Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 14 - Setswana 1970


Kgakololano ya baperesiti ba bagolo
( Math. 26:1-5 ; Luka 22:1 , 2 )

1 E rile moletlo wa Paseka, wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o saletswe ke malatsi a mabedi, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mo tshwarang ka teng ka maano le go mmolaya.

2 Fela ba re: “E seng mo moletlong, e se re gongwe ga nna pheretlhego mo bathong.”


Jesu o tlodiwa kwa Bethania
( Math. 26:6-13 ; Joh. 12:1-8 )

3 E rile a le kwa Bethania mo ntlong ya ga Simone wa molepero, a ntse fa dijong, ga tla mosadi, a tshotse lebotlolonyana la alabasetere le na le setlolo sa lookwane lwa narete lo lo sa pekwang sa tlhotlhwa e e kwa godimo, a thuba lebotlolonyana, a se tshela mo tlhogong ya gagwe.

4 Mme ga bo go le bangwe teng ba ba ngongoregang, ba raana ba re: “Tshenyo e ya setlolo ke ya go reng?

5 Kana setlolo se, se ka bo se rekisitswe ka diranta di le 100, tsa newa bahumanegi.” Ba be ba mo nyatsa.

6 Mme Jesu a re: “Mo leseng! Lo mo tshwenyetsang? O dirile tiro e e molemo mo go nna.

7 Kana bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe, mme fa lo rata, lo ka ba direla molemo; mme nna ga lo na le nna ka gale.

8 O dirile ka fa a kgonang ka teng; o tloleditse mmele wa me phitlho go sa le kwa pele.

9 Ammaaruri ke lo raya ke re: Gongwe le gongwe kwa Efangele e tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, le sona se ene a se dirileng se tla bolelwa teng gore a gopolwe ka sona.”


Tuelo ya tshwariso
( Math. 26:14-16 ; Luka 22:3-6 )

10 Jaanong Jutase Isekariote, mongwe wa ba ba 12, a tloga a ya kwa baperesiting ba bagolo gore a tle a mo ba neele.

11 Ya re bone ba utlwa, ba itumela, ba mo solofetsa gore ba tla mo naya madi. Jaanong a batla sebaka se se lebanyeng sa go mo tshwarisa.


Jesu le barutwa ba ja Tlolaganyo
( Math. 26:17-25 ; Luka 22:7-23 ; Joh. 13:21-30 )

12 E rile ka letsatsi la ntlha la Dinkgwe tse di sa bedisiwang la go tlhajwa ga kwana ya Tlolaganyo, barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O rata ra ya go baakanya kae gore ò jele Tlolaganyo teng?”

13 Ke fa a roma ba le babedi ba barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Yaang mo motseng, mme motho mongwe o tla kgatlhana le lona, a rwele nkgo ya metsi; lo mo sale morago,

14 mme kwa a tla tsenang teng, lo ree mong wa ntlo lo re: ‘Moruti a re: Ntlwana ya me ya baeti e kae, kwa nka jelang Tlolaganyo teng le barutwa ba me?’

15 Ene o tla lo supetsa ntlwana e kgolwane e e fa godimo, e beilwe mesamo, e baakantswe; lo re baakanyetse teng.”

16 Barutwa ba ya, ba fitlha mo motseng, ba fitlhela go ntse fela jaaka a ba boleletse, ba be ba baakanyetsa Tlolaganyo.

17 Ya re go le maitsiboa, a tla le ba ba 12.

18 Ya re ba ntse fa dijong ba ja, Jesu a bua a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntshwarisa, e bong yo o jang le nna.”

19 Ba simolola go hutsafala, ba mmotsa ka tatelano ba re: “A ke nna?”

20 A ba araba a re: “Ke mongwe wa ba ba 12 yo o inang thathana le nna mo mogopong.

21 Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela ka fa go kwadilweng ka ga gagwe ka teng; mme go latlhega motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”


Tlhomamiso ya Selalelo se se Boitshepo
( Math. 26:26-30 ; Luka 22:14-20 ; 1 Bakor. 11:23-25 )

22 Jaanong ya re ba ja, a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba naya a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me.”

23 A ba a tsaya senwelo, a leboga, a se ba neela, mme ba nwa botlhe ka sona.

24 A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi.

25 Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga nke ke tlhola ke nwa ga leungo la moweine, go ya go fitlha mo letsatsing leo, le ke tla le nwang le le lešwa ka lone mo pusong ya Modimo.”

26 Ya re ba sena go opela difela tsa Tlolaganyo, ba tswela kwa Thabeng ya Diolefa.


Petoro o a bolelelwa
( Math. 26:30-35 ; Luka 22:31-34 ; Joh. 13:36-38 )

27 Jaanong Jesu a ba raya a re: “Lo tla kgotšwa lotlhe; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla faladiwa.’

28 Mme e tla re ke sena go tsosiwa, ke lo etelele pele go ya kwa Galelea.”

29 Petoro a mo raya a re: “Le fa botlhe ba ka kgotšwa, nna ga nka ke.”

30 Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno mo bosigong jono, wena o tla intatola gararo, mokoko o ise o lele gabedi.”

31 Mme ene a gatelela thata a re: “Le fa ke tshwanetse go swa nao, ga nkitla ke go itatola ka gope.” Mme botlhe ba bua fela jalo le bone.


Jesu kwa Getsemane
( Math. 26:36-46 ; Luka 22:40-46 )

32 Jaanong ba fitlha felong fa go bidiwang Getsemane; mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Salang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.”

33 A ba a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, a ya nabo; a simolola go rerega le go tlalelwa.

34 A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata mo go isang losong; salang fa, lo se robale.”

35 Jaanong a ya fa pelenyana, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ka kgonega, nako e, e mo fete.

36 A ba a re: “Abba, Rra, dilo tsotlhe o a di kgona; tlosa senwelo se fa go nna. Fela go se nne ka fa go rateng ga me, go nne ka fa go rateng ga gago.”

37 Jaanong a tla, a fitlhela ba robetse; a raya Petoro a re: “Simone, a o robetse? A o ne o sa kgone go itisa ka nako e le nngwe fela?

38 Tlhokomelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.”

39 A boa a ya gape, a rapela, a bua ona mafoko ao.

40 A ba a tla gape, a ba fitlhela ba robetse, gonne matlho a bone a ne a bokaletse, ba sa itse se ba ka se mo arabang.

41 A tla lwa boraro, a ba raya a re: “A lo sa ntse lo robetse le go ikhutsa? Go lekanye, nako e fitlhile; bonang, Morwa-Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi.

42 Tsogang, re tsamaeng! Bonang, yo o ntshwarisang o atametse.”


Jesu o a tshwarwa
( Math. 26:47-56 ; Luka 22:47-53 ; Joh. 18:2-18 )

43 Ya re ka bonako, a sa ntse a bua, ga tla Jutase, mongwe wa ba ba 12, a na le ba bantsi, ba tshotse ditšhaka le melamu, ba romilwe ke baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe.

44 Jaanong motshwarisi o ne a ba neile sekao a re: “Yo ke tla mo atlang ke ene; lo mo tshware, lo tsamae ka ene, a a se tšhomoge.”

45 Ya re a fitlha, a akofa a tla kwa go ene a re: “Rabbi! ” a ba a mo atla.

46 Ke fa ba mo tsenya diatla, ba mo tshwara.

47 Mme mongwe wa ba ba emeng teng a somola tšhaka, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.

48 Jesu a ba raya a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu go ntshwara, jaaka e kete ke senokwane?

49 Ke ne ke na le lona ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara; mme go direga gore Dikwalo di dirafale.”

50 Foo barutwa ba mo tlogela botlhe, ba tshaba.

51 Lekau lengwe la mo latela, le apere lesela fela, mme ba le tshwara.

52 La ba la tlogela lesela, la tshaba le sa apara.


Jesu mo kgotleng
( Math. 26:57-68 ; Luka 22:54 , 55 , 63-71 ; Joh. 18:19-24 )

53 Jaanong ba gogela Jesu kwa moperesiting yo mogolo; baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo ba phuthegela fa go ene.

54 Petoro a latela Jesu a le kgakala nae, a tsena mo teng ga lelapa la moperesiti yo mogolo; a feta a nna le batlhanka, a ikomosa fa molelong.

55 Mme baperesiti ba bagolo le botlhe ba lekgotla ba batla tshupo ka ga Jesu gore ba tle ba mmolae; mme ba se ka ba e bona.

56 Gonne ba bantsi ba ne ba supa maaka ka ga gagwe, fela ditshupo tsa bone tsa bo di fapaana.

57 Ke fa go ema bangwe, ba supa maaka ka ga gagwe ba re:

58 “Re mo utlwile a re: ‘Ke tla senya Tempele e, e e dirilweng ka diatla, ke aga e sele malatsing a le mararo e e sa dirweng ka diatla.’ ”

59 Mme le ka mokgwa oo ditshupo tsa bone tsa se ka tsa utlwana.

60 Foo moperesiti yo mogolo a ema fa gare, a botsa Jesu a re: “A ga o arabe sepe? Ke eng se bao ba se supang ka ga gago?”

61 Mme a didimala, a se ka a araba sepe. Gape moperesiti yo mogolo a mmotsa a re: “A o Keresete, Morwaa-ona o o bakwang?”

62 Jesu a re: “Ke nna; mme lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la thata ya Modimo, a tla ka maru a legodimo.”

63 Foo moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “Re sa batlelang basupi?

64 Lo utlwile kgalo e; lo gopolang?” Mme botlhe ba mo atlhola ba re, o tshwanetswe ke loso.

65 Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe le go mo fapa sefatlhego le go mo kata ka matswele le go mo raya ba re: “Re bolelele!” Le batlhanka ba mo faphola marama.


Petoro o itatola Morena
( Math. 26:69-75 ; Luka 22:54-62 ; Joh. 18:17 , 25-27 )

66 Ya re Petoro a le kwa tlase mo lapeng, ga tla lengwe la malata a moperesiti yo mogolo;

67 ya re le bona Petoro a ikomosa, la mo leba la re: “Le wena o ne o na le Jesu wa Nasaretha.”

68 Mme a latola a re: “Ga ke itse se o se buang, le fa e le go se tlhaloganya.” A ba a tswela kwa lapeng la ka fa ntle; mme mokoko wa lela.

69 Ya re letata le mmona gape, la simolola go raya ba ba emeng teng la re: “Yo ke mongwe wa bone.”

70 A boa a latola. Gape ya re morago ga sebakanyana ba ba emeng teng ba raya Petoro ba re: “Ammaaruri o mongwe wa bone; gonne le wena o Mogalelea.”

71 Jaanong a simolola go rogaka, a ba a ikana a re: “Ga ke itse motho yo lo buang ka ga gagwe.”

72 Mme mokoko wa akofa wa lela lwa bobedi. Ke fa Petoro a gakologelwa lefoko la ga Jesu, le a le mo reileng a re: “E tla re mokoko o ise o lele gabedi, o bo o intatotse gararo.” Ya re a akanya jalo, a lela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan