Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 6 - Setswana 1970


Jesu o nyadiwa kwa Nasaretha
( Math. 13:54-58 ; Luka 4:15-30 )

1 Jesu a tloga teng, a ya kwa motseng wa ga gabo; barutwa ba gagwe ba mo sala morago.

2 E rile ka Sabata a simolola go ruta mo senagogeng; mme ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba gakgamala ba re: “Yo, dilo tseo o di tsere kae, le botlhale jo o bo neilweng ke jo bo ntseng jang? Kana ditiro tsa thata tse a di dirang ka diatla tsa gagwe di kana kang!

3 A yo ga se ene mmetli, morwa Maria, mogoloa boJakobo le Josefa le Juta le Simone? Le bokgaitsadie a ga ba nne le rona mono?” Ba be ba kgopisega ka ga gagwe.

4 Jesu a ba raya a re: “Moporofeti ga a nke a nyatsega gope, fa e se mo lefatsheng la ga gabo le mo lapeng la ga gabo.”

5 Mme a palelwa ke go dira tiro ya kgakgamatso teng, fa e se go baya balwetse ba se kae diatla le go ba fodisa.

6 A gakgamalela go sa dumeleng ga bone. Jaanong a ralala metsana e e mo tikologong, a ntse a ruta.


Barutwa ba a rongwa
( Math. 10:5-15 ; Luka 9:1-6 )

7 Ya baa gona a ipiletsang ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng.

8 A ba laela gore ba se ka ba tseela leeto sepe, fa e se tsamma fela; e seng senkgwe, le fa e le kgwatlha, le fa e le madi mo moitlamong.

9 Ba rwale ditlhako, mme ba se ka ba apara dikobo di le pedi.

10 A ba raya a re: “Gongwe le gongwe kwa lo tsenang mo ntlong teng, lo nne gona go tsamae lo tloge teng.

11 Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholweng teng, ba sa lo utlwe, e re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lo lo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo mo go bone.”

12 Ba bolola, ba rera gore batho ba tlhabologe.

13 Ba kgarameletsa medemone e mentsi ntle, ba tshasa balwetse ba bantsi lookwane, ba ba fodisa.


Loso lwa ga Johane Mokolobetsi
( Math. 14:1-12 ; Luka 3:19 , 20 ; 9:7-9 )

14 Kgosi Herote a utlwa ka ga Jesu; gonne leina la gagwe le ne le itsege. Mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing, ke ka moo dithata di itshupang mo go ene.”

15 Ba bangwe ba re: “Ke Elia.” Ba bangwe ba re: “Ke moporofeti jaaka mongwe wa baporofeti.”

16 Mme Herote, ya re a utlwa, a re: “Ke ene Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo; o tsogile.”

17 Herote o ne a romile go tshwara Johane, a mo golega mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe; ka gonne o ne a mo nyetse.

18 Gonne Johane o ne a reile Herote a re: “Ga o a letlelelwa go nna le mosadi wa ga morwa-rraago.”

19 Mme Herodia a mo tlhoa, a batla go mmolaya, mme a palelwa;

20 gonne Herote o ne a boifa Johane, ka a itse gore ke monna yo o siameng, yo o boitshepo; a ba a mo sireletsa. E ne ya re fa a mo utlwa, a akabale thata, mme a rate go mo utlwa.

21 E rile go tla letsatsi le le lebanyeng, e leng la botsalo jwa ga Herote, le a direlang dikgosana tsa gagwe le balaodi-ba-sekete le batlotlegi ba Galelea moletlo ka lone,

22 morwadia Herodia a tsena, a bina, a kgatlha Herote le ba ba ntseng nae fa dijong. Mme kgosi ya raya morweetsana ya re: “Nkopa se o se ratang, le fa e ka nna eng, ke tla se go naya.”

23 A ba a mo ikanela a re: “Se o tla se nkopang ke tla se go naya, le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso ya me.”

24 Mosetsana a tswa, a botsa mmaagwe a re: “Nka kopang?” Ene a re: “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”

25 A tsena ka bonako, a itlhaganelela kwa kgosing, a kopa a re: “Ke rata gore o nnee tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi e sa le jaanong ka mogopo.”

26 Kgosi ya hutsafala thata, mme ka ntlha ya maikano le ka ntlha ya ba ba ntseng nayo fa dijong ya se ka ya rata go gana kopo ya gagwe.

27 Kgosi ya akofa ya roma motlhabani, ya laola gore a tsise tlhogo ya gagwe; a ya, a mo kgaola tlhogo mo ntlong ya kgolegelo,

28 a e tlisa ka mogopo, a e naya morweetsana, mme morweetsana a e naya mmaagwe.

29 Ya re barutwa ba gagwe ba utlwa, ba tla ba tsaya serepa sa gagwe, ba ya go se fitlha mo lebitleng.


Ntsifatso ya ntlha ya dinkgwe
( Math. 14:13-21 ; Luka 9:10-17 ; Joh. 6:1-13 )

30 Jaanong baapostolo ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng.

31 Mme a ba raya a re: “Tlaang lona lo le losi, a re yeng kwa felong fa go senya, lo ikhutse go le gonnye.” A re jalo ka gonne go ne go le ba bantsi ba ba tlang le ba ba tlogang, e bile ba se na sebaka, le fa e le sa go ja.

32 Ke fa ba tloga ka mokoro, ba ya kwa thoko kwa felong gongwe fa go senya.

33 Mme ba bantsi ba ba bona ba tsamaya, ba ba lemoga, ba taboga ka dinao ba tswa kwa metseng yotlhe, ba phuthegela teng, ba ba raka.

34 Ya re Jesu a fologa, a ba bona e le bontsi jo bogolo, a ba tlhomogela pelo, ka ba ntse jaaka dinku tse di se nang modisa. A ba a simolola go ba ruta dilo tse dintsi.

35 Ya re letsatsi le setse le ngotlegile, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Felo fa ke sekaka, le letsatsi le setse le ngotlegile.

36 Ba phatlalatse gore ba ye kwa merakeng le kwa metsaneng tikologong, ba ithekele se ba ka se jang.”

37 A ba araba a re: “A ba fiwe ke lona, ba je!” Ba mo raya ba re: “A ò raya gore re ye go reka dinkgwe tsa diranta di le 20, re tle go ba fa, ba je?”

38 A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Yaang lo bone!” Ya re ba sena go bona, ba mo raya ba re: “Di tlhano le ditlhapi tse pedi.”

39 Jaanong a ba laela gore ba nne botlhe mo bojannye jo botala ka masomo.

40 Ba nna fatshe e le ditlhopha tsa ba makgolo le ba masome a matlhano.

41 Foo a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala legodimong, a leboga, a nathoganya dinkgwe, a di neela barutwa gore ba di ba bee pele; le ditlhapi tse pedi a di kgaoganyetsa botlhe.

42 Mme ba ja botlhe, ba kgora,

43 ba ba ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le 12, le a ditlhapi.

44 Ba ba jeleng dinkgwe e ne e le banna ba ba dikete tse tlhano.


Jesu o tsamaya mo godimo ga letsha
( Math. 14:22-36 ; Joh. 6:15-21 )

45 Jaanong a akofa a kgola barutwa ba gagwe go palama mokoro le go mo etelela pele kwa moseja kwa Betsaita, ene a sa ntse a phatlalatsa batho.

46 Ya re a sena go kgaogana nabo, a ya kwa thabeng go rapela.

47 Ya re go le maitsiboa, mokoro wa bo o le fa gare ga letsha, ene a le esi kwa lefatsheng.

48 A ba bona ba tshwere bothata ka go tsamaisa mokoro; gonne ba ne ba tlhabaganye le phefo. A tla kwa go bone, e ka ne e le ka tebelo ya bone bosigo, a tsamaya mo godimo ga letsha; a ba a rata go ba feta.

49 Ya re ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba itlhoma e le sedimo, mme ba kua.

50 Gonne ba ne ba mmona botlhe, ba be ba tshoga. Mme a akofa a bua nabo, a ba raya a re: “Namatshegang! Ke nna: se boifeng!”

51 A ba a tsena kwa go bone mo mokorong, phefo ya ba ya khutla; mme ba tseana thata thata.

52 Gonne ba ne ba sa rutega ka dinkgwe, dipelo tsa bone di ne di thatafetse.


Jesu o fodisa balwetse kwa Genesareta

53 Ya re ba sena go tshelela kwa lefatsheng, ba fitlha kwa Genesareta, ba be ba gokelela mokoro.

54 Ya re ba fologa mo mokorong, batho ba akofa ba mo lemoga,

55 ba taboga le lefatshe leo lotlhe, ba simolola go rwalela balwetse ka malao kwa ba mo utlwelang teng.

56 Le gongwe le gongwe kwa a tsenang teng, mo metsaneng gongwe mo metseng gongwe mo merakeng, ba baya balwetse mo patlelong, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le kola ya seaparo sa gagwe fela, mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan