Mareko 7 - Setswana 1970Mekgwa ya bagolo le taolo ya Modimo ( Math. 15:1-20 ) 1 Jaanong Bafarisai le bangwe ba Baitsedikwalo ba phuthegela kwa go ene, ba tswa Jerusalema. 2 Ya re ba bona gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba ja dijo ka diatla tse di sa itshekang, ke go re tse di sa tlhapiwang, ba ba bona molato. 3 Gonne Bafarisai le Bajuta botlhe ga ba ke ba ja, ba sa tlhapa diatla sentle, ka ba tshegetsa ngwao ya bagolo. 4 E a re fa ba tswa kwa marekelong, ba se ke ba je, fa ba sa itsokotsa diatla. E bile go na le tse dintsi tse dingwe tse ba di amogetseng go di tshegetsa, jaaka go tlhatswa dinwelo le dipitsana le dijana tsa kgotlho le malao. 5 Ka moo Bafarisai le Baitsedikwalo ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa barutwa ba gago ba sa tshele ka fa ngwaong ya bagolo, ba ja senkgwe ka diatla tse di sa itshekang?” 6 Mme a ba araba a re: “Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: “ ‘Morafe o, o ntlotla ka melomo, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. 7 Mme ba nkobamelela lefela, ka ba ruta dithuto tse e leng ditaolo tsa batho fela.’ 8 “Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tlhokomela ngwao ya batho.” 9 A ba a ba raya a re: “Lo itse sentle go dirolola taolo ya Modimo, lo tle lo tshegetse ngwao ya lona. 10 Gonne Moše o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago’; a ba a re: ‘Yo o hutsang rraagwe gongwe mmaagwe o na le go swa.’ 11 Mme lona lo a re: ‘Fa motho a raya rraagwe gongwe mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sona ke Korban,’ ke go re, se abetswe Modimo, 12 ga a tlhole a letlelelwa go direla rraagwe gongwe mmaagwe sepe. 13 Lo dirolola Lefoko la Modimo ka ngwao ya lona e lo e beileng; le tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.” Ka ga se se itshekololang motho 14 Ya re a sena go ipiletsa bontsi gape, a ba raya a re: “Ntheetsang lotlhe, lo tlhaloganye! 15 Ga go na sepe se se tswang kwa ntle ga motho, se se ka mo itshekololang ka go tsena mo go ene; tse di tswang mo mothong ke tsona tse di mo itshekololang. 16 Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe!” 17 E rile a sena go tsena mo ntlong, a tlogetse bontsi, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka ga setshwantsho seo. 18 A ba raya a re: “A e ntse jaana le lona ga lo na tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore sengwe le sengwe se se tsenang mo mothong se tswa kwa ntle, ga se ka ke sa mo itshekolola? 19 Gonne ga se tsene mo pelong ya gagwe, se tsena mo mpeng, se be se ye se tswele kwa ntle.” A raya gore dijo tsotlhe di itshekile. 20 A boa a re: “Se se tswang mo teng ga motho ke sona se se mo itshekololang. 21 Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dikgokafalo le tsa bogodu le dipolao, 22 le tsa boikanyologo jwa banyalani le megagaru le tsa bokgopo le bolotsana le boitaolo le lefufa le go kgala le boikgantsho le bosilo. 23 Tsotlhe tse di bosula tseo di tswa mo teng, di itshekolola motho.” Mosadi wa Mokanana ( Math. 15:21-28 ) 24 Jaanong a tloga teng, a ya kwa dinageng tsa Tiro le Sitone. A tsena mo ntlong, a sa rate gore go itse ope, mme a palelwa ke go fitlhega. 25 Ka bonako mosadi mongwe, yo morwadie yo monnye o neng a na le mowa o o itshekologileng, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. 26 Mosadi yoo e ne e le Mogerika, Mosirofenika ka fa botsalong. A mo rapela gore a leleke modemone mo go morwadie. 27 Jesu a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne ga go gontle go tseela bana senkgwe go se latlhela dintšwanyana.” 28 Ene a mo araba a re: “Ee, Morena; le tsona dintšwanyana tse di leng ka fa tlase ga tafole di ja matlhotlhora a bana.” 29 Jesu a mo raya a re: “Tsamaya ka ntlha ya lefoko leo; modemone o dule mo go morwadio.” 30 Yoo a tloga a ya kwa ntlong ya gagwe, a fitlhela ngwana a letse mo bolaong, le modemone o dule. Phodiso ya sesusu ( Math. 15:29-31 ) 31 E rile a sena go tswa gape mo dinageng tsa Tiro le Sitone, a fitlha kwa letsheng la Galelea, mo gare ga dinaga tsa Dekapoli. 32 Foo ba tsisa kwa go ene motho wa sesusu yo o gweletlhang; ba mo rapela gore a mmee seatla. 33 Ya re a sena go mo ntsha mo bontsing, a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe 34 a lelala kwa legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha!” Ke go re: “Kabologa.” 35 Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa ka bonako, le thapo ya loleme lwa gagwe ya funologa, a ba a bua sentle. 36 Jaanong a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope; mme le fa a ba laetse thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata. 37 Ba gakgamala thata ba re: “O dirile tsotlhe sentle; o utlwisa disusu, o buisa dimumu.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa