Mareko 1 - Setswana 1970Johane Mokolobetsi ( Math. 3:1-12 ; Luka 3:1-18 ; Joh. 1:19-30 ) 1 Efangele ya ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, e simologile 2 fela jaaka go kwadilwe mo go Jesaya moporofeti ga twe: “Bonang, ke roma morongwi wa me go go etelela pele yo o tla go baakanyetsang tsela. 3 Lentswe la yo o tlhabang mokgosi mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe!’ ” 4 Johane o ne a tla jalo, a kolobetsa kwa sekakeng, a rera kolobetso ya tlhabologo go isa boitshwarelong jwa dibe. 5 Botlhe ba naga ya Jutea le botlhe ba Jerusalema ba tswela kwa go ene, ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipobola dibe tsa bone. 6 Johane o ne a apere kobo ya boboa jwa kammele, le moitlamo wa letlalo mo lethekeng la gagwe, a ja tsie le dinotshe tsa naga. 7 A rera a re: “Morago ga me go tla yo o nang le thata bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go inama, ka funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe. 8 Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.” Kolobetso ya ga Jesu le go raelwa ga gagwe (Math. 3:13 – 4:11; Luka 3:21 , 22 ; 4:1-13 ; Joh. 1:31-34 ) 9 Mo malatsing ao Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galelea, a kolobediwa ke Johane mo Joretane. 10 Ya re a tswa mo metsing, a akofa a bona magodimo a bulega, le Mowa o tswa teng, o fologela mo go ene jaaka lephoi. 11 Lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake yo o rategang yo ke go itumelelang.” 12 Jaanong Mowa wa akofa wa mo kgweeletsa kwa sekakeng. 13 A nna kwa sekakeng malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Satane, a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla. Go bidiwa ga barutwa ba ntlha ( Math. 4:12-22 ; Luka 4:14-15 ; 5:1-11 ; Joh. 1:35-51 ) 14 E rile Johane a sena go golegwa, Jesu a ya kwa Galelea, a rera Efangele ya Modimo. 15 A re: “Sebaka se weditswe, puso ya Modimo e atametse. Tlhabologang lo dumele Efangele!” 16 Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona Simone le Andrea morwa-rraagwe Simone, ba latlhela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi. 17 Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo ntshaleng morago! Ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.” 18 Ba akofa ba tlogela matloa a bone, ba mo sala morago. 19 Ya re a ya fa pelenyana, a bona Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe, ba le bone ba ne ba le mo mokorong, ba roka matloa. 20 A akofa a ba bitsa; ba tlogela Sebeteo rraabo mo mokorong, a na le barapiwa, ba mo sala morago. Phodiso ya yo o tsenyweng ke mowa o o bosula mo Kaperenaume ( Math. 4:13 ; Luka 4:31-37 ) 21 Jaanong ba tsena mo Kaperenaume. Ya re ka Sabata a akofa a tsena mo senagogeng, a ruta. 22 Mme batho ba gakgamalela thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo. 23 Ka motlha oo ga bo go le motho yo o nang le mowa o o itshekologileng mo senagogeng sa bone, a goa a re: 24 “O na le eng le rona, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re isa tatlhegong? Ke itse gore o mang; o Moitshepi wa Modimo.” 25 Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!” 26 Ya re mowa o o itshekologileng o mo rutlarutla, wa goa ka lentswe le legolo, wa tswa mo go ene. 27 Botlhe ba gakgamala, mo ba bileng ba botsanya ba re: “Ke eng se? Ke thuto e ntšhwa e e nang le thata. Le mewa e e itshekologileng o a e laola, mme e a mo utlwa.” 28 Mme tumo ya gagwe ya akofa ya tswela ntlheng tsotlhe mo tikologong yotlhe ya Galelea. Jesu o fodisa balwetse ( Math. 8:14-17 ; 4:23 ; Luka 4:38-44 ) 29 E rile ba sena go tswa mo senagogeng, ba akofa ba tsena mo ntlong ya ga Simone le Andrea, ba na le Jakobo le Johane. 30 Mogwagwadia Simone a bo a letse fa fatshe, a tuka bolelo, mme ba akofa ba mo mmolelela. 31 Jesu a mo atamela, a mo tshwara seatleng, a mo kakatlolola; mogote wa mo tlogela, a ba a ba direla. 32 Ya re go le maitsiboa, letsatsi le phirima, ba isa go ene botlhe ba ba lwalang le ba ba tsenyweng ke medemone. 33 Motse otlhe wa bo o phuthegetse fa mojako. 34 A fodisa ba bantsi ba ba lwalang malwetse a mefutafuta, a kgarameletsa medemone e mentsi ntle; mme a se ka a letlelela medemone go bua; gonne e ne e mo itse. 35 Ya re ka moso, go sa le bosigo, a tsoga, a tswela kwa ntle, a ya kwa felong fa go senya, a rapela teng. 36 Simone le ba ba nang nae ba mo latela. 37 Ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Botlhe ba a go batla.” 38 A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metsaneng e e gaufi, gore le gona koo ke rere Efangele; gonne ke sona se ke se tletseng.” 39 A ya a rera mo disenagogeng tsa bone kwa Galelea yotlhe, a kgarameletsa medemone kwa ntle. Phodiso ya molwetse wa lepero ( Math. 8:2-4 ; Luka 5:12-16 ) 40 Jaanong ga tla molwetse wa lepero kwa go ene, a mo rapela, a mo khubamela, a mo raya a re: “Fa o rata, o ka mphepafatsa.” 41 Jesu a tlhomoga pelo, a ntsha letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafala!” 42 Lepero la akofa la mo tlogela, a fola. 43 Mme Jesu a mo laela thata, a akofa a mo rebola, 44 a mo raya a re: “Itise gore o se ka wa bolelela ope sepe! Mme tsamaya o ipontshe moperesiti, o be o ntshetse phepafalo ya gago tse Moše o di laotseng, go nna tshupo mo go bone.” 45 Mme ene ya re a tswa, a simolola go bolela tse dintsi le go utlwatsa tiro eo, mo Jesu a neng a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a senya. Mme batho ba tla go ene, ba tswa ntlheng tsotlhe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa