Mareko 8 - Setswana 1970Jesu o jesa dikete tse nne ( Math. 15:32-39 ) 1 Mo malatsing ao ga bo go le batho ba bantsi gape fa go Jesu, mme ba se na se ba ka se jang. A ipiletsa barutwa, a ba raya a re: 2 “Ke utlwela batho ba botlhoko, ka gonne jaanong ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, mme ga ba na se ba ka se jang. 3 Fa nka ba phatlalatsa go ya kwa magaeng a bone ka tlala, ba ka felelwa ke thata mo tseleng; gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.” 4 Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re: “Dinkgwe di ka tswa kae tse motho o ka kgorisang batho ba ka tsona mono sekakeng?” 5 Jesu a ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.” 6 Jaanong a laela batho gore ba nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse di supang, a leboga, a di nathoganya, a di neela barutwa ba gagwe, gore ba di ba bee pele; ba di baya batho pele. 7 Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae; ya re a sena go di lebogela, a re le tsona ba di bewe pele. 8 Ba ja ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di supa. 9 E ne e ka nna ba ba dikete tse nne; jaanong a ba naya tsela. 10 A akofa a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba a fitlha kwa dinageng tsa Dalemanutha. Matlhabego a Bafarisai ( Math. 16:1-12 ) 11 Jaanong ga tla Bafarisai, ba simolola go ganetsanya nae, ba batla sesupo mo go ene se se tswang kwa legodimong, mme e le go mo leka. 12 Mme a fegelwa thata mo moweng wa gagwe a re: “Losika lo, lo batlelang sesupo? Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo kitla lo newa sesupo sepe!” 13 A ba tlogela, a boa a palama mokoro, a tshelela kwa moseja. 14 Ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe; le mo mokorong ba se na sepe, fa e se senkgwe se le sengwe fela. 15 Jesu a ba tlhagisa a re: “Tlhokomelang, lo itise mo matlhabegong a Bafarisai le mo matlhabegong a ga Herote.” 16 Ke fa ba akanya mmogo ba re: “Ke ka gonne re se na dinkgwe.” 17 Ya re ka Jesu a itse, a ba raya a re: “Lo akanyetsang gore ga lo na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di sa ntse di siregile? 18 A ga lo bone, le fa lo na le matlho? A ga lo utlwe, le fa lo na le ditsebe? A ga lo gakologelwe gore 19 e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse tlhano dinkgwe tse tlhano, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, di tletse masadisa?” Ba mo raya ba re: “Di le 12.” 20 “Gape e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse nne dinkgwe tse di supang, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, tse di tletseng masadisa?” Ba mo raya ba re: “Di supa.” 21 A ba raya a re: “Mme go ntse jang, fa lo ise lo tlhaloganye?” Phodiso ya sefofu sa Betsaita 22 Jaanong ba fitlha mo Betsaita. Foo batho ba tsisa sefofu kwa go ene, ba mo rapela gore a se ame. 23 A tshwara sefofu seatleng, a se gogela kwa ntle ga motsana, a se kgwela mathe mo matlhong, a se baya diatla, a se botsa a re: “A o bona sengwe?” 24 Sa lelala sa re: “Ke bona batho; mme ke ba bona ba tsamaya, e kete ke ditlhare.” 25 A boa a se baya diatla gape mo matlhong, sa ba sa leba thata, sa fodisiwa, sa bonela tsotlhe sentle kwa kgakala. 26 Jaanong a se romela kwa ntlong ya sona a re: “O se ka wa tsena mo motsaneng le e seng go bolelela ope mo go ona.” Boipolelo jwa ga Petoro. Dipogo di bolelelwa pele ( Math. 16:13-23 ; Luka 9:18-22 ; Joh. 6:67-69 ) 27 Jesu a tloga foo, a ya kwa metsaneng ya Kaisarea-Filipi, a na le barutwa ba gagwe; a ba botsa mo tseleng a re: “Batho ba re, nna ke mang?” 28 Ba mo araba ba re: “Bangwe ba re, o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, o Elia; ba bangwe gape ba re, o mongwe wa baporofeti.” 29 A ba botsa gape a re: “Mme lona lo a re, ke mang?” Petoro a mo araba a re: “O Keresete.” 30 Foo a ba laela thata gore ba se ka ba bolelela ope ka ga gagwe. Polelelopele ya ntlha ya dipogo 31 Jaanong a simolola go ba ruta gore Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go latlhwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsoga morago ga malatsi a mararo. 32 Lefoko le a le bua ka phuthologo. Ke fa Petoro a mo tseela kwa thoko, a simolola go mo kgalemela. 33 Mme Jesu a retologa, a leba barutwa ba gagwe, a kgalemela Petoro a re: “Mpota morago, Satane! Gonne ga ò batle tsa Modimo, ò batla tsa batho.” Ka ga go sikara Sefapaano ( Math. 16:24-28 ; Luka 9:23-27 ) 34 Jaanong a ipiletsa batho ba ba leng teng mmogo le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago! 35 Gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya Efangele o tla bo boloka. 36 Gonne go ka thusa motho eng, fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete? 37 Kampo motho o ka ntsha eng go nna segololo sa botshelo jwa gagwe? 38 Gonne mongwe le mongwe yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me mo losikeng loo lwa boikepo le boleo, Morwa-Motho le ene o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, mogang a tlang ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa