Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 13 - Setswana 1970


Tempele e tla senngwa
( Math. 24:1-14 ; Luka 21:5-19 )

1 E rile a tswa mo Tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Moruti, bona majwe a, le dikago tse, di dintle jang ne!”

2 Jesu a mo raya a re: “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go nke go lesiwa lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le digwa.”


Ditlalelo tsa metlha ya bofelo

3 Ya re a ntse mo Thabeng ya Diolefa, go lebagana le Tempele, Petoro le Jakobo le Johane le Andrea ba mmotsa kwa thoko ba re:

4 “Re bolelele gore dilo tse, di tla nna leng? Gape sesupo sa nako e dilo tsotlhe tse, di tla dirafalang ka botlalo ka yona ke sefe?”

5 Mme Jesu a simolola go bua nabo a re: “Lo itise gore lo se ka lwa timediwa ke ope.

6 Ba bantsi ba tla tla ka leina la me, mongwe le mongwe a ipitsa a re: ‘Ke nna ene Keresete;’ mme ba tla timetsa ba bantsi.

7 Mme e re lo utlwela dintwa le medumo ya dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tse, di tshwanetse go dirafala; mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.

8 Gonne setšhaba se tla tsogela setšhaba, le bogosi bo tla tsogela bogosi; go tla nna dithoromo tsa lefatshe kwa le kwa le ditlala le dikhuduego; dilo tse ke tshimologo fela ya maralalo.

9 “Mme lona lo itise; gonne ba tla lo tsenya mo makgotleng; lo tla bediwa mo disenagogeng, lo tla emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me go nna tshupo mo go bone.

10 Mme Efangele e tshwanetse go rerelwa merafe yotlhe pele.

11 E re fa ba lo isa go lo tsenya mo lekgotleng, lo se ka lwa itshwenya go sa le kwa pele ka ga se lo tla se buang; se lo tla se newang ka nako eo, lo se bue. Gonne e tla bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa o o Boitshepo.

12 Motho o tla neela morwa-rraagwe mo losong, le rra-ngwana o tla neela ngwana wa gagwe, le bana ba tla tsogela batsadi ba bone, ba ba neela polaong.

13 Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang go ya bofelong, ke ene yo o tla pholosiwang.


Dipitlagano tse dikgolo
( Math. 24:15-28 ; Luka 17:21-31 ; 21:20-24 )

14 “E re fa lo bona makgapha a tshenyego, e bong mongwe yo o emeng fa a sa tshwanelang go ema teng” – a yo o buisang a ele tlhoko – “foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng.

15 Le yo o mo godimo ga ntlo a a se fologe, le fa e le go tsena mo teng go tsaya sengwe mo ntlong ya gagwe.

16 Le yo o kwa tshimong a a se boele kwa morago go tsaya kobo ya gagwe.

17 “A tatlhego wee ya ba baimana le ba ba amusang ka malatsi ao!

18 Mme lo rapele gore dilo tse, di se dirafale go le mariga.

19 Gonne malatsi ao e tla nna a pitlagano, jaaka go ise go ke go nne go tloga ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng go tla nakong eno; le gona ga go nke go tlhola go nna jalo ka motlha ope.

20 Mme fa Morena a ka bo a sa khutshwafatse malatsi ao, go ka bo go sa pholosiwe motho ope; mme o khutshwafaditse malatsi ka ntlha ya baitlhaolelwi ba o ba itlhaoletseng.

21 “Metlheng eo e re fa mongwe a lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo; bonang, ke yole!’ lo se ka lwa dumela.

22 Gonne go tla tsoga bokeresete ba maaka le baporofeti ba maaka; ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse batlhaolwi.

23 Mme lona lo itise! Ke lo boleletse tsotlhe go sa le gale.


Go tla gape ga Morwa-Motho
( Math. 24:29-41 ; Luka 21:25-33 )

24 “Mo malatsing ao, morago ga pitlagano eo, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga o nke o ntsha lesedi la ona.

25 Le dinaledi di tla wa kwa legodimong, le dithata tse di mo magodimong di tla reketlisiwa.

26 Ke gona ba tla bonang Morwa-Motho a tla mo marung ka thata e kgolo le ka kgalalelo.

27 Foo o tla roma baengele ba gagwe, a phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sa lefatshe go ya sekhutlong sa legodimo.


Ka ga se mofeie o se rutang

28 “Ithuteng setshwantsho ka mofeie: E a re fa dikala tsa ona di setse di le dinana, di kukunya matlhare, lo a bo lo itse gore selemo se gaufi.

29 Le gona jalo e re fa lo bona tseo di dirafala, itseng gore o gaufi fa mejako.

30 Ammaaruri ke lo raya ke re: Mofuta o ga o nke o fela, go tsamae dilo tsotlhe tse, di dirafale.

31 Legodimo le lefatshe di tla fela, mme mafoko a me ga a nke a fela.

32 Ka ga letsatsi la teng le nako ya teng ga go itse ope, le e seng baengele legodimong, le e seng Morwa, fa e se Rara fela.


Ka ga go itisa
( Math. 24:42-44 ; Luka 12:37-40 ; 21:34-36 )

33 “Itiseng lo se itebale, lo rapele; gonne ga lo itse gore go tla dirafala leng.

34 Go tshwana le motho yo o ileng leetong, a tlogela ntlo ya gagwe, a neela batlhanka ba gagwe go laola, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a laela molebeledi wa kgoro gore a dise.

35 Ka moo disang; gonne ga lo itse gore morena wa ntlo o tla tla leng, a maitsiboa gongwe bosigogare, gongwe fa mokoko o lela, gongwe ka masa,

36 e se re gongwe a tla ka tshoganyetso, a fitlhela lo robetse.

37 Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, ka re: Disang!”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan