Mareko 15 - Setswana 1970Jesu fa pele ga Pilato ( Math. 27:1 , 2 , 11-14 ; Luka 23:1-5 ; Joh. 18:28-38 ) 1 E rile ka moso phakela baperesiti ba bagolo ba na le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo le botlhe ba lekgotla ba akofa ba dumelana; mme ya re ba sena go golega Jesu, ba ya go mo neela Pilato. 2 Pilato a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” A mo araba a re: “O bolela jalo.” 3 Baperesiti ba bagolo ba mmaya melato ka dilo tse dintsi. 4 Pilato a mmotsa gape a re: “A ga o arabe sepe? Kana ba go baya melato e e kana kang!” 5 Mme Jesu a se ka a tlhola a araba sepe, Pilato a ba a tla a gakgamala. Jesu o atlholelwa loso ( Math. 27:15-26 ; Luka 23:13-25 ; Joh. 18:39 – 19:16) 6 Jaanong e ne e a tle e re ka moletlo a ba gololele mogolegwi yo ba mo kopang. 7 Ga bo go le mongwe yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le ba ba dirileng khuduo, ba e rileng mo khuduong ba bolaya motho. 8 Jaanong lesomo la tlhatlogela teng, la simolola go mo kopa gore a dire ka fa a tle a ba direle ka teng. 9 Pilato a ba fetola a re: “A lo rata ka lo gololela kgosi ya Bajuta?” 10 A re jalo, gonne o ne a itse gore baperesiti ba bagolo ba mo neetse tshekisong ka lefufa. 11 Mme baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa batho gore bogolo a ba gololele Barabase. 12 Pilato a ba fetola gape a re: “Mme jaanong ke tla dirang ka ene yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuta?” 13 Ba goa gape ba re: “Mmapolele sefapaanong!” 14 Mme Pilato a ba raya a re: “Naare o dirile bosula bofe?” Ba goa thata thata ba re: “Mmapolele sefapaanong!” 15 Ya re ka Pilato a rata go kgatlha bontsi, a ba gololela Barabase; mme ya re a sena go seola Jesu, a mo neela gore a bapolwe. Batlhabani ba sotla Jesu ( Math. 27:27-31 ; Joh. 19:2 , 3 ) 16 Ke fa batlhabani ba mo isa kwa teng ga lelapa, e bong kwa kagong ya molaodi, ba be ba phutha mophato otlhe. 17 Ba mo apesa kobo e khibidu, ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa; 18 ba simolola go mo dumedisa ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” 19 Le gona ba mmetsa mo tlhogong ka lotlhaka, ba mo kgwela mathe, ba wa ka mangole, ba mo obamela. 20 Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo e khibidu, ba boa ba mo apesa diaparo tsa gagwe. Jaanong ba mo gogela kwa ntle, gore ba mmapole. Papolo ya Morena ( Math. 27:32-56 ; Luka 23:26-49 ; Joh. 19:16-30 ) 21 Foo ba pateletsa mongwe yo o fetang a tswa kwa nageng, e bong Simone wa Kirene, rraagwe Aleksantere le Rufo, gore a mo sikarele sefapaano. 22 Ba mo isa kwa felong fa go tweng Golegotha, mo phetolong ke go re: “Felo ga logata.” 23 Ba mo naya weine e tlhakantswe le mera; mme a se ka a e nwa. 24 Jaanong ba mmapola, ba be ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di tlhamela tengwa gore mongwe le mongwe a tsee sa gagwe. 25 E ne e le nako ya borobongwe fa ba mmapola. 26 Sekwalo sa molato wa gagwe sa bo se kwadilwe fa godimo se re: “KGOSI YA BAJUTA.” 27 Ba bapola dinokwane di le pedi nae, sengwe ka fa letsogong la gagwe le le jang, se sengwe ka fa go la molema. 28 Lokwalo lwa ba lwa dirafala lo lo reng: O baletswe le baikepi. 29 Ba ba fetang ba mo kgala, ba thukhutha ditlhogo ba re: “Auwi, wena yo o senyang Tempele, o be o e age ka malatsi a le mararo, 30 ipholose, o fologe mo sefapaanong.” 31 Baperesiti ba bagolo le bone le Baitsedikwalo ba sotla fela jalo, ba raana ba re: “O ne a thusa ba bangwe, mme o palelwa ke go ithusa. 32 A Keresete, Kgosi ya Iseraele, a fologe jaanong mo sefapaanong gore re bone, re tle re dumele.” Le ba ba bapotsweng nae ba mo kgoba. Loso lwa ga Jesu ( Math. 27:45-56 ; Luka 23:44-49 ; Joh. 19:28-30 ) 33 Ya re ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama. 34 Ya re ka nako ya boraro thapama Jesu a kua ka lentswe le legolo a re: “Eloi, Eloi, lama sabagathani?” fa go fetolwa ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?” 35 Ba bangwe ba bone ba ba emeng teng, ya re ba utlwa, ba bua ba re: “Utlwang, o bitsa Elia.” 36 Mongwe a taboga, a ina ngami mo motatseng, a e tlhomela mo lotlhakeng, a mo nosa a re: “Lesang, re boneng gore a Elia o tla tla go mo pagolola.” 37 Mme Jesu a goa ka lentswe le legolo, a ntsha mowa. 38 Ke fa lesire la Tempele le gagoga, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase. 39 Mme molaodi-wa-lekgolo yo o emeng fa teng a lebaganye nae, ya re a bona gore o ntshitse mowa ka mokgwa oo, a bua a re: “Ammaaruri, motho yo e ne e le Morwa Modimo.” 40 Le gona ga bo go le basadi teng, ba lebile ba le kwa kgakala; mo go bone go le Maria Magtalena le Maria mmaagwe Jakobo yo mmotlana le Jose, le Salome, 41 ba e rileng a le kwa Galelea, ba mo sala morago, ba mo direla; le basadi ba bangwe ba bantsi ba ba ileng kwa Jerusalema le ene. Phitlho ya Morena ( Math. 27:57-61 ; Luka 23:50-56 ; Joh. 19:38-42 ) 42 E rile jaanong go setse go le maitsiboa, ka e le la iketleetso, e bong letsatsi le le latelwang ke la Sabata, 43 ga tla Josefa wa Arimathea, e le mongwe yo o tlotlegang wa lekgotla, yo le ene o ne a lebeletse puso ya Modimo; a tsena ka bopelokgale kwa go Pilato, a kopa serepa sa ga Jesu. 44 Pilato a gakgamala, fa a setse a sule. A bitsa molaodi-wa-lekgolo, a mmotsa gore a e setse e le sebaka a ntse a sule. 45 Ya re a sena go utlwa mo molaoding-wa-lekgolo, a neela Josefa serepa. 46 Yo a reka lesela, a mo pagolola, a mo phuthela ka lone, a ba a mmaya mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lefikeng; a ba a pitikela lentswe mo mojakong wa lone. 47 Maria Magtalena le Maria mma Jose ba bona fa a fitlhilweng teng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa