Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 3 - Setswana 1970


Monna wa letsogo le le omeletseng
( Math. 12:9-21 ; Luka 6:6-11 ; 6:17-19 )

1 Jaanong a tsena gape mo senagogeng. Ga bo go le motho teng yo o nang le letsogo le le omeletseng.

2 Ba mo lepa gore a o tla mo fodisa ka Sabata, gore ba tle ba mmee molato.

3 Jesu a raya motho yo o nang le letsogo le le omeletseng a re: “Emela fa gare.”

4 A ba botsa a re: “A go letleletswe go dira molemo ka Sabata, gongwe go dira bosula, go pholosa motho, gongwe go mmolaya?” Mme ba didimala fela.

5 Jaanong a ba leba tikologong ka bogale, a tlhokofadiwa ke bothata jwa dipelo tsa bone, a raya motho yoo a re: “Otlolola letsogo!” A le otlolola; la ba la fola.

6 Jaanong Bafarisai ba tswela kwa ntle, ba akofa ba gakololana le ba ba gogang le Herote ka ga gagwe, gore ba tle ba mmolae.

7 Jesu a thobela kwa letsheng, a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, jo bo tswang kwa Galelea le kwa Jutea,

8 le kwa Jerusalema le kwa Idumea le kwa moseja ga Joretane le kwa tikologong ya Tiro le Sitone, mme ga tla bontsi jo bogolo kwa go ene, ka ba utlwetse dilo tsotlhe tse a di dirang.

9 Ke fa a bua le barutwa ba gagwe gore mokorwana o mo lete ka ntlha ya bontsi, gore bo se mo pitlaganye;

10 gonne o ne a fodisa ba bantsi, mo ba bileng ba mo kgotlhaganela botlhe ba ba nang le matlhoko gore ba mo ame.

11 Le mewa e e itshekologileng, e ne ya re e mmona, e wele fa fatshe fa pele ga gagwe, e goe e re: “Wena o Morwa Modimo.”

12 Mme a e laela thata gore e se ka ya mo senola.


Go bidiwa ga ba ba 12
( Math. 10:1-4 ; Luka 6:12-16 )

13 Jaanong a tlhatlogela mo thabeng, a ipiletsa ba a ratang go ba bitsa; mme ba tla go ene.

14 A tlhoma ba le 12 gore ba nne nae, le gore a tle a ba rome go rera,

15 mme ba nne le thata ya go kgarameletsa medemone kwa ntle.

16 A tlhoma ba ba 12 ke ba: Simone; ene a mo okeletsa leina la Petoro;

17 le Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane, morwa-rraagwe Jakobo; bone a ba okeletsa leina la Boaneregese, ke go re: Bomorwa tumo ya maru;

18 le Andrea le Filipo le Baretolomeo le Matheo le Thomase le Jakobo, morwa Alefeo, le Thateo le Simone wa Kana,

19 le Jutase Isekariote, e bong yo o mo tshwarisitseng.


Baitsedikwalo ba kgala Modimo
( Math. 12:24-32 ; Luka 11:15-22 ; 12:10 )

20 Jaanong a tsena mo ntlong. Mme lesomo la batho la kgobokana gape, mo ba bileng ba palelwa le ke go ja dijo.

21 E rile ba ga gabo ba utlwa, ba bolola go mo tshwara; gonne ba ne ba re: “Ga a itse se a se dirang.”

22 Baitsedikwalo ba ba tsileng, ba tswa Jerusalema, bone ba re: “O na le Beelsebule, mme o kgarameletsa medemone ntle ka molaodi wa medemone.”

23 Mme a ba ipiletsa, a bua nabo ka ditshwantsho a re: “Satane o ka kgarameletsa Satane ntle jang?

24 Fa bogosi bo ikgaogantse ditlhopha tse di lwang, bogosi joo ga bo ka ke jwa tlhomama.

25 Fa ba lapa ba ikgaogantse, lelapa ga le ka ke la tlhomama.

26 Fa Satane a itwantsha, a ikgaoganya, ga a ka ke a tlhomama mme o fedile.

27 “Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya senatla, a thopa thoto ya sona, fa a sa golege senatla seo pele; ke gona a ka thukhuthang ntlo ya sona dilo.

28 “Ammaaruri ke lo raya ke re: Bana ba batho ba ka itshwarelwa dibe tsotlhe le dikgalo tsotlhe tse ba ka kgalang ka tsona;

29 fela yo o tla kgalang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa ka bosenabokhutlo; o molato wa sebe se se sa khutleng.”

30 A re jalo ka gonne ba ne ba re, o na le mowa o o itshekologileng.


Ba ga gabo Jesu ba nnete
( Math. 12:46-50 ; Luka 8:19-21 )

31 Jaanong ga tla mmaagwe le bomonnawe; ya re ba eme kwa ntle, ba roma kwa go ene go mmitsa.

32 Mme batho ba bantsi ba bo ba dutse ba mo dikanyeditse. Ke fa ba mo raya ba re: “Bona, mmaago le bomonnao le bokgaitsadio ba kwa ntle, ba a go batla.”

33 A ba fetola a re: “Mmê ke mang, le bonnake ke bomang?”

34 A ba a leba ba ntseng fa fatshe, ba mo dikanyeditse a re: “Bonang, mmê le bonnake ke ba!

35 Gonne mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo, ke ene nnake le kgaitsadiake le mmê.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan