Mareko 11 - Setswana 1970Jesu o tsena mo Jerusalema ( Math. 21:1-11 ; Luka 19:28-38 ; Joh. 12:12-19 ) 1 E rile ba atamela Jerusalema, kwa Bethefage le Bethania, fa Thabeng ya Diolefa, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi, 2 a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; e tla re lo tsena mo go ona, lo akofe lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke motho ope; e gololeng, lo e tsise. 3 Fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Lo direlang jalo?’ lo re: ‘Morena o a e batla, mme o tla akofa a e busetsa kwano.’ ” 4 Ba tsamaya, ba fitlhela eselana e golegilwe fa mojako ka fa ntle mo mmileng, ba be ba e golola. 5 Bangwe ba ba emeng teng ba ba raya ba re: “Lo dirang, fa lo golola eselana?” 6 Barutwa ba ba araba jaaka Jesu a ba laetse, mme ba ba lesa. 7 Ba isa eselana kwa go Jesu, ba baya dikobo tsa bone mo go yona; mme a e palama. 8 Jaanong batho ba bantsi ba ala dikobo tsa bone mo tseleng; ba bangwe ba rema dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng. 9 Mme ba ba eteletseng pele le ba ba setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana! A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena! 10 A go bakwe puso ya ga Rraetsho Dafita e e tlang; Hosana kwa magodimodimong!” 11 Mme Jesu a tsena mo Jerusalema, a ya kwa Tempeleng. Ya re a sena go sekaseka tsotlhe, a tswela kwa Bethania, ka e ne e setse e le nako ya maitsiboa, a na le ba ba 12. Mofeie o o omeletseng. Phepafatso ya Tempele ( Math. 21:21-27 ; Luka 19:45-48 ; Joh. 2:14-17 ) 12 Ya re kamoso ba tswa mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. 13 Mme a bonela mofeie kgakajana kwa pele o na le matlhare, a fitlha teng a re, e tla re gongwe a fitlhele sengwe mo go ona; ya re a fitlha fa go ona, a se ka a bona sepe, fa e se matlhare fela; gonne e ne e se sebaka sa difeie. 14 Mme Jesu a tswa molomo, a o raya a re: “A go se nne ope yo o tlholang a ja leungo mo go wena le ka bosakhutleng.” Barutwa ba gagwe ba utlwa. 15 Jaanong ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo Tempeleng, a simolola go lelekela ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng kwa ntle, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi; 16 mme a se ka a letlelela ope go ralala Tempele a tshotse sepe. 17 A ba a ba ruta a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile legaga la dinokwane.” 18 Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba utlwa, ba be ba batla ka fa ba ka mo nyeletsang ka teng; gonne ba ne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe. 19 E ne e a tle e re go le maitsiboa a tswele kwa ntle ga motse. Thuto ya mofeie 20 Jaanong ya re ka moso phakela ba feta, ba bona mofeie o omeletse go tloga kwa meding. 21 Foo Petoro a gakologelwa, a mo raya a re: “Rabbi, bona mofeie o ò o hutsitseng o omeletse.” 22 Jesu a ba araba a re: “Nnang le tumelo mo Modimong. 23 Ammaaruri ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o rayang thaba e a re: ‘Manologa o itatlhele mo lewatleng!’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se tla dirafala, o tla direlwa jalo. 24 Ke ka moo ke lo rayang ke re: Tsotlhe tse lo di kopang, lo rapela, le fa e ka nna eng, lo dumele gore lo di amogetse, mme lo tla di bona. 25 E ne e re fa lo rapela lo eme, lo itshwarela yo lo gopolang molato wa gagwe, gore Rraeno yo o kwa magodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. 26 Mme fa lona lo sa itshwarele, le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a nke a lo itshwarela ditlolo tsa lona.” Ka ga kolobetso ya ga Johane ( Math. 21:23-27 ; Luka 20:1-8 ) 27 Jaanong ba fitlha gape kwa Jerusalema; ya re a tsamaya mo Tempeleng, ga tla baperesiti ba bagolo go ene, le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe, 28 ba mmotsa ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Gongwe ke mang yo o go neileng thata ya go dira dilo tse?” 29 Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; lo nkarabe, mme ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona: 30 Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, gongwe mo bathong? Nkarabang!” 31 Ba akanya mo go bone ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Mme ke ka ntlhaang, fa lo ne lo sa mo dumele?’ 32 Mme fa re ka re: ‘Mo bathong.’ ” Foo ba be ba boifa batho; gonne botlhe ba ne ba kaya Johane moporofeti tota. 33 Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Foo le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tse ka thata efe.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa