Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 4 - Setswana 1970


Setshwantsho sa mojwadi
( Math. 13:1-23 ; Luka 8:4-15 )

1 Jaanong a boa a simolola gape go ruta fa letsheng. A phuthegelwa ke batho ba bantsi, mo o bileng a palama mokoro, a nna teng a le mo letsheng, batho botlhe ba le mo lefatsheng fa letsheng.

2 A ba ruta dilo tse dintsi ka ditshwantsho. Ya re a ruta, a ba raya a re:

3 “Reetsang! Mojwadi o ne a ya go jwala.

4 Ya re a ntse a jwala, ditlhaka dingwe tsa wela mo tseleng; dinonyane tsa tla, tsa di ja.

5 Tse dingwe tsa wela mo majweng, fa go se nang mmu o montsi teng; tsa akofa tsa tlhaba, ka di tlhoka mmu o o boteng.

6 Mme ya re letsatsi le sena go tlhaba, tsa swaba; mme ya re ka di se na medi, tsa omelela.

7 Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa, tsa se ka tsa ungwa.

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa di sena go tlhoga le go gola; tsa tsala, tse dingwe ga 30, tse dingwe ga 60, tse dingwe ga 100.”


Jesu o bolelelang ditshwantsho

9 A ba a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”

10 E rile a le esi, ba ba fa go ene, ba na le ba ba 12, ba mmotsa ka ga setshwantsho se.

11 A ba raya a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweng jwa puso ya Modimo; mme ba ba kwa ntle bone, tsotlhe di ba dirafalela ka ditshwantsho,

12 gore “ ‘go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga, le go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re gongwe ba sokologa, ba itshwarelwa dibe.’ ”


Tlhaloso ya setshwantsho sa mojwadi

13 A ba a ba raya a re: “A ga lo tlhaloganye setshwantsho se? Mme ditshwantsho tsotlhe lo tla di lemoga jang?

14 Mojwadi o jwala Lefoko.

15 Ba ba tshwanang le tsela, kwa Lefoko le jwalwang teng, ke ba: E a re ba utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose Lefoko le le jwetsweng go bone.

16 Le gona jalo ba go jwalwang mo majweng ke ba e a reng ba utlwile Lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo;

17 mme ga ba na medi mo go bone, ke ba ba se nang tlhomamo, mme e re fa go tsoga pitlagano gongwe pogiso morago ka ntlha ya Lefoko, ba akofe ba kgopisege.

18 Ba bangwe ke ba go jwalwang mo mitlweng; ke ba ba utlwileng Lefoko.

19 Mme matshwenyego a metlha eno le tsietso ya lehumo le dikeletso tsa dilo tse dingwe di tsene, di hupetse Lefoko, mme le tlhoke leungo.

20 Ba go jwetsweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang Lefoko, ba le tshole, ba ungwe, bangwe ga 30, ba bangwe ga 60, ba bangwe ga 100.”


Setshwantsho sa lobone
( Luka 8:16-18 )

21 A ba raya a re: “A lobone lo a tle lo tshujwe gore lo bewe ka fa tlase ga kgamelo, gongwe ka fa tlase ga bolao? A ga ke re, lo bewa mo setlhomong?

22 Gonne ga go na sepe se se fitlhegileng se se sa tshwanelang go bonala; le gona ga go a dirafala sepe se subegile se se sa tshwanelang go senoga.

23 Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”

24 A ba a ba raya a re: “Tlhokomelang se lo se utlwang! Selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla lekanyediwa ka sona, lo be lo okelediwa lona ba lo utlwang.

25 Gonne yo o tshotseng sengwe o tla okelediwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.”


Setshwantsho sa peo

26 A bua a re: “Puso ya Modimo e ntse jaana, jaaka fa motho a jwala peo mo tshimong.

27 Mme a robale, a tsoge, bosigo le motshegare, peo e mele, e gole, ene a sa itse gore jang.

28 Lefatshe le ikungwisa ka losi, pele go tswe mogwang, morago seako, morago mabele a a tletseng mo seakong.

29 Mme e re fa mabele a budule, a akofe a tsenye thipa, ka gonne thobo e fitlhile.”


Setshwantsho sa peo ya mmasetete
( Math. 13:31-34 ; Luka 13:18 , 19 )

30 A boa a re: “Re ka tshwantsha puso ya Modimo jang? Gongwe re ka e bapisa ka setshwantsho sefe?

31 E tshwana le tlhaka ya peo ya mmasetete, e e a reng e jwalwa mo mmung, e be e le potlana mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng.

32 Mme fa e jwetswe, e mele, e nne kgolo go feta merogo yotlhe, e ntshe dikala tse dikgolo, mo dinonyane tsa leapi di bileng di ka aga dintlhaga mo go tsona mo moriting.”

33 A ba bolelela Lefoko ka ditshwantsho tse dintsi tse di ntseng jalo ka fa ba nonofileng go utlwa ka teng.

34 A se ka a bua nabo kwa ntle ga setshwantsho, mme e ne ya re fa ba le bosi, a phuthololele barutwa ba gagwe tsotlhe.


Jesu o didimatsa letsha
( Math. 8:18 , 23-27 ; Luka 8:22-25 )

35 Ya re ka letsatsi leo, go le maitsiboa, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja.”

36 Ba phatlalatsa batho, ba tsamaya nae fela a ntse a le mo mokorong. Mme mekoro e mengwe ya mo pata.

37 Jaanong ga tsoga matsubutsubu a magolo a phefo, makhubu a metsi a tlolela mo mokorong, mokoro wa ba wa batla go tlala,

38 ene a bo a le kwa morago mo mokorong, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa, ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe, fa re nyelela?”

39 A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re: “Kgaotsa o didimale!” Phefo ya khutla, ga ba ga nna tidimalo e kgolo.

40 A ba raya a re: “Ke eng, fa lo le boi jaana? Ke go reng, fa lo se na tumelo?”

41 Bone ba boifa ka poifo e kgolo, ba raana ba re: “Kana yo ke mang, fa phefo le letsha le tsona di mo utlwa?”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan