Mareko 16 - Setswana 1970Tsogo ya Morena ( Math. 28:1-8 ; Luka 24:1-12 ; Joh. 20:1-10 ) 1 E rile Sabata a sena go feta, Maria Magtalena le Maria, mma Jakobo, le Salome ba reka ditlolo tse di nkgang monate gore ba ye go mo tlotsa. 2 Ya re ka moso phakela, ka letsatsi la ntlha la beke, ba fitlha fa lebitleng, letsatsi le tlhaba. 3 Foo ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re pitikololelang lentswe fa mojakong wa lebitla?” 4 Mme ya re ba leba, ba bona lentswe le pitikolotswe; gonne le ne le le legolo thata. 5 Ya re ba tsena mo lebitleng, ba bona lekau le ntse ka fa ntlheng ya le le jang, le apere kobo e tshweu; ba be ba rerega. 6 La ba raya la re: “Se reregeng; lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe. O tsogile, ga a yo fa! Bonang felo fa ba ne ba mmeile teng! 7 Jaanong yaang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petoro gore o lo etelela pele go ya kwa Galelea; lo tla mmona teng, ka fa a lo boleletseng ka teng.” 8 Ke fa ba tswa mo lebitleng, ba tshaba; gonne thoromo le therego di ne di ba tshwere; mme ba se ka ba bua sepe le ope, ka gonne ba boifa. Jesu o iponatsa morago ga tsogo ( Math. 28:18-20 ; Luka 24:13-49 ; Joh. 20:11-23 ) 9 Ya re a sena go tsoga e sa le ka moso ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magtalena yo a kileng a kgarameletsa medemone e e supang ntle mo go ene. 10 Ene a ya a bolelela bone ba ba neng ba na le Jesu, ba hutsafetse, ba lela. 11 Mme bone, ya re ba utlwa gore o a phela, e bile o bonywe ke ene, ba se ka ba dumela. 12 Morago ga moo a iponatsa go ba le babedi ba bone ka popego e sele, fa ba tsamaya ba ya kwa nageng. 13 Le bone ba ya ba bolelela ba bangwe; mme le bone ba se ka ba ba dumela. Taelo ya go rerela batho botlhe Efangele ( Math. 28:16-20 ; Luka 24:36-49 ; Joh. 20:19-23 ; Dit. 1:6-8 ) 14 La bofelo a iponatsa go ba ba 11, ba ntse fa dijong, a kgalemela go sa dumeleng ga bone le bopeloethata jwa bone, ka ba se ka ba dumela ba ba mmonyeng a sena go tsosiwa. 15 A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele. 16 Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa; yo o sa dumeleng ene o tla atlholwa. 17 Ditshupo tse di tla supelang ba ba dumelang ke tse: Ba tla kgarameletsa medemone ntle ka leina la me; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa. 18 Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.” Tlhatlogo ya ga Jesu ( Luka 24:50-53 ; Dit. 1:4-11 ) 19 Jaanong e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, a nna ka fa ntlheng ya le le jang la Modimo. 20 Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa