Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 5 - Setswana 1970


Setsenwa sa Gatara
( Math. 8:28-34 ; Luka 8:26-40 )

1 Ba fitlha kwa moseja ga letsha, mo lefatsheng la Bagatara.

2 Ya re a tswa mo mokorong, motho yo o nang le mowa o o itshekologileng a akofa a kgatlhana nae, a tswa kwa diphupung,

3 yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme go se ope yo o kgonang go mo golega, le fa e le ka keetane;

4 gonne o ne a golegwa gantsi ka mefiri ya maoto le dikeetane, mme dikeetane a di kgaole, le mefiri a e komoganye; go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa.

5 Ka metlha yotlhe, bosigo le motshegare, o ne a nna kwa diphupung le kwa dithabeng, a ntse a goa, a ititaya ka majwe.

6 Ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a mo obamela,

7 a ba a goa ka lentswe le legolo a re: “O tsile go ntheng, Jesu, Morwa Modimo o o godimodimo? A Modimo o go kgone gore o se ka wa ntlhokofatsa!”

8 Wa bua jalo, ka gonne Jesu o ne a o reile a re: “Tswaa mo mothong yo, wena mowa o o itshekologileng!”

9 Jesu a o botsa a re: “Leina la gago ke mang?” Wa mo araba wa re: “Leina la me ke ‘Mophato’; gonne re medemone e mentsi.”

10 Wa ba wa mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo.

11 Jaanong ga bo go le motlhape o mogolo wa dikolobe teng fa thabeng di fula.

12 Medemone yotlhe ya mo rapela ya re: “Re romele kwa dikolobeng gore re tsene mo go tsona.”

13 A e letlelela. Jaanong mewa e e itshekologileng ya tswa, ya tsena mo dikolobeng, mme motlhape wa kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, e ka nna di le 2 000, tsa betwa mo metsing.

14 Badisa ba tsona ba tshaba, ba bolela mo motseng le mo nageng. Batho ba tla go bona se se dirafetseng.

15 Ba tla kwa go Jesu, ba bona yo o ne a tsenywe ke medemone, a ntse fa fatshe, a apesitswe, a na le tlhaloganyo, e bong ene yo o neng a na le Mophato; mme ba boifa.

16 Ba ba bonyeng ba ba bolelela ka fa go dirafaletseng yo o neng a tsenywe ke medemone ka teng le ka ga dikolobe.

17 Ba be ba simolola go rapela Jesu gore a tloge mo dinageng tsa bone.

18 Ya re a tsena mo mokorong, yo o ne a tsenywe ke medemone a mo rapela gore a nne nae.

19 Mme Jesu a se ka a mo letlelela, mme a mo raya a re: “Yaa kwa ntlong ya gago kwa go ba ga eno, o ba bolele dilo tse dikgolo tse Morena a di go diretseng, fa a go utlwela botlhoko.”

20 Yoo a ya a simolola go tumisa mo nageng ya Metse-e-e-lesome dilo tse dikgolo, tse Jesu a di mo diretseng; mme botlhe ba gakgamala.


Morwadia Jairo. Mosadi yo o tshologang madi
( Math. 9:18-26 ; Luka 8:40-56 )

21 E rile Jesu a sena go tshelela gape kwa moseja ka mokoro, batho ba bantsi ba phuthegela kwa go ene, a le fa letsheng.

22 Jaanong ga tla mongwe wa bagolo ba senagoge yo leina la gagwe e leng Jairo. Ya re a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe,

23 a mo rapela thata a re: “Morwadiake yo monnye o gaufi le go swa; a ò ko o tle, o mmee diatla gore a fole, a phele.”

24 A tloga nae, batho ba bantsi ba mo sala morago, ba mo pitlaganya.

25 Jaanong mosadi yo o sa leng a bolawa ke madi dinyaga di le 12,

26 mme a bogile thata mo dingakeng tse dintsi, a bile a feletswe ke tsotlhe tse a neng a na natso, a sa bona thusego epe, mme bolwetse bo ntse bo atela pele;

27 ya re a utlwa ka ga Jesu, a mo tla kwa morago a le mo gare ga batho, a ama seaparo sa gagwe.

28 Gonne o ne a dumela gore fa nka ama le fa e le diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola.

29 Ke fa kelelo ya madi a gagwe e kgala ka bonako, a ikutlwa mo mmeleng, fa a fodisitswe botlhoko jwa gagwe.

30 Jesu a akofa a itemoga, fa thata e dule mo go ene; a ba a retologa mo bathong a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”

31 Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O a bona, fa bontsi bo go pitlagantse, mme ò a re: ‘Ke mang yo o nkamileng?’ ”

32 Jesu a batlisisa go bona yo o dirileng jalo.

33 Jaanong mosadi a boifa, a roroma, ka a itse se se mo dirafaletseng, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe.

34 Jesu a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go thusitse; tsamaya ka kagiso, ò folele ruri botlhoko jwa gago.”

35 Ya re a sa ntse a bua, ga tla ba bangwe ba tswa kwa ntlong ya mogolo wa senagoge ba re: “Morwadio o sule; o sa tshwenyetsang Moruti?”

36 Ya re Jesu a utlwa lefoko le le buiwang, a raya mogolo wa senagoge a re: “Se boife, dumela fela.”

37 A se ka a letlela ope go mo sala morago, fa e se Petoro le Jakobo le Johane, morwa-rraagwe Jakobo.

38 Jaanong ba fitlha kwa ntlong ya mogolo wa senagoge; a bona khuduego, le ba ba lelang, ba goa thata.

39 Ke fa a tsena, a ba raya a re: “Lo huduegelang, lo lela? Ngwana ga a a swa, o robetse.”

40 Mme ba mo tshega. Ya re a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rra-ngwana le mmaagwe, le ba ba nang nae, a ba a tsena kwa ngwana a leng teng.

41 A tshwara seatla sa ngwana, a mo raya a re: “Talita khumi!” Fa go fetolwa ke go re: “Mosetsana, ke go raya ke re: Tsoga!”

42 Mme ka bonako mosetsana a tsoga, a tsamaya. O ne a na le dinyaga di le 12. Ba akofa ba gakgamala ka kgakgamalo e e fetisang.

43 Jesu a ba laela thata gore go se ka ga itse ope; a ba a re, ngwana a fiwe dijo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan