Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mareko 12 - Setswana 1970


Papiso ya balemi ba ba bosula
( Math. 21:33-46 ; Luka 20:9-19 )

1 Ke fa a simolola go bua nabo ka dipapiso a re: “Motho o ne a dira tshimo ya moweine, a e agelela ka logora, a epa setlhotlhelo sa weine, a aga serala, a e neela barapi, a eta.

2 Ka nako ya teng a roma motlhanka kwa baraping gore a amogele kabelo ya gagwe ya maungo a tshimo ya moweine mo go bona.

3 Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mo koba a se na sepe.

4 A boa a roma motlhanka yo mongwe kwa go bona; le ene ba mo ntsha dintho mo tlhogong, ba mo dira tse di tlhabisang ditlhong.

5 Jaanong a roma yo mongwe, mme ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; ba bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya.

6 O ne a sa na le a le mongwe, morwawe yo o rategang, a mo roma kwa go bona e le wa bofelo, a re: ‘Ka e le morwaake, ba tla mo tlotla.’

7 Mme balemi bao ba rayana ba re: ‘Yo ke moja-boswa; tlayang, re mmolaeng, boswa e tle e nne jwa rona.’

8 Ba be ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya moweine.

9 “Jaanong, morena wa tshimo o tla dirang? O tla tla, a bolaya balemi, tshimo ya moweine o tla e neela ba sele.

10 A ga lo a buisa Lokwalo lo lo reng: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo;

11 seo se dirilwe ke Morena, se bile se gakgamatsa mo matlhong a rona’?”

12 Foo ba batla go mo tshwara; gonne ba ne ba lemoga, fa a buile setshwantsho se ka ga bona; mme ba boifa batho, ba be ba mo tlogela, ba tsamaya.


Potso ka ga lekgetho la Kaisara
( Math. 22:15-22 ; Luka 20:20-26 )

13 Jaanong ba roma bangwe ba Bafarisai le ba ga Herote kwa go ene gore ba mo tshware ka lefoko.

14 Ya re ba tla, ba mo raya ba re: “Moruti, re itse gore o boammaaruri, mme ga o re ope sepe; gonne ga o gobelele motho, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. A go letleletswe go kgethela Kaisara gongwe nnyaya? A ke re ntshe lekgetho gongwe re se ka ra le ntsha?”

15 Mme ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Ntsisetsang ledi la lekgetho gore ke le bone!”

16 Ba le tsisa. A ba botsa a re: “Setshwantsho se le sekwalo se ke tsa ga mang?” Ba mo araba ba re: “Tsa Kaisara.”

17 Mme Jesu a ba raya a re: “Ka moo, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela thata.


Potso ya Basadukai ka ga tsogo ya baswi
( Math. 22:23-33 ; Luka 20:27-38 )

18 Jaanong Basadukai ba ba reng, ga go na tsogo ya baswi, ba tla kwa go ene, ba mmotsa ba re:

19 “Moruti, Moše o re kwaletse a re: ‘Fa morwa-rra-motho a swa, a tlogela mosadi, mme a se na ngwana, a morwa-rraagwe a tsee mosadi yoo, a tsosetse morwa-rraagwe losika.’

20 Go ne go le bomorwa motho ba ba supang; wa ntlha a tsaya mosadi; mme a swa, a sa tlogele losika.

21 Wa bobedi a mo tsaya, le ene a swa a sa tlogele losika; le wa boraro fela jalo.

22 Ka bosupa jwa bone ba mo tsaya, mme go se yo o tlogetseng losika. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa.

23 Jaanong mo tsogong, fa ba tsoga, mosadi e tla nna wa ga mang mo go bone? Kana ba ne ba mo tsere ka bosupa jwa bone.”

24 Jesu a ba araba a re: “A ga ke re, lo a timela, ka lo sa itse Dikwalo le fa e le thata ya Modimo?

25 Kana e tla re ba tsoga mo baswing, ba se ke ba nyale le e seng go nyalwa, mme ba tla nna jaaka baengele mo magodimong.

26 Mme fa e le baswi gore ba tla tsosiwa, a ga lo a buisa mo Lokwalong lwa ga Moše ka fa Modimo o buileng nae ka teng fa setlhareng sa mitlwa wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe’?

27 Modimo ga se wa baswi, ke wa baphedi; lo timetse thata.”


Taolo e kgolo
( Math. 22:34-40 ; Luka 20:39 , 40 )

28 Foo mongwe wa Baitsedikwalo a tla, a ba utlwa ba botsanya, mme ka a lemoga gore o ba arabile sentle, a mmotsa a re: “Taolo e kgolo mo go tsotlhe ke efe?”

29 Jesu a mo araba a re: “E kgolo ke e: ‘Utlwa, wena Iseraele! Morena, Modimo wa rona, ke Morena a le esi fela;

30 o rate Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka tlhaloganyo yotlhe le ka thata yotlhe ya gago. Ke yona taolo ya ntlha.’

31 Ya bobedi ke e: ‘Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.’ Ga go na taolo epe e sele e e fetang tse.”

32 Moitsedikwalo a mo raya a re: “Ruri, Moruti, o buile sentle; gonne Modimo o mongwe fela, mme ga go ope o sele, fa e se ona.

33 Le go o rata ka pelo yotlhe le ka tlhaloganyo yotlhe le ka thata yotlhe, le motho go rata mongwe-ka-ene jaaka a ithata, ke mo go gaisang ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tsotlhe.”

34 Ya re Jesu a bona, fa a arabile ka tlhaloganyo, a mo raya a re: “Ga o kgakala le puso ya Modimo.” Mme ga bo go sa tlhole go le ope yo o betang pelo go mmotsa.


Keresete ke morwa Dafita le morena wa gagwe
( Math. 22:41-46 ; Luka 20:41-44 )

35 Ya re Jesu a ruta mo Tempeleng, a botsa a re: “Ke eng fa Baitsedikwalo ba bua ba re: ‘Keresete ke morwa Dafita’?

36 Kana Dafita o buile ka esi ka Mowa o o Boitshepo a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang, go tle go tsamae ke bee baba ba gago fa tlase ga dinao tsa gago.’

37 “Dafita ka esi o mmitsa ‘Morena’; o ka nna morwawe jang?” Mme batho ba bantsi ba mo utlwa ka boitumelo.


Tlhagiso ka ga Baitsedikwalo
( Math. 23 ; Luka 20:45-47 )

38 Mo thutong ya gagwe a bua a re: “Lo itise mo go Baitsedikwalo ba ba ratang go tsamaya ka dikobo tse di kgokgothang, le ditumediso mo dipatlelong,

39 le ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng, le manno a a kwa pele mo meletlong;

40 ba metsa matlo a batlholagadi, ba itimokanya ka go rapela go le goleele. Bone ba tla bona katlholo e kgolo bogolo.”


Neo ya motlholagadi wa mohumanegi
( Luka 21:1-4 )

41 Ya re Jesu a ntse go lebagana le letlole la dikabelo, a bona ka fa batho ba tsenyang madi mo letloleng ka teng; bahumi ba bantsi ba tsenya a magolo.

42 Mme ga tla motlholagadi mongwe yo o humanegileng, a tsenya madinyana a le mabedi a a dirang sente.

43 Jaanong a ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Motlholagadi yo, yo o humanegileng, o tsentse go feta botlhe ba ba tsentseng mo letloleng la dikabelo.

44 Gonne bone botlhe ba tsentse tsa letlotlo la bone mme ene o tsentse tsa lehuma la gagwe tsotlhe tse a nang natso, tsotlhe tse a phelang ka tsona.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan