng!”

8 Ka bonako ya re ba šebašeba, ba se ka ba tlhola ba bona ope, fa e se Jesu a le esi, a na le bone.

9 Ya re ba fologa mo thabeng, a ba laela gore ba se bolelele ope tse ba di bonyeng, Morwa-Motho a ise a tsoge mo baswing.

10 Ba boloka lefoko leo mo go bone, ba botsanya gore go tsoga mo baswing ke go reng.

11 Jaanong ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa Baitsedikwalo ba re, Elia o tshwanetse go tla pele?”

12 A ba raya a re: “Ee, Elia o tla tla pele go siamisa tsotlhe; mme go kwadilwe jang ka ga Morwa-Motho gore a boge dilo tse dintsi, a be a nyadiwe?

13 Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tsile, mme ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe.”


Phodiso ya molwetse wa seebana
( Math. 17:14-21 ; Luka 9:37-43 )

14 Ya re ba fitlha kwa barutweng, ba bona batho ba bantsi ba ba dikanyeditse le Baitsedikwalo ba ganetsanya nabo.

15 Ka bonako ya re bontsi joo bo mmona, jwa gakgamala, jwa tabogela kwa go ene, jwa mo dumedisa.

16 Ene a ba botsa a re: “Lo ganetsanyang nabo?”

17 Mongwe wa batho a mo araba a re: “Moruti, ke tsisitse morwaake kwa go wena, o na le mowa o o semumu.

18 Mme gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o a mo rutlarutla, a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgarameletse ntle, mme ba paletswe.”

19 Jesu a ba raya a re: “Mofuta wa batho ba ba sa dumeleng ke lona! Ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela sebaka se se kana kang? Mo tsiseng kwano go nna!”

20 Ba mo isa kwa go ene; ya re ngwana a mmona, mowa wa akofa wa mo rutlarutla, a wela fa fatshe, a bidikama, a phoka mafulo.

21 Jesu a botsa rraagwe a re: “Ke sebaka se se kae a ntse a ntse jaana?” Yoo a re: “Go tswa bonyaneng jwa gagwe.

22 Mme gantsi o mo digetse mo molelong le mo metsing go mmolaya. Jaanong fa o nonofile go dira sengwe, re tlhomogele pelo, o re thuse!”

23 Jesu a mo raya, a re: “A o a re: ‘Fa o nonofile’? Tsotlhe di ka dirafalela ene yo o dumelang.”

24 Ke fa rra-ngwana a goa ka dikeledi a re: “Ke a dumela! Thusa go tlhoka-tumelo ga me!”

25 Mme ya re Jesu a bona batho ba tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o itshekologileng, a o raya a re: “Wena mowa o o semumu, o o bosusu, ke a go laola: Tswaa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o boela mo go ene!”

26 Ke fa o goa, o mo rutlarutla thata, o tswa; mosimane a nna jaaka moswi, mo ba bantsi ba bileng ba re: “O sule.”

27 Mme Jesu a mo tshwara seatla, a mo kakatlolola, a ba a tsoga.

28 Ya re a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa kwa thoko ba re: “Ke go reng, fa rona re paletswe ke go o kgarameletsa ntle?”

29 A ba raya a re: “Mofuta o ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo le ka go itima dijo.”


Polelelopele ya bobedi ya dipogo
( Math. 17:22 , 23 ; 18:1-9 ; Luka 9:3-48 )

30 Jaanong ba tloga teng, ba ralala Galelea; mme a sa rate gore go itse ope.

31 Gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya; mme e tla re a sena go bolawa, a tsoge morago ga malatsi a le mararo.”

32 Mme ba se ka ba tlhaloganya polelo eo, ba be ba boifa go mmotsa.


Yo mogolo ke mang?

33 Jaanong ba fitlha kwa Kaperenaume. Ya re a le mo ntlong, a ba botsa a re: “Lo ne lo buisanya ka ga eng mo tseleng?”

34 Mme ba didimala; gonne ba ne ba ganetsantse mo tseleng gore yo mogolo ke mang.

35 Jesu a nna fa fatshe, a bitsa ba ba 12, a ba raya a re: “Fa mongwe a rata go nna wa pele, a a nne wa morago mo go botlhe, le modiredi wa botlhe.”

36 A ba a tsaya ngwana, a mo emisa mo gare ga bone, a mo diketsa ka mabogo, a ba raya a re:

37 “Yo o tsholang mongwe wa bana ba ba ntseng jaana ka ntlha ya leina la me, o a ntshola; mme yo o ntsholang, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.”


Yo o seng kgatlhanong le rona, o na le rona
( Luka 9:49 , 50 )

38 Johane a mo raya a re: “Moruti, re bonye mongwe yo o sa re lateleng, a kgarameletsa medemone ntle ka leina la gago: mme ra mo iletsa, ka a sa re latele.”

39 Mme Jesu a re: “Lo se ka lwa mo iletsa; gonne ga go ope yo e ka reng a dira kgakgamatso ka leina la me, a akofa a bua bosula ka ga me.

40 Kana yo o sa lweng le rona o goga le rona.

41 Le gona yo o tla lo nosang metsi ka sego ka leina la me, ka lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga a nke a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.


Dikgopiso
( Math. 5:29 , 30 ; 18:6-9 ; Luka 17:1 , 2 )

42 “Yo o tla kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene, fa lolwala lo logolo lo ka bo lo gokeletswe mo molaleng wa gagwe, mme a latlhelwa mo lewatleng.

43 Fa seatla sa gago se go kgopisa, o se kgaole; gonne go molemo go wena go tsena mo bophelong, o le segole, bogolo go ya mo moleteng, e bong mo molelong o o sa ka keng wa tingwa, o na le diatla tse pedi,

44 kwa seboko sa bone se sa sweng le molelo o sa timeng teng.

45 Fa lonao lwa gago lo go kgopisa, o lo kgaole; gonne go molemo go wena go tsena mo bophelong, o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo moleteng, o na le dinao tse pedi,

46 kwa seboko sa bone se sa sweng le molelo o sa timeng teng.

47 Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye; gonne go molemo go wena go tsena mo pusong ya Modimo, o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi,

48 ‘kwa seboko sa bone se sa sweng le molelo o sa timeng teng.’

49 “Gonne mongwe le mongwe o tla lokwa ka molelo; le setlhabelo sengwe le sengwe se tla lokwa ka letswai.

50 “Letswai le molemo; mme fa letswai le tswapogile, lo tla le tswaisa ka eng? “Nnang le letswai mo go lona, lo agisanye.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan